Gaseitsiwe
| Gaseitsiwe | |
|---|---|
| Kgosi ya Bangwaketse | |
| Reign | 1824 - 1889 1853 - 1889 |
| Predecessor | Makaba II |
| Successor | Bathoen I |
| Regent | Sebego Segotshane |
| Tsalo | 1820 |
| Leso | 1889 |
| Mathata | Bathoen I Kgosimotse |
| Rraagwe | Tshosa |
Gaseitsiwe (1820 - 1889) e ne e le kgosi ya Bangwaketse mo Botswana wa gompieno go tswa ka ngwaga wa 1824 go tsena 1889. O ne a tlhatlhama rraagwe mogolo ebong Makaba II. Mo dingwageng tsa ntlha tsa puso ya gagwe, bogosi bo ne bo le mo tlhokomelong ya ga malomaagwe ebong Sebego, o a neng a tsere taolo ka dikgoka. Gaseitsiwe o tsere taolo ka ngwaga wa 1853. O busitse go fitlhelela a tlhokafala, a tlhatlhamiwa ke ngwana wa gagwe Bathoen I.
Botshelo jwa a le mmotlana le go tshaba ga gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Gaseitsiwe o tshotswe ka ngwaga wa 1820 e le ngwana wa ga Tshosa Makaba II. Tshosa e ne e le morwa Makaba II, kgosi ya Bangwaketse ebile e le mojaboswa wa gagwe. Tshosa o ne a bolawa mo tsuologong kgatlhanong le Makaba ka ngwaga wa 1823.[1]
Gaseitsiwe o ne a nna kgosi fa Makaba a tlhokafala ka ngwaga wa 1824, mme monnawe Tshosa ebong Sebego o ne a tsaya taolo a nna motshwarelela bogosi. Bangwaketse ba ne ba kgaogana ka ngwaga wa 1830, lotlhakore lo longwe lo laolwa ke Sebego fa lo longwe lo ne lo laolwa ke mogolowe Tshosa ebong Segotshane.[1] Gaseitsiwe e ne e le leloko la baemanokeng ba ga Segotshane kgatlhanong le Sebego.[2] Sebego o ne a jesa motsalwa le Gaseitsiwe botlhole ka dingwaga tsa 1830 a leka go jesa Gaseitsiwe botlhole , ka jalo o ne a tshaba le mmaagwe go nna le Barolong.[3] Gaseitsiwe o ne a boa ka ngwaga wa 1834 go tlosa Sebego.[1]
Kgosi ya Bangwaketse
[fetola | Fetola Motswedi]Gaseitsiwe le morwa Sebego ebong Senthufe, ba ne ba tsaya taolo ya Bangwaketse morago ga ntwa ya Batswana le Maburu ya 1852 go tsena 1853[4]. O ne a tloga a koba Senthufe mme a tsaya taolo ka ngwaga wa 1857.[5][3]
Gaseitsiwe o ne a bona tetla ya go dirisa tsela ya kgwebo ya go ralala Kalahari, a etelela pele kanamo ya Bangwaketse kwa bophirima ka dingwaga tsa 1860. O ne a nna le tumalano le Sechele I ka dingwaga tsa 1870, mme ba tshwaya melelwane ya dikgaolo tsa bone.[4]
Bakgatla ba ga Mmanaana ba ne ba fudugela kwa Mosopa ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe fa ba lwantsha Bakwena, mme ba nna mo taolong ya Bangwaketse. Gaseitsiwe o ne a leka go tsaya taolo ya ditsala tsa Bakgatla ebong Balete ka ngwaga wa 1881 mme o ne a fenngwa mo ntweng.[6] Tlhaselo ya Bangwaketse mo dikgomong tsa Balete kwa Aforika Borwa e ne ya šhakgatsa setšhaba, mme ba tshwara Gaseitsiwe pele ga ba mo rekisa. Se se ne sa tshwaya go neelano ya taolo go tswa mo go Gaseitsiwe go ya kwa go morwae Bathoen I.[4]
Gaseitsiwe o ne a ema Barolong nokeng mo ntweng ya Batswana le Maburu ya ngwaga wa 1881 go tsena 1884, kwa ba neng ba lwantsha ma Goshenite. E ne e le kgosi fa Bechuanaland Protectorate e ne e tlhomamisiwa ke lefatshe la United Kingdom, a laletsa setlhopha se se neng se tlhomamisa, kwa Kanye.[4]
Gaseitsiwe o rutilwe go bala ke Sebobi, morongwa wa London Missionary Society, mme o ne a seka a fetogela kwa Sekereseteng.[4] O ne a sena bothata le mokgatlho, a ntsha mephato go thusa go aga kereke. Go tlhoka go dumalana ga sedumedi gareng ga Bakeresete le ba ba salang tumelo ya setso morago go ne ga baka dikgotlhang kwa bofelelong jwa puso ya ga Gaseitsiwe ka dingwaga tsa 1870 go tsena 1880.[7]
Loso le go tlhatlhama
[fetola | Fetola Motswedi]Gaseitsiwe o tlhokafetse ka ngwaga wa 1889.[4] O ne a na le bana ba le bararo. O ne a na le Bathoen I le mosadi o mongwe, a nna le Gasekete le Kgosimotse le o mongwe. Gaseitsiwe o ne a tlhatlhamiwa ke Bathoen I.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6.
- ↑ Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
- 1 2 Morton & Ramsay 2018, Sebego I (ca. 1800–1844).
- 1 2 3 4 5 6 Morton & Ramsay 2018, Gaseitsiwe (ca. 1820–1889).
- ↑ Morton & Ramsay 2018, Chronology.
- ↑ Morton & Ramsay 2018, Civil Wars.
- ↑ Gulbrandsen, Ørnulf (1993). "Missionaries and Northern Tswana Rulers: Who Used Whom?". Journal of Religion in Africa. 23 (1): 44–83. doi:10.2307/1581155. ISSN 0022-4200.