Jump to content

Gertrude Sizakele Khumalo

Go tswa ko Wikipedia
Sizakele MaKhumalo Zuma
Mohumagadi wa Aforika Borwa
In office
Motsheganong a robabongwe ngwaga wa 2009  Tlhakole a le lesome le bone ngwaga wa 2018
PresidentJacob Zuma
Pele Ga GagweMapula Motlanthe
Morago Ga GagweTshepo Motsepe
Ka Ga Ena
O tsetsweGertrude Sizakele Khumalo
Mopitlo a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1940
Mo/BakapeloJacob Zuma

Gertrude Sizakele Khumalo (o o tshotsweng ka Mopitlo a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1940)[1], a itsege gape ka leina la Sizakele MaKhumalo Zuma[2], e ne e le mohumagadi wa Aforika Borwa, e le mosadi wa ntlha wa ga tautona wa pele Jacob Zuma

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Khumalo o kopane le Zuma ka 1959, bobedi joo ba simolola go ratana, mme ba ne ba kgaogana fa Zuma a tshwarwa ka 1963 a atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Zuma le Khumalo ba en ba nyalana fa a bulelwa kwa kgolegelong ka 1973, ka 1975 Zuma o ne a tshaba a tlogela Khumalo kwa morago. Fa a le mo botshabing, o ne a simolola go ratana le motshabi o mongwe wa ANC Nkosazana Dlamini-Zuma, bobedi joo jwa nyalana moragonyana, se se dira Khumalo mosadi wa ntlha wa ga Zuma mo lonyalong lwa lehuha go ya ka ngwao ya ma Zulu. Bobedi boo ga ba na bana.

Go ya ka metswedi e e gaufi le lolwapa loora Zuma, go bolelwa fa Khumalo a neetswe tiro ya go nna maago bana ba bararo ba ga Zuma ba a ba tshotseng kwa ntle ga lonyalo go ya ka ngwao ya ma Zulu. Bana ba ke Nombuso, Nonhlanhla le o mongwe wa monna o o dingwaga di masome mararo le borobabongwe.[3]

Mohumagadi wa Aforika Borwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Zuma o nnile tautona wa bone wa Aforika Borwa morago ga ditlhopho tsa 2009, a tlhopha Khumalo go nna mohumagadi go stwa ka 2009 go stena 2014, morago a tlhopha mosadi o mongwe wa gagwe, Nompumelelo Ntuli Zuma, go mo tlhatlhama. Ke motlhami wa Sizakhele MaKhumalo Zuma Foundation.

  1. "About Jacob Zuma's first wife". thesouthafrican. Retrieved 31 October 2025
  2. Mdletshe, Canaan (4 March 2013). "MaKhumalo opens up about her love for Zuma". The Times.
  3. "Who are Zuma's 23 children?". Parent. Retrieved 31 October 2025