Jump to content

Fransina Kahungu

Go tswa ko Wikipedia

Fransina Ndateelela Kahungu (o o tshotsweng ka 1970) ke mopolotiki wa kwa Namibia o o berekang e le mokhanselara wa toropo ya Windhoek. Pele o berekile e le mothusa ratoropo wa Windhoek ka 2016 le 2017 le e le ratoropo wa Windhoek ka 2019 go tsena 2020. Kahungu o nnile leloko la khansele ya basadi ya SWAPO, e le mokwaledi ka 2022.

Botshelo jwa gagwe a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Kahungu o tswa kwa motseng wa Okapanda. O ne a fudugela kwa Windhoek ka 1994 a dira dithuto tsa diploma tsa thuto kwa sekolong se segolwane sa ithuteloditiro sa University of Namibia. Fa a le moithuti kwa Ombalantu Secondary, Kahungu o ne a nna le seabe mo polotiking e le leloko la mokgatlho wa baithuti ba Namibia. Go tswa ka 1998 go tsena 2017m Kahungu o ne a bereka e le morutabana, a tloga a nna motsamaisi wa sekolo se sebotlana sa Olof Palme, se se kwa Windhoek kwa go nnang batho ba ba ipeileng fela kwa Greenwell Matongo.[1]

Tiro ya gagwe ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Kahungu o ne a tlhophiwa pele e le leloko la khansele ya Windhoek ka 2010 a nna mothusa mokwaledi wa SPWC ka 2016. Fa a le mo khanseleng ya toropo, o ne a bereka e le mothusa ratoropo wa Windhoek ka 2016 le 2017.[1]

O nea tlhophiwa go nna ratoropo wa toropo eo ka Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 2019, morago ga ratoropo wa nako eo Muesee Kazapua a seo a le kwa ditlhophong tsa bo mmasepala.[2][3] Go ya ka pego ya pampiri ya dikgang ya Namibia Press Agency, Kazapua le mmueledi wa toropo Harold Akwenye ba ne ba supa fa boeteledipele jwa toropo bo sa fetoga, le gore Kazapua e santse e le ratoropo wa toropokgolo. Agatha Ashilelo, modulasetilo wa komiti ya toropokgolo Windhoek, o ne a supa gore Kahungu o emeletse Kazapua ele ratoropo go ya ka tshwetso e e tserweng ke komiti ya kgaolo ya SWAPO.[4]

Ka Firikgong 2020, pampiri ya dikgang ya Namibia Economist le Namibia Broadcasting Corporation ba ne ba bega fa ofisi ya ga ratoropo e boletse fa e fudugela kwa lefelongle le kwa Babylon, fa ofisi ya ga mothusa ratoropo e ne e tlaa sala kwa lefelong la pele. Thulaganyo e e ne e tlaa nna go fitlhelela nako ya ga Kahungu a le ratoropo e fela.[5][6]

Ka Morule a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2020, Job Amupanda o ne a tlhophiwa go nna ratoropo morago ga gore ba kganetso ba mo tlhophe.[7][8] Kahungu o ne a tlhatlhama Eunice Iipinge go nna mokwaledi wa khansele ya bomme ya SWAPO ka Tlhakoel 2022.[9]

  1. 1 2 Ikela, Selma (18 December 2019). "Fransina Kahungu: From classroom to mayor". New Era Live. Retrieved 14 October 2025
  2. "Fransina Kahungu elected Mayor of Windhoek". Namibian Broadcasting Corporation. 13 December 2019. Archived from the original on 16 December 2019. Retrieved 14 October 2025.
  3. "Kazapua is no show at Windhoek elections". The Namibian. 13 December 2019. Retrieved 14 October 2025.
  4. "City of Windhoek has rubbished reports that Windhoek Mayor, has been booted out of his mayoral post". Windhoek: Namibia Press Agency. 11 December 2019 – via The Free Library.
  5. "Windhoek Mayor relocates office to Babylon". Namibian Broadcasting Corporation. 21 January 2020. Archived from the original on 22 January 2020. Retrieved 14 October 2025.
  6. Rasmeni, Mandisa (21 January 2020). "Windhoek Mayor moves her office to Babylon". Namibia Economist. Retrieved 14 October 2025
  7. "Progressive forces will take charge of Windhoek – Amupanda". The Namibian. 27 November 2020. Retrieved 14 October 2025
  8. Tjitemisa, Kuzeeko (3 December 2020). "Job's mayoral dream comes true". New Era Live. Retrieved 14 October 2025.
  9. Muronga, Petrus. "Kahungu elected as SPWC leader". The Namibian. Archived from the original on 14 May 2022. Retrieved 14 October 2025.