Jump to content

Gagoangwe

Go tswa ko Wikipedia
Gagoangwe
Motshwarelela bogosi jwa Bangwaketse
PredecessorBathoen I
SuccessorNtebogang Ratshosa , Bathoen II
Tsalo1845
Leso1924
SpousePilane Bathoen I
MathataSeepapitso III

Moepapitso

Ntebogang Ratshosa
RraagweSechele I

Gagoangwe (1845 go tsena 1924) e ne e le motshwarelela bogosi, ebile ele mohumagadi[1] wa Bakgatla ba ga Mmanaana le Bangwaketse kwa e leng Botswana gompieno.[2] Gagoangwe e ne e le leloko la lolwapa lwa Bakwena, e le Mokeresete wa tlhwatlhwa[3] gape a tshwareletse ngwana wa ngwana wa gagwe Bathoen II bogosi.

Botshelo jwa a a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Gagoangwe e ne e le morwadia Sechele I[2] kgosi ya Bakwena. Sechele I o ne a fetogetse kwa tumelong ya Sekeresete ka dingwaga tsa 1840 di ya fifing, e le tiro ya ga David Livingstone; o a neng a fetotse Bakwena botlhe ba akaretsa Gaoangwe.[4] Fa a le mmotlana, o ne a gonya leitlho la motlhanka. Rraagwe o ne a letla motlhanka go ipusolosetla ka go mo gonya leitlho jaaka Baebele e bua mo kgolaganong e kgologolo ere "leitlho le tswelwe ke leitlho" . Morago ga foo o ne a itsege jaaka mohumagadi o o leitlho lengwe fela.[5]

Lonyalo le bana

[fetola | Fetola Motswedi]

Gagoangwe o ne a nyetswe ke monna wa gagwe wa ntlha ebong kgosi Pilane. Ka ngwaga wa 1875, o ne a tsamaya le Bathoen I o e neng e le mojaboswa wa bogogi jwa Bangwaketse.[6] Ka ngwaga wa 1890, Bathoen I le Gagoangwe ba ne ba nyalana mo lonyalong lwa Sekeresete, ba tlhomamisa lonyalo lwa bone mo matlhong a phuthego ya Sekeresete.[7] E ne e le moKeresete wa tlhwatlhwa a bo a nna le seabe mo go ema nokeng London Missionary Society[6] ga ga Bathoen I. Ka ngwaga wa 1910, Bathoen I o ne a tlhokafala, mme ngwana wa ga Gaoganwe o motona Seepapitso III a nna kgosi. Morago o ne a bolawa ke motsalwa le ene, Moepapitso ka ngwaga wa ,1916.[6] Morago ga se, Gagoangwe o ne a laela gore ngwana wa gagwe Moepapitso a bolawe, a tsaya taolo ya bogosi ka ngwaga wa 1923.[6] Go begiwa fa a ne a re ka lebele la gagwe le lengwe (ngwana) le kgaotswe, a le lengwe le lone le kgaolwe.[8]

Ka ngwaga wa 1923, Gagoangwe o ne nna motshwarelela bogosi a tshwareletse Bathoen II.[2] O ne a pagama setilo go tshwarelela ngwana wa ngwana wa gagwe bogosi. O ne a busa Bangwaketse, setlhopha sa Batswana ka nako e e masisi ya lefelo le. Kgaolo e ne e le mo ntweng ya boiouso kgatlhanong le Maburu le bagogi ba bokolone ba Britain.[2]

Gagoangwe o ne a tsweledisa ditlhabololo tsa ga Seepapitso III a bo a sireleletsa morwadie ebong Ntebogang Ratshosa bogosi pele ga a tlhokafala.

  1. McDonagh, Eileen L. (2009). The motherless state : women's political leadership and American democracy. University of Chicago Press. ISBN 9780226514543. OCLC 938228232.
  2. 1 2 3 4 Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (23 April 2008). Historical dictionary of Botswana. Scarecrow Press. pp. 123–124. ISBN 9780810864047. Retrieved 25 September 2025 – via Google Books.
  3. Sheldon, Kathleen E. (2016). Historical dictionary of women in Sub-Saharan Africa. Rowman & Littlefield. ISBN 9781442262928. OCLC 952050712.
  4. Volz, Stephen C. (2010). Them who kill the body : Christian ideals and political realities in the interior of Southern Africa during the 1850s. OCLC 775890092.
  5. Volz, Stephen C. (2010). Them who kill the body : Christian ideals and political realities in the interior of Southern Africa during the 1850s. OCLC 775890092.
  6. 1 2 3 4 Professor Henry Louis Gates, Jr.; Professor Emmanuel Akyeampong; Mr. Steven J. Niven (2 February 2012). Dictionary of African Biography. OUP USA. pp. 407–. ISBN 978-0-19-538207-5.
  7. Edwin Lloyd (1895). Three Great African Chiefs (Khâmé, Sebelé and Bathoeng). T. F. Unwin. pp. 165–.
  8. Women writing Africa : the southern region. Daymond, M. J. (Margaret J.) (First ed.). New York. 2003. pp. 187. ISBN 1-55861-406-0. OCLC 50235100.