Jump to content

Gaefalale Sebeso

Go tswa ko Wikipedia
Gaefalale Gaolebale Sebeso
Leloko la Palamente ya Botswana
In office
1965–1989
Ka Ga Ena
O tsetswe1908
O Tlhokafetse1992
Mosetshaba waMotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party]
TiroRapolotiki

Gaefalale Gaolebale Sebeso (1908–1992) e ne e le mopolotiki wa Motswana. O nnile leloko la Palamente ya Botswana go tswa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965)go tsena ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989), a emetse kgaolo ya Tswapong Borwa gape e le mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ka nako ya eo. E ne e le leloko la phati ya sepolotiki ya Botswana Democratic Party.

Gaefalale Gaolebale Sebeso (1908–1992) e ne e le mopolotiki wa Motswana. O nnile leloko la Palamente ya Botswana go tswa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965) go tsena ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe (1989), a emetse kgaolo ya Tswapong Borwa gape e le mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ka nako ya eo. E ne e le leloko la phati ya sepolotiki ya Botswana Democratic Party.

Gaefalale Gaolebale Sebeso (1908 - 1992) e ne e le mopolotiki wa Motswana. O nnile leloko la palamente ya Botswana go tswa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (196)5 go tsena ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe ( 1989) a emetse kgaolo ya Tswapong Borwa gape e le mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ka nako ya eo. E ne e le leloko la phati ya sepolotiki ya Botswana Democratic Party.

Ka botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Gaefalale Gaolebale Sebeso o tshotswe ka ngwaga wa 1908. Pele ga ntwa ya ntlha ya mafatshe, Sebeso e ne e le mogokgo wa sekolo sa Shoshong. O ne a gana go seegelwa kwa thoko ka nako ya ntwa, a bereka e le mmereki o eseng wa tiro e tona. morago ga ntwa, o nea bereka mo lekgotleng la Sub-Africa, kwa Palapye ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le boraro (1953) le kwa Mahalapye ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bone (1964). Sebeso e e ne e le mongwe wa maloko a ntlha a Botswana Democratic party mo dingwageng tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro (1960).[1] O ne a tlhophiwa go nna leloko la palamente ya ntlha ya Botswana go emela kgaolo ya Borwa jwa Tswapong ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a maratro le botlhano (1965) kwa a neng a le mothusa motsamaisa dipuisano.[2] O ne a eme nokeng peo molao e e sa amaneng le botautona. O ne a isa tshutiso go nonotsha palamente ya Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabobedi ( 1988), a supa fa e nyenyafaditswe go nna mo maemong a lephata le lebotlana.[3] Tshutiso e ne ya seegelwa kwa thoko dingwaga di le lesome le bone pele ga setlhopha se diragatsa dikakantsho, tse di neng tsa ganiwa ke matona ka nako eo.[4] Sebeso o ne a ithola marapo mo palamenteng ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le borobabongwe (1989), o tlhokafetse ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bobed( 1992).[1]

  1. 1 2 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). "Sebeso, Gaefalale Gaolebale "G. G." (1908–1992)". Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
  2. First Parliament of Botswana". Parliament of Botswana. Retrieved 25 September 2025
  3. Botlhale, Emmanuel; Lotshwao, Kebapetse (2013). "The Uneasy Relationship Between Parliament and the Executive in Botswana". Botswana Notes and Records. 45: 39–51. ISSN 0525-5090. JSTOR 90024373.
  4. From Khama The Great to Khama The Robber: Executive Corruption in Botswana | Sunday Standard". Sunday Standard. 2018-03-18. Retrieved 25 September 2025