Jump to content

Gifty Twum-Ampofo

Go tswa ko Wikipedia

Gifty Twum-Ampofo (o belegwe ka 11 Seetebosigo 1967) ke mopolotiki wa kwa Ghana le leloko la Palamente la New Patriotic Party. O kile a nna leloko la Palamente ya Abuakwa North mo kgaolong ya Botlhaba jwa Ghana. Ampofo ke mothusa tona wa bong, bana le tshireletso ya loago kwa Ghana. [1][2][3][4]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Gifty Twum-Ampofo o belegwe ka 11 Seetebosigo 1967 kwa Kukurantumi, kwa Kgaolong ya Botlhaba ya Ghana. O ne a nna le GCE O LEVEL ka 1986 le GCE A LEVEL ka 1989.[ 7]

O ne a nna le BSc. mo Biology go tswa kwa University of Cape Coast ka 1997.[ 8] O ne gape a nna le MBA ya gagwe ya Strategic Management ka 2018.[ 9] O ne gape a na le BSc ya gagwe go tswa kwa Yunibesithing ya Ghana.

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ampofo e ne e le morutabana wa Maranyane kwa Sekolong sa Akosombo pele a nna leloko la Palamente. Gape e ne e le Tlhogo ya Lefapha la Saense le Tlhogo ya Ditlhatlhobo kwa Bolaoding jwa Noka ya Volta.[ 9] Ga jaana ke Motlatsa Tona ya Thuto yo o ikarabelelang ka Katiso ya Thekeniki le Thuto ya Tiro ya Diatla. [ 5]

Bopolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Mopitlwe 2016, o ne a gaisana mme a fenya ditlhopho tsa pele tsa palamente tsa NPP tsa Abuakwa North Constituency kwa Kgaolong ya Botlhaba ya Ghana morago ga loso lwa Joseph Boakye Danquah-Adu. [1] O ne a fenya ditlhopho-potlana tsa Abuakwa North Constituency ka diboutu di le 10,033, a dira 89.60% ya palogotlhe ya diboutu tse di neng di letilwe, fa moemedi wa palamente wa Ghana Freedom Party, Samuel Frimpong a ne a na le diboutu di le 263 a dira 2.35% ya palogotlhe ya diboutu tse di neng di letilwe, mme moemedi wa palamente wa United People's Party, Isaac Kwarteng o ne a na le diboutu di le 901 a dira 8.05% ya palogotlhe ya diboutu tse di neng di letilwe.


Ditlhopho tsa 2016

Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Ghana tsa 2016, o fentse setulo sa palamente sa Abuakwa North Constituency ka diboutu di le 17,838 tse di dirang 59.23% ya palogotlhe ya diboutu tse di tshotsweng, fa moemedi wa palamente wa NDC Victor Emmanuel Smith a ne a na le diboutu di le 11,754 tse di dirang 39.03% ya palogotlhe ya diboutu tse di tshotsweng le moemedi yo o ikemetseng Adjei Danquah Patrick a na le diboutu di le 524 tse di dirang 1.74% ya palogotlhe ya diboutu tse di tshotsweng.

Ditlhopho tsa 2020

Mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Ghana tsa 2020, o ne gape a fenya setilo sa palamente sa Abuakwa North Constituency ka diboutu di le 17,653 tse di dirang 53.2% ya palogotlhe ya diboutu tse di tshotsweng, fa moemedi wa palamente wa NDC Charles Yeboah Darko a na le diboutu di le 15,551 tse di dirang 46.8% ya palogotlhe ya diboutu tse di tshotsweng.

Mo ditlhophong tsa palamente tsa 2024 tsa NPP, o ne a fenngwa ke Nana Ampaw Addo-Frempong. Nana Ampaw o ne a bona diboutu di le 222, a feta moganetsi wa gagwe yo o neng a amogela diboutu di le 202 mo palong yotlhe ya diboutu tse di neng di le teng.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O nyetse mme o na le bana ba le bararo. Ke Mokeresete mme o obamela e le Mo-Methodist.

Tiro ya go aba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Sedimonthole 2022, o ne a abela batho ba ba fetang 35 000 dijo mo tikologong ya gagwe.

[1] "Deputy Ministers". Government of Ghana. Archived from the original on 24 September 2019. Retrieved 2 August 2017.

[2] "List of Akufo-Addo's 50 deputy ministers and four news ministers". Yen Ghana. 15 March 2017. Archived from the original on 8 January 2021. Retrieved 2 August 2017.

[3] "Akufo-Addo names 50 deputies, 4 ministers of state".Cifi FM Online. 15 March 2017. Archived from the original on 8 January 2021. Retrieved 2 August 2017.

[4] "Akufo-Addo picks deputy ministers". Ghana Web. 20 February 2017. Retrieved 2 August 2017.

[5] "Deputy Education Minister Supports Constituents". DailyGuide Network. 19 July 2020. Retrieved 19 July 2020.

[6] "Gifty Twum-Ampofo,MP,Abuakwa North". Graphic Online. 19 October 2023. Retrieved 11 May 2024.

[7] "Parliament of Ghana". www.parliament.gh. Archived from the original on 20 January 2023. Retrieved 11 March 2024.

[8] "Twum-Ampofo, Gifty". Ghana MPS. Retrieved 20 January 2023.

[9]."Parliament of Ghana". www.parliament.gh. Archived from the original on 20 January 2023. Retrieved 20 January 2023.