Francisca Chipare
Francisca Chipare (yo o tshotsweng ka Phalane ka 1998) ke motshameki wa kirikete wa kwa Zimbabwe yo o tshamekang mo setlhopheng sa bosetshaba sa kirikete sa basadi sa kwa Zimbabwe.[1] Ka Tlhakole wa 2021, Chipare o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Women's Twenty20 International (WT20I) sa Zimbabwe go tshameka le Pakistan.[2] Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya leroborobo la COVID-19, loeto lo ne lwa emisiwa morago ga motshameko o le mongwe fela,[3] mme Chipare a latlhegelwa ke tshono ya gagwe ya go tshameka.[4]
Ka kgwedi ya Phalane ka 2021, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Zimbabwe sa Women's One Day International (WODI) go tshameka metseletsele ya metshameko ya bone kgatlhanong le Ireland.[5] Mo kgweding e e latelang, o ne a bidiwa gape mo setlhopheng sa WODI sa Zimbabwe, mo lekgetlhong leo e le metseletsele ya metshameko ya bone kgatlhanong le Bangladesh.[6] O ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha wa WODI ka Ngwanatsele a le lesome ka 2021, fa Zimbabwe e tshameka kgatlhanong le Bangladesh.[7] Moragonyana mo go yone kgwedi eo, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Zimbabwe sa kgaisano ya 2021 Women's Cricket World Cup Qualifier kwa Zimbabwe.[8]
Ka Moranang wa 2022, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Zimbabwe sa WT20I sa 2022 Capricorn Women's Tri-Series.[9] O ne a tshameka WT20I ya gagwe ya ntlha ka Moranang a le masome mabedi le motso ka 2022, Zimbabwe e tshameka kgatlhanong le Uganda.[10]
O simolotse go tshameka kirikete a le dingwaga di le lesome le bongwe. O ne a katisiwa ke Nonhlahla Nyathi.[11] Ga jaana o dira dithuto tsa gagwe tsa Bachelor of Science mo go tsa diphologolo tsa naga, tikologo le tshomarelo[12].
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Francisca Chipare". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Zimbabwe announce 15-member squad for Pakistan series". Women's CricZone. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Pakistan women tour of Zimbabwe ends abruptly because of flight restrictions". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Debuts that never were". Sunday Mail. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ @zimbabwe_women (4 October 2021). "Zimbabwe team to play Ireland in the ODI series" (Tweet) – via Twitter.
- ↑ "Zimbabwe Women boosted by Mayers return, Chatonzwa fitness". Zimbabwe Cricket. Retrieved 10 November 2021. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "1st ODI, Bulawayo, Nov 10 2021, Bangladesh Women in Zimbabwe ODI series". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Squads confirmed for ICC Women's Cricket World Cup Qualifier 2021". International Cricket Council. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ @zimbabwewomen (20 April 2022). "Zimbabwe squad for the Capricorn Women's Tri series in Namibia" (Tweet) – via Twitter.
- ↑ "3rd Match, Windhoek, April 21, 2022, Capricorn Women's Tri-Series". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ "Francisca Chipare, Background, Career - Pindula, Local Knowledge". Pindula. Retrieved 15 February 2025.
- ↑ tpchimbadzwa (29 April 2022). "Women in Conservation : Career path dilemma". WCA. Retrieved 15 february 2025.