George Yankey
| George Sipa-Adjah Yankey | |
|---|---|
| Tona wa botsogo ko Ghana | |
| In office Tlhakole 2009 – Phalane 2009 | |
| President | John Atta Mills |
| Pele Ga Gagwe | Courage Quashigah |
| Morago Ga Gagwe | Benjamin Kunbuor |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Nzema, Ghana |
| Mokgatlho | National Democratic Congress |
| Tiro | Mmueledi |
George Sipa-Adjah Yankey ke mmueledi le mopolotiki wa kwa Ghana.[1] Ke moeteledipele wa pele wa Ghana Gas,[1][2] o berekile gape e le tona wa botsogo wa kwa Ghana ka puso ya ga Atta Mills.[3][4]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Yankey o tsene sekolo kwa Nsein Senior High a dira setlankana sa O Level. O ithutetse molao kwa Ghana School of Law. O alogile ka PhD ka 1987 go tswa kwa University of Warwick kwa United Kingdom.
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Yankey o berekile mo lephateng la madi la Ghana, o ne a le tlhogo ya lephata la molao ka dingwaga tsa 1989 go tsena 1995.[5] O ne a nna mookamedi wa molao, mohama o o ikemetseng le metheo ya madi kwa lephateng leo go tswa ka 1996.[6]
Polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Yankey ke leloko la National Democratic Congress.[3][7] Morago ga tlhopho ya 2008 ya botautona, tautona John Atta Mills o ne a mo thapa go nna tona wa botsogo mo pusong ya gagwe ka Tlhakole 2009.[6]
Morago ga dipatlisiso tse di neng di dirilwe ke ofisi ya melato e e tseneletseng ya United Kingdom, Mabey and Johnson Limited, kompone e e neng e ntsha tshipi e e kwa Twyford,Berkshire e ne ya lebisiwa molato ka 2009.[8] Se se ne sa baka gore kompone e supe fa e batlile go rotloetsa ba ba tsayang ditshwetso mo dikonterakeng tsa setshaba kwa Jamaica le Ghana ka dingwaga tsa 1993 go tsena 2001. Matona a Ghana a le matlhano, a akaretsa Yankey, o a neng a belaelwa a tsere dikete di le lesome le botlhano, a ne a tlhagelela mo kgang e ya kompone. Yankey o ne a latosa magatwe ao mo puong e e duleng morago ga katlholo ya Mabey and Johnson ya dikete di le thataro tsa sedikadike ke kgotlatshekelo ha Southwark Crown.[6] Le ntswaa ne a ganetsa, Yankey o ne a ithola marapo jaaka tona wa botsogo gore a phepafatse leina la gagwe. Go ithola marapo go ne ga amogelwa ke tautona Mills, o fa godimo, a neng a laletsa komiti ya ditshwanelo tsa setho go sekaseka tsheko eo.[9]
Kompone ya Ghana National Gas
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga tshekatsheko, Dr. Yankey o ne a seka a bonwa molato ope. O ne a thapiwa ke tautona John Atta Mills e le moeteledipele wa Ghana National Gas Company. Mo maemong a gagwe, o ne a eteletse pele kompone le go aga dikago tsa phatlalatso ya gase.[10][2] O ne a tlhatlhamiwa ke Benjamin Asante ka Tlhakole 2017.[11]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "George Yankey, CEO, Ghana National Gas Company: Interview". Oxford Business Group. 12 January 2017. Retrieved 28 October 2025
- 1 2 "Ghana to process Gas in commercial quantities by June 2014 - Sipa-Yankey - Ghana Investment Promotion Centre (GIPC)". GipcGhana. Retrieved 28 October 2025
- 1 2 "NDC will win 90% of parliamentary seats in Western Region – Sipa Yankey". Citinewsroom - Comprehensive News in Ghana. 8 August 2020. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "No gov't can build 94 hospitals in one year – Sipa Yankey". The Ghana Report. 1 May 2020. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Let's have consensus on development — Dr Sipa Yankey". Graphic Online. Retrieved 28 October 2025
- 1 2 3 "Press Statement By Dr. George Sipa-Adjah Yankey". GhanaWeb. 16 October 2009. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Ghana MPs - News & Events Details - Reinstate Dr Sipa Yankey - Adenta MP". Ghana MPs. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Mabey & Johnson Ltd sentencing". Official website. Serious Fraud Office (United Kingdom). 25 September 2009. Archived from the original on 8 October 2009. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "President accepts resignation of two ministers". GhanaWeb. 11 October 2009. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Ambassador Sun Baohong Inspected the Ghana Gas Infrastructure Project Contracted by the Chinese Enterprise Sinopec". China-Embassy Ghana. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Dr Ben Asante appointed caretaker CEO of Ghana Ga". Retrieved 28 October 2025