Jump to content

Frank Opperman

Go tswa ko Wikipedia

Frank Opperman (o tshotswe ka di 8 Seetebosigo 1960) ke modiragatsi le seopedi sa Aforika Borwa.

O tsholetswe kwa Johannesburg, Opperman o tsene dikolo di le mmalwa go ralala Aforika Borwa kwa Worcester, Benoni, Hermanus le Middelburg. O ne a dira materiki kwa sekolong sa Silverton High School kwa Pretoria ka 1978. Opperman o ne a simolola go ithuta molao ka 1979 kwa University Of Pretoria[1]mme go ise go ye kae a latlhegelwa ke kgatlhego mme a tsenelela South African Defence Force ka 1980, kwa a neng a tshameka mo setlhopheng sa go gwanta sa sesole. Fa a sena go tswa mo tirelong eo, o ne a ratana le moithuti mongwe wa mosadi wa drama mme a simolola go kgatlhegela go diragatsa jaaka tiro e a ka e tlhophang. Morago ga moo o ne a bona diploma ya bosetšhaba ya dingwaga di le tharo ya go diragatsa kwa Pretoria Technikon mme a amogela Pretoria Trust Award ya moithuti yo o gaisang.

Dingwaga tse pedi tse di latelang o ne a direla PACT (Performing Arts Council Transvaal) mme a diragatsa mo ditlhagisong tse di jaaka Spring awakening le Caspar in my tuin tuin. Gape o ne a tshameka mmogo le modiragatsi-ka-ene wa Aforikaborwa Arnold Vosloo mo filiming e e tletseng e e bidiwang Boetie gaan border toe, mme o ne a itsege thata mo Afrikaans sitcoim se se bidiwang Orkney Snork Nie, se se tlhamilweng ke Willie Esterhuizen, a tshameka karolo ya moanelwa yo o bidiwang Ouboet van Tonder. Ka dingwaga tsa bo 1990, o ne a tshameka mo motseletseleng wa drama ya setshwantsho sa motshikinyego ya Aforika Borwa ya The Big Time jaaka Chris Karedes, mofaladi wa kwa Cyprus. Motseletsele ono o amogetse diawate di le mmalwa tsa SABC Artes.[2]

Ka 2010, o ne a tshameka karolo ya setlhogo mo SABC2 sitcoim sa Die Uwe Pottie Potgieter. Ka 2014 o ne a nna le seabe se segolo mo series ya drama tsa kykNET tsa Pandjieswinkelstories.

Ka 2018, Opperman o ne a tsaya karolo Dancing with the Stars South Africa mmogo le mobini yo o itseng thata, Jeanné Swart.

Ka 1988, o ne a nyala modiragatsi wa Aforika Borwa e bong Susan Coetzer, mme ka 1992 ba ne ba tlhalana; ba na le morwa a le mongwe yo o godileng, Frankie. Fa e sale ka 2005, o ntse a nna le Esmarie Meyer. Morwadiabone o tshotswe ka 2006.

MMINO LE TSE DINGWE

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1993 o ne a fudugela kwa Amerika dingwaga di le mmalwa mme moragonyana a boela kwa Aforika Borwa go nna mong-mmogo wa setlhopha sa mmino wa jazz se se bidiwang Bassline kwa Johannesburg. O ne gape a golola album ya mmino wa rock e e bidiwang Serial Boyfriend.

Mo dingwageng tse di latelang, o ne a tsaya karolo mo project tse di farologaneng, gareng ga tse dingwe Gauteng-Aleng, e leng metlae ya metlae e a neng a dira gape mmogo le Willie Esterhuizen. O tlhageletse gape mo Dryfsand, drama ya setshwantsho sa motshikinyego ya Afrikaans e e kwadilweng ke P.G. du Plessis.[3]Morago ga dingwaga di le lesome le bobedi, o ne a boela kwa bobogelong, a tshameka mo Die Uwe Pottie Potgieter, pontsho ya motho a le mongwe e e neng a e kwaletswe ke Dana Snyman.

  1. http://www.frankopperman.co.za/about-frank/ Archived 8 October 2011 at the Wayback Machine Frank Opperman Retrieved 25 June 2011
  2. "Frank Opperman | TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 15 November 2017.
  3. "Showmax". Showmax. Retrieved 15 November 2017.