Gable Garenamotse
Gable Garenamotse (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le borobabobedi, ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bosupa (1977) ke motloledi wa pele wa Motswana yo o kileng a gapa dimetale di le pedi tsa selefera kwa metshamekong ya Kgweranoditšhaba le go gaisana kwa metshamekong e le mebedi ya Diolimpiki ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone (2004)le ka ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano (2005).
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999)Garenamotse o ne a fenya kgaisano ya go tlola ga gararo mo kgaisanong ya Aforika Borwa, mme a nna le seabe mo kgaisanong ya go tlola sekgala le go tlola ga gararo mo kgaisanong ya Lefatshe. Morago ga go fitlha kwa setlhoeng ka go tlola dimetara di le 16,66 mo ngwageng oo, e leng rekoto ya bosetšhaba, o ne a swetsa go tlhoma mogopolo mo go tloleleng kgakala go tloga foo. Methalele ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba e ne e le ya boronse kwa Universiade ya bo masome a mabedi le motso ka ngwaga wa dikete tse pedi le motso (2001).
Kwa Metshamekong ya Commonwealth ya ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi (2002)kwa Manchester, Garenamotse o ne a nna wa bobedi. O ne a tsenela metshameko ya Diolimpiki ya ngwaga wa dikete tse pedi le bone (2004), mme a se ka a fitlha kwa makgaolakgannyeng. O ne a boeletsa maemo a bobedi dingwaga di le nne moragonyana kwa Metshamekong ya Commonwealth ya 2006, a tlhoma rekoto ya bosetšhaba ya dimetara di le 8,17. Ka kgwedi ya Phatwe wa ngwaga oo o ne a tokafatsa go nna 8,27 metres. [1]O ne a gapa sekgele sa gouta kwa All-Africa Games ya ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa (2007). Gable Garenamotse o ne a se ka a fitlha kwa makgaolakgannyeng a ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa (2007 )World Championships, mme o ne a fetsa a le mo maemong a bone kwa 2008 World Indoor Championships, a le mo maemong a bosupa kwa 2008 African Championships[2] le a borobongwe kwa 2008 Olympic Games
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Botswana athletics records Tempolete:Webarchive
- ↑ 2008 African Championships results, men's long jump final". Archived from the original on 6 October 2008. Retrieved 20 August 2008