Gladys Chesir Kiptagelai
Gladys Chesir Kiptagelai (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi (20) ka ngwaga wa 1993) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo sekgaleng go tswa go dimitara di le 3000 go fitlha kwa marathoneng. E ne e le mofenyi wa mmentlele wa gauta kwa Diolimpiking tsa Bašwa le mofenyi wa mmentlele wa selefera kwa Metshamekong ya Aforika ka ngwaga wa 2015.
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Chesir o fentse mmentlele wa gagwe wa ntlha wa boditšhabatšhaba kwa Diolimpiking tsa Baša tsa Selemo tsa ngwaga wa 2010, koo a neng a nna kwa setlhoeng sa sethala mo lebelong la 3000 m. Eno e ne e le mmentlele wa ntlha wa Kenya kwa kgaisanong e ntšha eno.[1]O simolotse go dira letshwao la gagwe jaaka mogolo mo e ka nnang kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 2014 mo dikgaisanong tsa go taboga mo tseleng, a nna le diphelelo tse tharo tse di kwa godimo kwa Zevenheuvelenloop, Halofo ya Marathone wa Egmond le Lefatshe 10K Bangalore. O ne a tlhoma maemo a a kwa godimo mo halofong ya mmarathone kwa Yangzhou, a taboga ka nako ya 1:09:17. Morago ga go nna mo maemong a boraro kwa Dikgaisanong tsa Diatleletiki tsa Kenya,[2]o ne a tlhophelwa dimitara di le 10 000 kwa Metshamekong ya Aforika ya ngwaga wa 2015 mme kwa bofelong a gapa mmentlele wa selefera mo kgaisanong ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba, a le kwa morago ga moagi ka ene Alice Aprot Nawowuna.[3]Bokgoni jwa gagwe bo ne jwa supiwa gape ka phenyo kwa Grand 10 Berlin, koo a neng a tlhatlogela kwa maemong a borobongwe mo manaaneng a go taboga ga 10K ka nako yotlhe ka nako ya 30:41.[4]
Chesir o ne a tswelela go tokafala ka nako ya 68:36 go nna wa boraro kwa Halofo ya Marathone wa Delhi, morago ga moo 66:57 go nna wa botlhano kwa Halofo ya Marathone wa RAK. Seno se ne sa dira gore a tlhophelwe go tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone tsa IAAF tsa ngwaga wa 2016, koo a neng a le mo maemong a borataro ka nako ya 68:46, mme a le kwa ntle ga maemo a setlhopha a le kwa morago ga baagi ka ene e bong Peres Jechirchir, Cynthia Jerotich, le Mary Wacera Ngugi, ba ba neng ba tsaya maemo a mararo a a kwa godimo. O ne a tsaya maemo a boraro mo lebelong la dimitara di le 10 000 kwa Ditekong tsa Diolimpiki tsa Athletics Kenya tsa ngwaga wa 2016, mme ga a ka a tsenngwa mo setlhopheng sa Kenya ka a ne a sa fitlhelela nako e e tlhokegang ya go tshwanelega. O ne a tswelela mo ditseleng, a nna mo maemong a ntlha a matlhano kwa Delhi, Copenhagen, le Prague pele ga a fenya Halofo ya Mmarathone wa Lille ka nako ya gagwe ya bobedi e e bofefo go gaisa tsotlhe ka nako eo ka 67:49.[2][5]
Chesir o ne a nna le marathone wa gagwe wa ntlha ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2017, mme o ne a dira tiro e e nonofileng ka 2:24:51 go bona maemo a bobedi mo marathoneng wa maemo a a kwa godimo morago ga Moethiopia Tadelech Bekele.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Chesir wins Kenya’s first Gold medal in Singapore. Sports News Arena (2010-08-22). Retrieved 2018-02-15
- 1 2 Gladys Cheshire. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 2018-02-15
- ↑ Aprot shatters 10000m Games record on Day 4 of African Games – Brazzaville 2015. Athletics Africa (2015-09-17). Retrieved 2018-02-15
- ↑ Chesire runs world-leading 10km in Berlin. IAAF (2015-10-11). Retrieved 2018-02-15.
- ↑ Lille Half marathon: Kenyans Gladys Chesir, Vincent Rono take honours. Daily Sport (2017-09-03). Retrieved 2018-02-15.
- ↑ Brink, Cors (2017-10-15). Cherono breaks course record at Amsterdam Marathon. IAAF. Retrieved 2018-02-15