Jump to content

Gisèle Rabesahala

Go tswa ko Wikipedia
Giséle Rabesahala

Marie Gisèle Aimée Rabesahala (o o tshotsweng ka Motsheganong a supa ngwaga wa 1929 - a tlhokafala ka Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2011) e ne e le mopolotiki le molwela ditshwanelo wa kwa Madagascar, o e neng e le mme wa ntlha go nna mo maemong a tona mo pusong ya Madagascar. O tsene mo polotiking a le dingwaga di le lesome le bosupa, a boloditse letsholo mo boemong jwa magolegwa a polotiki, a nna mosadi wa ntlha kwa Madagascar go nna mokhanselara wa mmasepala, pele ga a nna mme wa ntlha kwa Madagascar go tlhama le go etelela pele phathi ya polotiki.[1][2] O ne a tlhama phathi ya Congress Party for the Independence of Madagascar, e e tsereng puso ka 1975. Ka ngwaga wa 1977, o ne a nna tona wa ntlha wa mme kwa Madagascar, maikarabelo a gagwe e le go tsibosa le go tokafatsa botaki le ngwao, mme a latlhagelwa ke tiro ka 1991 fa lephata la gagwe le ne le emisiwa fa lefatshye la Madagascar le boela mo pusong ya batho ka batho ya diphathi tse dintsi. O ne a tswelela a nna mopolotiki le mmega dikgang go fitlhelela a tlhokafala ka 2011.

Botshelo jwa a le mmotlana le tshimololo ya tiro ya gagwe ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe mo lolwapeng lwa sepolotiki kwa Antananarivo, toropokgolo ya Madagascar. Rraagwe e ne e le lesole le le botlana mo sesoleng sa Fora, ka jalo mo bongwanneng jwa gagwe lolwapa lwa gagwe lo ne lo fuduga go tswa France, Tunisia le Mali kwa a neng a romelwa teng. Ba boetse kwa Madagascar ka 1942 fa a tlhokafala. O ne a eleditse go nna moitlami wa mokgatlho wa bodumedi fa a santse a le ngwana, mme o ne a tsaya sthono, e bomme ba le palo potlana ba lotso lwa Malagasy ba neng ba na le yone ka nako eo, ya go rutega. O supiwa fa e le letlhagolela tsela la sepolotiki sa Madagascar, a bereka e le mokwaledi a bo a tsaya karolo phetogong ya sepolotiki a le dingwaga di le lesome le bosupa ka dingwaga tsa 1950.[3]

Rabesahala o nnile mokwaledi mogolo wa komiti ya Malagasy, lekgotla le le tlhamilweng morago ga ditiragalo tsa tshololo madi kwa Madagascar, ka fa tlase ka puso ya bokolone. Ka nako eo, maikaelelo a mokgatlho e ne e le go tlhama mokgatlho o o berekang go sireletsa batswa setlhabelo ba kgatelelo ya puso ya bokolone ya France morago ga tsuololo ya Madagascar ya 1947. Katlego ya yone e ne ya nna dingwaga di robabongwe tsa go lwela tshiamo, kgololesego le serodumo sa lefatshe mo batho ba ba nang le pelo ba France ba neng ba nang bontlha jwa gone le batho go tswa mo mafatsheng a a farologaneng. Ka ngwaga wa 1960, fa boipuso bo tsewa gape, mokgatlho o ne wa fetola maikaelelo go itebaganya le ditirelo tsa tlhabololo, se itebaganya le go baya kwa pele thuto le botsogo, fa godimo ga go thusa batlhoki le batswa setlhabelo ba dibetsa tsa tlholego.[4] O berekile go netefatsa kgololesego ya magolegwa a le dikete, a kwalela babega dikgang makwalo le go kgatlha leitlho la mafatshefatshe. O berekile le maloko a lekgamu la molema la khuduthamaga ya puso ya France go rulaganya dikopo mo go tautona wa France Vincent Auriol, fa komiti ya gagwe e ne e bereka go ema nokeng malwapa a magolegwa go ba thusa go emelelana le bothata jo ba neng ba lebagane le bone.[5]

Rabesahala o nnile mme wa ntlha wa Malagasy go tlhophiwa go nna mokhanselara wa masepala ka1956, a nna mme wa ntlha go nna moeteledipele wa phathi ya Union of the Malagasy People, e a e tlhamileng ka 1956. O berekile gape mo mokgatlhong wa babereki wa FISEMA, o o neng o ikamantseng le General Confederation of Labour, a bereka mo lekgotleng la baeteledipele ba Imongo Vaovao, pampiri ya lefatshe e e neng e le kgatlhanong le puso ya bokolone ya France kwa Madagascar,[3] o nnile mo maemong ao go fitlhelela ka 2011.[6] Ka ngwaga wa 1958 o ne a tlhama phathi ya Congress Party for the Independence of Madagascar (AKFM), golaganya makgotla a le matlhano.[3]

Tiro ya gagwe mo ofising

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1975, dingwaga di le lesome le botlhano morago ga lefatshe la Madagascar le tsaya boipuso mo go la France, AFKM e ne ya tsaya puso ya tlhama Democratic Republic of Madagascar (DRM). Rabesahala o ne a emetse AKFM mo lekgotleng la National Front of the Defense of the Revolution, bokopano jwa diphathi di le thataro tsa sepolotiki. O ne a emela motsana wa gaabo wa Antananarivo e le mothusi mo khuduthamageng. Ka ngwaga wa 1977, o ne a nna mme wa ntlha kwa Madgascar go nna tona a bereka e le tona wa botaki le ngwao go fitlhelela ka 1989, le e le tona wa ngwao go tswa ka 1989 go tsena 1991.[3]

O dule mo setilong ka Phatwe 1991 fa puso e ntšha ya ga Guy Razanamasy e ne e emisa lephata la gagwe e le bontlha jwa puso ya batho ka batho ya diphathi tse dintsi. K a nako eo AKFM e ne e kgaogane. Rabesahala o ne a sala mo lekgamung la AKFM, le le neng le kopane le la ga tautona wa pele wa DRM Didier Ratsiraka ka fa tlase ga Militant Movement for Malagasy Socialism ka 1990. Kopo ya go nna tautona ka dilthopho tsa 1993 ya ga Ratsiraka e ne ya retela fa AKFM e sa fenye setilo sepe sa bopalamente.[3]

Rabehasala o ne a nna kgatlhanong le puso e ntšha ya ga Albert Zafy ka bobegadikgang le go kwala dipampitshana, fa Ratsikara a boela mo maemong ka ditlhopho tsa 1997 o ne a boela gape mo sepolotiking. O ne a gakolola mothusa tonakgolo Pascal Rakotomavo mme a ithola marapo ka 1998 morago ga gore AKFM e retelelwe gape ke go fenya setilo sepe. O ne a bereka go aga phathi e nngwefela e e kopaneng go ema tautona Ratsikara nokeng, mme a mo tlhoma mookamedi le mongwe wa bathusa tautona ba barataro. Fa Marc Ravalomanana a tsaya setilo ka 2002, o ne a nna lentswe la kganetso mo go se a neng a se bona e le go tsenelela ga mafatshe a sele.[3]

Ga ise a ke a nyalwe ebile o ne a sena bana, a re o itlhophela go berekela lefatshe la gagwe, e seng motho a le mongwe. O tlhokafetse ka Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2011.[6]

Mo mafokong a a neng a lebagane mapalamente a Madagascar, mokwaledi mogolo wa UN Ban Ki-Moon o ne a mo galaletsa:

Gisele Rabehasala o o re tlogetseng e ne e le kokomane ya Madagascar le sekai mo lefatsheng ka bophara. O tsene mo polotiking a le dingwaga di le lesome le bosupa fela. O lole kgatlhanong le bokolone a lwela batlhoki. O nnile mme wa ntlha go nna tona mo Madagascar. O kile are, "fa re sa itse kwa re tswang teng, ga re itse kwa re yang." Ke lo rotloetsa go tsaya mafoko a ka tlhwaafalo, lo ithute mo ditsong tsa lona lo age bokamoso jo bo botoka mo gfo botlhe.[7]

  1. ↑ "Gisèle Rabesahala". UNESCO. Archived from the original on 4 November 2016. Retrieved 27 April 2026
  2. ↑ "Gisele Rabesahala: Walk To The Royal Hill of Ambohimanga" (PDF). UNESCO. p. 7. Archived (PDF) from the original on 21 October 2016. Retrieved 27 April 2026
  3. 1 2 3 4 5 6 Allen, Philip M.; Covell, Maureen (2005). Historical Dictionary of Madagascar. Scarecrow Press. pp. 220–1. ISBN 978-0-8108-4636-4.
  4. ↑ "Le Comité de solidarité". 28 June 2011. Archived from the original on 10 January 2021. Retrieved 27 April 2026
  5. ↑ Sylvia, Serbin; Ravaomalala, Rasoanaivo-Randriamamonjy (2015). African women, Pan-Africanism and African renaissance. UNESCO Publishing. p. 56. ISBN 978-92-3-100130-7.
  6. 1 2 "Portrait – Gisèle Rabesahala : La liberté et les droits humains, son combat de toute une vie". Midi-Madagasikara. 9 May 2014. Archived from the original on 28 October 2016. Retrieved 27 April 2026
  7. ↑ "Secretary-General's address to the Joint Congress of Senate and Assembly, including launch of the report on the cost of hunger in Madagascar [scroll down for French]". United Nations Secretary-General. 11 May 2016. Archived from the original on 1 August 2021. Retrieved 27 April 2026