Jump to content

Ginni rometty

Go tswa ko Wikipedia

Virginia Marie Rometty [1](o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi a le masomea mabedi le boferabongwe (29), ka ngwaga wa 1957) ke motsamaisi wa kgwebo wa kwa Amerika yo e neng e le modulasetilo wa khuduthamaga wa IBM morago ga go tlogela go nna CEO ka kgwedi ya Moranang a thola bongwe (1), ka ngwaga wa 2020. O ne a kile a nna modulasetulo, moporesidente le motsamaisi wa khamphane ya IBM, a nna mosadi wa ntlha go etelela khamphane pele. O ne a rola tiro kwa IBM ka kgwedi ya Sedimonthole a le masome a mararo le bongwe (31), ka ngwaga wa 2020, morago ga tiro ya dingwaga di le masome a mane (40) koo.[2][3][4]Pele a nna moporesidente le CEO ka kgwedi ya Ferikgong la ngwaga wa 2012, o ne a tsenela IBM jaaka moenjiniri wa tsamaiso ka ngwaga wa1981 mme morago a etelela pele thekiso ya lefatshe, papatso le leano. [5][6]

Fa a ne a le manejara kakaretso wa IBM's global services division, ka ngwaga wa 2002 o ne a thusa go buisana ka go reka ga IBM kgwebo ya PricewaterhouseCoopers' IT consulting, a itsege ka tiro ya gagwe ya go kopanya ditlamo tse pedi.[7][8]Jaaka CEO, o ne a tsepamisitse IBM mo go tlhatlhobeng, cloud computing, le cognitive computing systems.[9][10]

Rometty's tenure as IBM's CEO was marked by awards including by Bloomberg's 50 Most Influential People in the World, [11] Fortune's "50 Most Powerful Women in Business", Time's 20 Most Important People in Tech and Forbes' America's Top 50 Women In Tech.Rometty's tenure as CEO of IBM was marked by awards including by Bloomberg's 50 Most Influential People in the World, Fortune's "50 Most Powerful Women in Business", Time's 20 Most Important People in Tech and Forbes' America's Top 50 Women In Tech.[12][6][13] Nako ya gagwe ya go nna mo setulong e ne ya tshwaiwa diphoso thata ka ga dituelo tsa badiredibagolo, go kobiwa mo tirong, go ntshiwa ga tiro kwa ntle, le go okamela dikwatara di le masome a mabedi le bone (24) tse di latelanang tsa tatlhegelo ya lotseno.[14] [15][16]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Ginni Rometty o belegwe ka kgwedi ya Phukwi a le masome a mabedi le borefabongwe (29), ka ngwaga wa 1957, kwa Chicago, Illinois, jaaka Virginia Nicosia. [17] [18][4]O goletse kwa ntle ga Chicago, e ne e le ene yo mogolo mo baneng ba le bane mo lelapeng la Italy le Amerika. Batsadi ba gagwe ba ne ba tlhalana mme rraagwe a mo tlogela fa a ne a le dingwaga di le lesome le botlhano, mme mmaagwe o ne a dira ditiro di le dintsi go tlamela lelapa fa Rometty a ne a tlhokomela lelapa maitseboa. [17][18][19]

O simolotse go tsena kwa Yunibesithing ya Bokone-Bophirima kwa Illinois ka 1975 ka thutego go tswa kwa General Motors, kwa a neng a dira tiro ya boithaopo teng fa gare ga dingwaga tsa gagwe tsa junior le senior. Rometty gape e ne e le leloko la Kappa Kappa Gamma sorority, kwa bofelong a nna moporesidente wa yone. O ne a aloga ka tlotlo e kgolo kwa Robert R. McCormick School of Engineering and Applied Science kwa Northwestern University ka ngwaga wa 1979,[19][6]a amogela dikirii ya bachelor mo computer science le electrical engineering. O amogetse dikerii ya bongaka ya tlotlo go tswa kwa Rensselaer Polytechnic Institute (2014) [20]le Northwestern University (2015). [21]Gape o ne a amogela degree ya tlotlo go tswa kwa North Carolina State University. [22]

1979-1990: GM le IBM maemo a botekgeniki

Morago ga go aloga ka dingwaga tsa bo 1979, Rometty o ne a ya go dira kwa General Motors Institute [23] kwa Flint,[8] koo a neng a le boikarabelo jwa go tlhabolola ditsamaiso le ditsamaiso.[6] Ka ngwaga wa 1981 o ne a tsenela IBM jaaka system analyst [19] le system engineer kwa Detroit. [22][8]Kwa tshimologong o ne a dira le badirisi mo indasetering ya inšorense, o ne a fetsa dingwaga tsa gagwe tsa ntlha tse di lesome kwa IBM mo maemong a botekgeniki. The New York Times e kwala gore o ne a "gatela pele ka bonako go ya go dira ditiro tsa tsamaiso",[26] koo a neng a dira le badirisi ba inšorense, banka, tlhaeletsano, madirelo le tlhokomelo ya boitekanelo.O ne a fetsa dingwaga tsa bo1990 a dira mo kgwebong,[8]mme kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 1990 o ne a thusa badirelwa ba ba jaaka Prudential Financial, Inc. ka ditirelo tsa bone tsa inthanete.[7] O ne a tsenela IBM's Consulting Group ka ngwaga wa 1991.[24]

2000- 2011: Botsamaisi jwa IBM

Fa a ntse a le manejara wa kakaretso wa IBM's global services division,[8] ka 2002 o ne a lwela [24]le go thusa go buisana ka go reka Monday, letsogo la go gakolola la feme ya ditirelo tsa seporofešenale PricewaterhouseCoopers[8] ka $3.5 billion. [24][14]Theko e ne e le "kgolo go gaisa mo hisetoring ya ditirelo tsa seporofešenale" mme e ne ya dira gore IBM e tsene mo kgwebong ya ditirelo. [14] While senior vice president of IBM Global Business Services,[2][25] Rometty then received her "big break"[19] at IBM when she was given the task of integrating PricewaterhouseCoopers and its consultants with IBM. [7]Ka ngwaga wa 2002, Time e ne ya mmitsa mo lenaaneng la ka ngwaga wa 2002 Global Business Influential. Go tloga ka ngwaga wa 2005 go fitlha ka ngwaga wa 2009, o ne a le motlatsa moporesidente wa Global Business Services kwa IBM, mme gape o ne a nna motlatsa moporesidente wa Enterprise Business Services-IBM Global Services ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 2005.[ Mo gare ga ditiro tse dingwe, e ne e le manejara kakaretso wa IBM Global Services, Americas, mmogo le manejara kakaretso wa IBM's Global Insurance and Financial Services Sector. O ne gape e le molekane wa tsamaiso kwa IBM Business Consulting Services, Inc. le mokaedi kakaretso wa Insurance Industry Group. O amogetse sekgele sa Carl Sloane Award 2006 go tswa go Association of Management Consulting Firms. [6][25]

Rometty le batsamaisi ba bangwe ba IBM, ba ne ba tlhagisa leano la kgolo la dingwaga di le tlhano ka ngwaga wa 2007 le le amanang le kgolo ya lotseno le kabo ya kapetlele. Mo gare ga maano a mangwe, "2015 Roadmap"[8][4] e ne ya tlhalosa go sutisa IBM go tswa mo madirelong a didirisiwa go tsepamisa mogopolo mo dikgwebong tse di jaaka software le ditirelo.[4]O ne a nna motlatsa moporesidente wa mogolwane le motsamaisi wa setlhopha sa thekiso, papatso le leano ka 2009, a tsepamisitse mo "phuthong ya go gola ka bonako ya analytics" ya khamphani.[26]

  1. "Revealed: The 20 most powerful women in business 2017". The Telegraph. Retrieved November 8, 2025
  2. 1 2 "IBM Names Rometty to Succeed Palmisano as First Female CEO". Bloomberg BusinessWeek. October 25, 2011. Archived from the original on January 2, 2013. Retrieved October 25, 2011
  3. "IBM's Ginni Rometty Completes Her Ascent by Adding Chairman Role". Bloomberg.com. Bloomberg L.P. September 26, 2012. Retrieved September 26, 2012.
  4. 1 2 3 4 Aluise, Susan J. (May 10, 2012). "America's 10 Most Powerful Female CEOs". InvestorPlace. Retrieved July 10, 2014
  5. "Ginni Rometty: Reinventing Big Blue", Barron's, Leslie P. Norton, May 31, 2014
  6. 1 2 3 4 5 "Virginia M. Rometty Profile", Bloomberg
  7. 1 2 3 "IBM's Rometty Kept on Rising", Spencer E. Ante And Joann S. Lublin, Wall Street Journal, October 27, 2011
  8. 1 2 3 4 5 6 Hempel, Jessi (October 8, 2012). "IBM's Ginni Rometty looks ahead". Fortune.
  9. Bellstrom, Kristen (September 15, 2015). "Fortune's Most Powerful Women List". Fortune
  10. "IBM grants CEO Ginni Rometty a record bonus after share surge", Financial Review, February 7, 2017
  11. 50 Most Influential list of Bloomberg Markets magazine in September 2012
  12. "The 20 Most Influential People in Tech Right Now", Time, May 8, 2017
  13. "Ginni Rometty". Fortune. September 20, 2012. Retrieved September 20, 2012
  14. 1 2 3 Danielle Wiener-Bronner (January 18, 2018). "IBM 's sales grew for the first time in 5 years". CNN.
  15. "CEOs Who Have to Go in 2016". 247wallst.com. Retrieved May 2, 2017
  16. "Fortune Magazine". Gets a Raise Despite Tumbling Stock Price
  17. 1 2 Waters, Richard (October 28, 2011). "More than a big smile on Big Blue's face". Financial Times. Retrieved July 16, 2014.
  18. 1 2 "NU appoints 5 new members to Board of Trustees". Northwestern University. June 25, 2010. Archived from the original on June 29, 2010. Retrieved October 26, 2011.
  19. 1 2 3 4 "Lunch with the FT: Ginni Rometty", Gillian Tett, Financial Times, February 6, 2015
  20. "Rensselaer Polytechnic Institute Graduates 1,613 in 208th Commencement Ceremony". Retrieved April 4, 2015
  21. "IBM executive, Northwestern alumna Virginia Rometty to speak at 2015 commencement". March 5, 2015. Retrieved April 4, 2015.
  22. 1 2 "NC State Commencement". news.ncsu.edu. April 15, 2019. Retrieved January 31, 2020
  23. "IBM Names Virginia Rometty as First Female CEO". Wired. October 25, 2011. Retrieved October 26, 2011
  24. 1 2 3 "I.B.M. Names Virginia Rometty as New Chief Executive". The New York Times. October 25, 2011. Retrieved October 26, 2011
  25. 1 2 "Council Members - Ginni Rometty", Latin America Conservation Council, 2018
  26. "IBM CEO Sam Palmisano to step down". CNN. October 25, 2011. Retrieved October 25, 2011