Freedom Park

Freedom Park ke phaka e e mo Salvokop kwa Pretoria. E akaretsa segopotso se se nang le lenaane la maina a ba ba bolailweng mo dintweng tsa Aforika Borwa, Ntwa ya Lefatshe ya ntlha, Ntwa ya Lefatshe ya bobedi mmogo le ka nako ya tlhaolele.[1]



Ka Mopitlo 2009, bagale ba kgaratlho ya kgololesego ba ba tlhokafetseng ba le masome a mabedi le bone ba ne ba akanyetswa gore ba akarediwe mo segopotsong. Bangwe ba baeteledipele ba bosetšhaba ba ba tlhophilweng ba akaretsa Steve Biko,[2] Oliver Tambo, Helen Joseph, Chris Hani [2] Albert Lutuli, le Bram Fischer. Baeteledipele ba boditšhabatšhaba le ba kontinente le bone ba ne ba le gareng ga ba ba neng ba akanyediwa ka ntlha ya seabe sa bone mo kgololosegong ya Aforika Borwa kgotsa ba ba gateletsweng ka kakaretso. Baeteledipele ba kontinente ba ba umakilweng ba akaretsa Tautona wa Mozambique Samora Machel le Amílcar Cabral. Gareng ga bagale ba boditšhabatšhaba ke Che Guevara, mofetogedi yo o neng a lwa mmogo le Tautona wa pele wa Cuba Fidel Castro, le Toussaint Louverture, yo o neng a lwa ka nako ya ntwa ya Haiti ya go bona boipuso.[3]
Kago
[fetola | Fetola Motswedi]Kago ya phaka e ne ya dirwa ka dikgato tse di farologaneng mme e ne ya dirwa ke Stefanutti Stocks, WBHO, Trencon, Concor le ba bangwe.[4]
Porojeke e ne e okametswe ka botlalo ke Mongane Wally Serote.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Freedom Park.co.za".
- 1 2 Beautiful News, The spirit of freedom resounds through the walls of this architectural wonder, accessed on 25 July 2026
- ↑ Trust Honours Struggle Heroes[permanent dead link] March 18, 2009
- ↑ "Stefanutti's work on Freedom Park nears completion". Engineering News. 13 August 2009. Retrieved Lwetse a le gane, 2026.
- ↑ "Mongane Wally Serote (1944– )". The Presidency of South Africa. Archived from the original on 3 October 2018. Retrieved Lwetse a le gae, 2026.