Gertrude Maseko
| Getrude Maseko | |
|---|---|
| Mohumagadi wa Malawi | |
| Assumed office Phalane a le malatsi a mane ngwaga wa 2025 | |
| President | Peter Mutharika |
| Pele Ga Gagwe | Monica Chakwera |
| Morago Ga Gagwe | Lucius Banda |
| Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Balaka Bokone | |
| In office 2009–2014 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 1961 |
| Mosetshaba wa | Malawian |
| Mokgatlho | Democratic Progressive Party |
| Mo/Bakapelo | Peter Mutharika |
| Bana | Tadikira Mafubza (wa lonyalo lwa ntlha0 |
| Tiro | Mooki |
Gertrude Hendrina Maseko ke leloko la pele la palamente le mohumagadi wa kwa Malawi wa gompieno.
Maseko o tswa kwa motseng wa Kapasule kwa kgaolong ya Balaka.[1] O tsene sekolo wa St Mary's Secondary School kwa Zomba.[2] E ne e le leloko la palamente ya DPP ka dingwaga tsa 2009 le 2014, a tlhophilwe mo ditlhophong tsa 2009.[3] O nyetswe ke tautona Peter Mutharika ka Seetebosigo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2014.[4]
Ditiro tse di bonagalang
[fetola | Fetola Motswedi]Gertrude o simolotse letsholo la Beautify Malawi, le le ikaelelang go phapafatsa ditoropo tsa Malawi. Se se tlhametse batho ba le mmalwa ditiro.
Ka 2018, Jean Kalilani o e neng e le tona wa bong, ba na le bogole le selegae o ne a rulaganya mekete ya letsatsi la bomme, le akaretsa mohumagadi, le itebagantse le bomme ba kwa mageng.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Here comes the bride: Malawi First Lady Gertrude". Nyasa Times. 2014-06-21. Archived from the original on 2014-06-24. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Evance Chisiano, First Lady hold fundraising for Beautify Malawi at Zomba State House, 29 July 2018. Accessed 28 October 2025
- ↑ "Meet the bride". The Nation (Malawi). 2014-06-21. Archived from the original on 2014-08-12. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Mutharika weds partner in colourful ceremony". Independent Online (South Africa). 2014-06-21. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Reporter, Nyasa Times (2018-03-07). "Malawi to comemorate international women's day on 8 March - Malawi Nyasa Times - News from Malawi about Malawi". www.nyasatimes.com. Retrieved 2025-10-28