Gciriku
Gciriku ke bogosi jwa ngwao kwa Kavango kwa e leng Namibia gompieno. Batho ba one ba bua teme ya Gciriku.
Batho ba Gciriku ke mengwe ya merafe e mentsi kwa Namibia ka palo ya batho ba le dikete di le masome matlhano, makgolo a matlhano, masome a mabedi le borobabongwe ka 2023.[1] Bontsi jwa morafe wa Gciriku ba nna kwa kgaolong ya botlhophi ya Ndiyona kwa botlhaba jwa Kavango. Palo potlana ya bone ba nna kwa borwa jwa Angola. Teme ya bone, Rumanyo (e pele e neng e bidiwa Rugciriku)[2] ke puo ya Bantu, e e buiwang kwa kgaolong ya botlhophi ya Ndiyona le Rundu.
Tlholego
[fetola | Fetola Motswedi]Morafe wa Gciriku ke bontlha jwa setlhopha sa kwa Kavango se se tlholegang kwa legareng la Aforika le mawatle a matona. Ka dingwaga tsa 1900, morafe o o ne wa nna wa ntlha kwa Kavango go amogela barongwa ba ma Yuropa. Barongwa ba ne ba abelwa ditsha ba itshetlela kwa kgaolong e gompieno e bidiwamg Nyangana Mamono.
Bateledipele ba bogosi
[fetola | Fetola Motswedi]Hompa Nyangana (1874 go tsena 1924) o ne a le kgatlhanong le thotloetso ya ma Yuropa, bogolo jang barongwa. Maeto a barongwa a le marataro go tsena kwa Kavango, a ne a khutla ka puso ya gagwe. Morago ga maeto a supa ke gone fela morongwa le moruti Joseph Gotthardt a neng a kgona go tlhama lefelo la bodiredi kwa Nyangana ma 1910 le kwa Andara ka 1913, a dirisa maemo a a neng a reketla a ga kgos morago ga kganyaolo ya VaGciriku-Lishora ya 1894.[3]
Teme
[fetola | Fetola Motswedi]Morafe wa Gciriku o bua teme e e bidiwang Rugcikiru. Puo o ke bontlha jwa thuto e e bidiwang Rumanyo. Bontsi jwa batho ba bitsa puo e Rugciriku rwaMuduva. Puo e e na le medumo e e tshwanang le ya puo ya Basarwa.
Diele tsa Rugciriku
[fetola | Fetola Motswedi]- Muntu mudona - motho o bosula.
- Washa tuka oko ghuna kutunda,kuka oko ghuna kuyenda - nna boikokobetso ka dinako tsotlhe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Namibia 2023 Population and Housing Census Main Report" (PDF). Namibia Statistics Agency. Archived from the original (PDF) on 2024-11-10. Retrieved 2025-10-22.
- ↑ Shampapi, Shiremo (13 May 2011). "Sebastian Kamwanga: A Charismatic and diplomatic Hompa". New Era. Archived from the original on 12 January 2013.
- ↑ Shiremo, Shampapi (22 July 2011). "Bishop Joseph Gotthardt: A determined missionary along the Kavango River (1880-1963)". New Era. Archived from the original on 9 May 2012.