Gaborone City Council
Gaborone City Council ke lekgotla le le laolang toropo ya Gaborone, Botswana. Fa go lejwa lotseno lo lo dirilweng, ke khansele e e humileng go gaisa mo Botswana.[1] E bopilwe ke makhanselara a le masome a mararo a a emetseng dikgotlana tsa Gaborone.
Popego
[fetola | Fetola Motswedi]Molao wa Metsesetoropo o laela popego ya dipuso ya selegae mo Botswana. Ka gore Botswana ke lefatshe le le kopaneng, dithata tsa makgotla a selegae di abelwa go tswa mo maemong a setshaba. Lephata la Pusoselegae, Lefatshe le Matlo le na le tlhotlheletso e kgolo mo go thapeng le katisong ya badiri, kabo ya madi, le thulaganyo ya tlhabololo.[2] Haskins Nkaigwa yo e leng ratoropo wa Gaborone go tswa ka 2011, o gateletse botlhokwa jwa go nna le boipuso jo bontsi jwa selegae. O buelela gore go nne le lekgotla le le nonofileng la toropo le le nang le dithata tsa go tlhomamisa kabo ya madi le go thapa le batimamolelo le badiredi.[3]
Tsamaiso
[fetola | Fetola Motswedi]Mokwaledi wa toropo o tsamaisa khansele ya toropo ya Gaborone e bile ke tlhogo ya Chief Officers Management Team (COMT). Bakwaledi ya toropo e na le dikomiti tse di farologaneng tsa bagakolodi le bakwaledi go thusa mo tirong; maemo ano a go thusa a akaretsa mothusa mokwaledi, bokwaledi, tlhogo ya matlotlo, Setheo sa Matlo sa go Ithusa, le maphata a boenjenere, boitekanelo, molelo, thuto, tlhabololo ya loago le baagi, kago le boagi,[4] le mogokaganyi wa HIV/AIDS.[5]
Gaborone City Council ke yone e e tlhokometseng go tlamela baagi ba yone ka ditirelo tse di jaaka kgopo ya metsi a a leswe[6] le dipone tsa mebila[7], mme lekgotla le ikaegile ka ditheo tse di thusang puso jaaka Water Utilities Corporation le Botswana Power Corporation go tlamela ka metsi le motlakase ka go latelana.[7] GCC gape e na le maikarabelo a go tsamaisa dikokelwana tsa botsogo jwa setšhaba moo ditshenyegelo di leng kwa tlase ga dolara e le nngwe ya United States.[8] Khansele ya toropo e tsamaisa dikolo tsotlhe tsa puso mo Gaborone, e fa baithuti thuto ya mahala le dijo tsa mahala.[9]
Dikomiti
[fetola | Fetola Motswedi]Khansele ya Toropo ya Gaborone e na le dikomiti di le supa:
- Komiti ya Matlole le maikaelelo a kakaretso
- Komiti ya boitekanelo jwa setšhaba, katlaatlelo loago le matlo
- Komiti ya botsamaisi ya Setheo sa Matlo sa go Ithusa ( SHAA )
- Komiti ya thulaganyo ya Toropo
- Komiti ya diteseletso tsa Kgwebisano
- Komiti ya Thuto
- Komiti ya Dikakanyetso
Ratoropo le mothusaa-ratoropo ba etelela pele komiti ya tsa madi, mme seno se dira gore e nne komiti e e botlhokwa thata.[10] Mo dikomiting tsotlhe, ratoropo le ene ke leloko la ex officio. Dikomiti di kopana gangwe ka kgwedi.[11]
Ditlhopho
[fetola | Fetola Motswedi]Ditlhopho tsa go tlhopha makhanselara a toropo di tshwarwa mo e ka nnang ka nako e le nngwe le ditlhopho tsa bosetšhaba. Ya bosheng e diragetse ka 2024. Ditlhopho di tsamaisiwa ke lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho la kgaolo ya Gaborone. Ratoropo wa Gaborone o tlhophiwa ngwaga le ngwaga ke makhanselara a le masome a mararo le botlhano ka thulaganyo ya gore motho a fete pele. Bontlhopheng ba lekanyeditswe makhanselara ka bobone. Fela jaaka ratoropo, maloko a dikomiti a tlhophiwa ngwaga le ngwaga ke makhanselara a le masome a mararo le botlhano go tswa mo makhanselareng. E re ka banni ba Gaborone ba sa tlhophe maloko a komiti kgotsa ratoropo ka tlhamalalo, ga se gantsi ba itse gore bontlhopheng ke bomang go fitlhelela morago ga gore ratoropo a tlhophiwe. Se se dirile gore boratoropo ba se ka ba ikarabela mo batlhophing.[12]
Tekanyetso
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgetho la lotseno le le bidiwang Lekgetho la Puso ya selegae e ne e le motswedi o mogolo wa lotseno lwa khansele ya toropo, mme le ne la fedisiwa.[13] Diperesente di le masome a marataro tsa kabo ya madi ya toropo di tswa mo dithusong tsa puso ya bosetšhaba.[14] Makhanselara a toropo a ikutlwa gore ka ntlha ya ditlamego tse di ipoeletsang, ga ba na sebaka se sentsi sa go tlhoma ditharabololo tse disha.[15] Kotara nngwe le nngwe, GCC e baakanyetsa puso ya bosetšhaba dipego tsa matlole.[16] khansele ya toropo e na le ditso tsa go sa dirise madi sentle. Mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa matlole wa 2011, GCC e ne ya tshwara dipula tsa Botswana di le didikadike di le thataro (US$756,000 go tloga ka Seetebosigo 2012) go tswa go borakonteraka ba ba ikemetseng. Go na le moo madi a ne a dirisiwa go reka di- compactor tsa matlakala. Khansele e na le mathata a go kokoanya lotseno le yone; boemong jwa go amogela madi a a bonelwang pele a P447,920 (US$56,500 go tloga ka Seetebosigo 2012) go tswa mo dituelong tsa go pheka, e ne ya kokoanya fela P3,300 (US$415 go tloga ka Seetebosigo 2012).[17]
Tlhamo
[fetola | Fetola Motswedi]| Lekoko | Maloko | |
|---|---|---|
| Botswana Democratic Party (BDP) | lesome le botlhano | |
| Botswana Movement for Democracy (BMD) | lesome le motso | |
| Botswana Congress Party (BCP) | boferabobedi | |
| Botswana National Front (BNF) | bongwe | |
| Palogotlhe | masome mararo le botlhano | |
| Motswedi: Mmegi[18] | ||
Maduo a ditlhopho tsa boRatoropo tsa 2012
[fetola | Fetola Motswedi]Ditlhopho tsa 2012 tsa go nna ratoropo wa Gaborone di ne tsa gaisanwa fa mokhanselara mongwe mo Khanseleng ya Toropo ya Gaborone a ne a kgaola pampiri ya gagwe ya go tlhopha ka bogare go tlhopha gabedi.[19] Fa go ne go balwa ditlhopho ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le lesome le botlhano 2012, Mme Agnes Seragi yo e leng Mokwaledi wa Toropo ya Gaborone e bile e le mookamedi wa ditlhopho, o ne a lemoga fa dipampiri tsa go tlhopha di le masome a mararo le borataro, e leng pampiri e le nngwe go feta palo yotlhe ya makhanselara. Mokhanselara Moloko o ne a latofatsa Mokhanselara Kwapa ka go kgaola pampiri ya gagwe ya ditlhopho ka bogare le go tsenya ditlhopho tse pedi mo lebokosong la ditlhopho. Mokhanselara Taunyane o ne a tshegetsa tatofatso eo, a supa fa e le ruri nngwe ya dipampiri tsa ditlhopho e kgaotswe ka bogare. Ka ntlha ya seo, palo e ne ya phimolwa, mme ga latela ditlhopho tse disha ka bonako fa Mokhanselara Haskins Nkaigwa a neng a nna ratoropo mme Mokhanselara Florence Shagwa a nna mothusaratoropo.[19]
|
| |||||||||||||||||||||||||||||||||||||||||||||
Lenaane la boRatoropo
[fetola | Fetola Motswedi]| Image | Mayor | Years of office | Political party | |
|---|---|---|---|---|
| Derek Jones | 1966–1968 | Yo o ikemetseng | ||
| Grace Dambe | 1968–1969 | Botswana Democratic Party | ||
| Wellie Seboni | 1969–1974 | Botswana Democratic Party | ||
| Rosinah Mannathoko (first term) | 1974–1976 | Botswana Democratic Party | ||
| Clement Oliphant | 1977 | Botswana Democratic Party | ||
| Rosinah Mannathoko (second term) | 1978 | Botswana Democratic Party | ||
| Pelotelele Tlhaodi | 1979 | Botswana Democratic Party | ||
| Serara Ketlogetswe | 1979–1984 | Botswana Democratic Party | ||
| Botshabelo Bagwasi | 1984 | Botswana National Front | ||
| Paul Rantao | 1984–1994 | Botswana National Front | ||
| Ginger Ernest | 1994 | Botswana National Front | ||
| Nelson Ramaotwana | 1999–2004 | Botswana National Front | ||
| Harry Mothei | 2004–2009 | Botswana National Front | ||
| Veronica Lesole | 2009–2011 | Botswana Democratic Party | ||
| Haskins Nkaigwa | 2011–2019 | Botswana Movement for Democracy | ||
| Thata Father Maphongo | 2019– | Botswana Democratic Party | ||
| Source: Botswana Guardian[20] | ||||
Tshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Nengwekhulu 1996, p. 99.
- ↑ Wunsch 1998, p. 34.
- ↑ Keoreng 2011.
- ↑ Lekorwe 1998, p. 79.
- ↑ Pharoah 2005, pp. 50, 51.
- ↑ Simon & Khupe 1996.
- 1 2 Maundeni 2004, p. 21.
- ↑ Mosha 2010, p. 24.
- ↑ Mosha 2010, p. 25.
- ↑ Lekorwe 1998, p. 77–78.
- ↑ Wunsch 1998, p. 37.
- ↑ Maundeni 2004, p. 31–32.
- ↑ Wunsch 1998, p. 33.
- ↑ Mosha 2010, p. 19.
- ↑ Wunsch 1998, p. 35.
- ↑ Mosha 2010, p. 29.
- ↑ Letsididi 2012.
- ↑ Keoreng 2012a.
- 1 2 3 4 Keoreng 2012b.
- ↑ Ramadubu 2011.