Jump to content

Glanis Changachirere

Go tswa ko Wikipedia

Glanis Changachirere (yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1983, kwa Kgaolong ya Bogare jwa Mashonaland, kwa Zimbabwe) ke molweladitshwanelo tsa basadi wa kwa Zimbabwe. Ke Mokaedi yo o simolodisitseng Setheo sa Tlhabololo ya Basadi ba Basha (IYWD) le Mogokaganyi yo o simolodisitseng Bokopano jwa Baeteledipele ba Basadi ba Aforika. Gape ke leloko la Komiti e e Tsamaisang ya kgaolo ya Zimbabwe ya Kgokagano ya Baeteledipele ba Basadi ba Aforika e e engweng nokeng ke mokgatlho wa Basadi wa Lekgotla la Ditshaba go tloga ka Mopitlo 2022.[1] [2]

Kwa morago le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Glanis Changachirere o tsholetswe kwa metseselegaeng ya Kgaolong ya Bogare jwa Mashonaland kwa Zimbabwe ka 1983. Changachirere o na le Masters mo Ditirisanong tsa Boditšhabatšhaba (ka fa letlhakoreng la Bong ), Dipolotiki le Ditirisano tsa Boditšhabatšhaba go tswa kwa Yunibesithing ya Birmingham le Masters mo Melaong ya Setšhaba le Puso go tswa kwa Yunibesithing ya Aforika.[3] Gape o na le seetsele sa Ditlhaeletsano le sa Bobegadikgang jwa Loago go tswa kwa Yunibesithing ya St. Francis Xavier. Ke Moithuti wa Chevening wa 2018/2019 mo Ditirisanong tsa Boditšhabatšhaba (ka fa letlhakoreng la Bong).[4] Ka 2021, mokgatlho wa Basadi wa Lekgotla la Ditshaba o ne wa mo supa jaaka mongwe wa baeteledipele ba ba Lesome ba Basadi ba Aforika ba re ba ratang[5]

Glanis Changachirere e ne e le Modiredi wa Mananeo a Bong le Ditshwanelo tsa Setho kwa Mokgatlhong wa Basha o o sa Direng Dipoelo. Gape ke Leloko la Komiti e e Tsamaisang ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Puso ya batho ka batho fa e sale ka 2015. Gape ke Mokaedi wa Setheo sa Tlhabololo ya Basadi ba Basha go tloga ka 2009.[6][7][8] Glanis Changachirere ke mogokaganyi wa Kgaolo wa Bokopano jwa Baeteledipele ba Basadi ba Aforika go tloga ka 2015 go fitlha ga jaana. Gape ke mongwe wa Baatlhodi ba le batlhano ba Seetsele sa Lepolotiki la Ngwaga wa 2022.[9]

Ka 2013, Changachirere o amogetse Kabo ya Puso ya batho ka batho ya Batho ba le masome a mararo ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse masome a mararo go tswa kwa Letloleng la Bosetšhaba la Puso ya batho ka batho go mo akgolela tiro ya gagwe ya bobulatsela mo go nneng le seabe ga makgarebe mo dipolotiking.[10] Ka 2016, o ne a tlhophelwa Fellowship ya Puso ya batho ka batho ya Reagan–Fascell kwa Setheong sa Bosetšhaba sa Puso ya batho ka batho.[11]

Bolweladitshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa gagwe wa Setheo sa Tlhabololo ya Basadi ba Basha (IYWD) ke mokgatlho wa maloko a basadi ba ba botlana a le dikete tse supa go ralala ditšhaba tsa magae le tsa meepo mo lefatsheng. Mokgatlho o fitlhelela thomo ya one ka go tlhabolola bokgoni jwa makgarebe mo ditshwanelong tsa setho le go tsaya karolo, kgolagano le go aga mokgatlho le banaleseabe ba togamaano go gwetlha le go tsamaisa maatla mo godimo ga, go lwela baagi le go tlamela ka kutlwano e e matlhagatlhaga go balweladitshwanelo tsa baagi le batho ba bangwe ba ba nang le mogopolo o o tshwanang le wa bone le mekgatlho.[12] Mo maemong a bosetšhaba, IYWD e dirisana le Bokopano jwa Bong jwa Zimbabwe go tlhagisa Molaokakanyetso wa Tekatekano ya Bong go gwetlha go tlhoka tekatekano ga setso le go tlhoka tshiamiso mo go rwalwang ke makgarebe mo lefatsheng.[13][14] Gape ke mmueledi wa kgokgontsho ya bong mo lefatsheng la gaabo, Zimbabwe.[15][16]

  1. "Who We Are". youngwomeninstitute.net (in British English). Archived from the original on 2022-09-28. Retrieved 2022-03-15.
  2. "Ten African Women leaders we admire". UN Women – Africa (in Sekgoa). Retrieved 2022-03-15.
  3. FORUM2000.CZ. "Glanis Changachirere". Forum 2000 (in Sekgoa). Retrieved 2022-03-15.
  4. "Glanis Changachirere (Zimbabwe)". World Movement for Democracy (in American English). Retrieved 2022-03-15.
  5. "Ten African Women leaders we admire".
  6. Walravens, Samantha. "Salesforce CFO Amy Weaver On Leading With Kindness And Authenticity". Forbes (in Sekgoa). Retrieved 2022-03-15.
  7. "Glanis Changachirere (Zimbabwe)". World Movement for Democracy (in American English). Retrieved 2022-03-15.
  8. "Glanis Changachirere". NATIONAL ENDOWMENT FOR DEMOCRACY (in American English). 2016-10-04. Archived from the original on 2022-09-28. Retrieved 2022-03-15.
  9. "Politician of the Year Award Judges 2022 | One Young World". www.oneyoungworld.com (in Sekgoa). Archived from the original on 2022-09-28. Retrieved 2022-03-15.
  10. "Glanis Changachirere (Zimbabwe)". NED at 30 Years (in American English). 2013-08-07. Retrieved 2022-03-15.
  11. "Glanis Changachirere (Zimbabwe)". World Movement for Democracy (in American English). Retrieved 2022-03-15.
  12. "Who We Are". youngwomeninstitute.net (in British English). Archived from the original on 2022-09-28. Retrieved 2022-03-15.
  13. "Ten African Women leaders we admire". UN Women – Africa (in Sekgoa). Retrieved 2022-03-15.
  14. "Glanis Changachirere (Zimbabwe)". World Movement for Democracy (in American English). Retrieved 2022-03-15.
  15. "16 women championing the fight against Gender-Based Violence in East and Southern Africa". UN Women – Africa (in Sekgoa). Retrieved 2022-03-15.
  16. "The Gendering of Violence in Zimbabwean Politics | African Arguments" (in British English). 2020-12-08. Retrieved 2022-03-15.