Go boloka dipuo tsa Aforika Borwa le go tlotla phapang ya setso
Dipuo tse di farologaneng tsa Aforika Borwa ke karolo ya pele ya boitseanape jwa setso sa rona. Maiteko a go boloka le go tshegetsa pharologanyo eno a botlhokwa go sireletsa boswa jwa rona le go netefatsa gore botlhe ba amogelesega mo ntshetsopele.[1]
Ngwao le hisitori
[fetola | Fetola Motswedi]Dipuo tsa Aforika Borwa di golagane thata le setso le hisetori ya naga, di dira jaaka dikgolagano tse di botlhokwa tsa dingwao le boitshupo. Dipuo tseno di na le ditori, dingwao le mekgwa ya botshelo e e tlhalosang merafe e e farologaneng ya setšhaba sa Aforika Borwa.[2] Go di boloka go tlhomamisa gore dipolelo tseno tse di humileng tsa setso ga di latlhege mo tsamaong ya nako, go dira gore dikokomana tse di tlang di kgone go nna le kamano le boswa jwa bone le segopodiso sa bone. Fa go sa dirwe maiteko a go boloka dipuo tseno, kitso e e botlhokwa ya setso le dikgopolo tsa hisitori di ka nyelela ka bosakhutleng.[3][4]
Go ithuta puo
[fetola | Fetola Motswedi]Go ruta bana ka puo ya bone ya tlholego go botlhokwa thata gore ba kgone go ithuta ka tsela e e kgatlhisang le gore ba gole sentle mo tlhaloganyong. Fa bana ba ithuta ka puo ya bone, ba kgona go tlhaloganya dilo motlhofo e bile ba kgona go nna le seabe ka botlalo mo thutong.[4] Mokgwa ono ga o tokafatse fela maduo a thuto mme gape o thusa go boloka dipuo tseno ka go di fetisetsa mo dikokomaneng tse disha. Dikolo tse di tsenyeletsang dipuo tsa selegae mo kharikhulamong ya tsone di na le seabe se segolo mo go bolokeng dipuo tseno di tshela e bile di le botlhokwa mo setšhabeng sa gompieno[4]
Ditshono tse di lekanang
[fetola | Fetola Motswedi]Go somarela puo gape go rotloetsa tekatekano ya loago le go akaretsa batho botlhe. Fa batho ba kgona go dirisa dipuo tsa bone tsa tlholego mo botshelong jwa setšhaba, go ka direga thata gore ba nne le seabe ka botlalo mo setšhabeng le go bona ditshono tsa ikonomi.[2] Go farologana le seo, go kgaphela dipuo tsa selegae kwa thoko go ka dira gore batho ba se ka ba akarediwa mo setšhabeng le gore go nne le go sa lekalekane. Ka go tlotla le go sireletsa dipuo tsotlhe tsa Aforika Borwa, naga e rotloetsa tekatekano le tlotlo gareng ga baagi ba yona ba ba farologaneng, go tshegetsa momagano ya loago le kopano.[2]
Tshireletso ya puo
[fetola | Fetola Motswedi]
Dipuo dingwe tsa mo Afrika Borwa di ka nna mo kotsing, fa go sa tlhole go na le batho ba le bantsi ba ba di buang. Kotsi e e tshosetsang go nyelela ga tsone. Go tlhokega maiteko a a kopanetsweng go tsosolosa dipuo tseno ka go kwala, thuto le go nna le seabe mo setšhabeng.[5] Go gatisa dibuka, go dira didirisiwa tsa go ithuta, le go kgothaletsa gore di dirisiwe mo magaeng le kwa dikolong go ka thusa go tsosolosa dipuo tseno.[6] Go sireletsa dipharologano tsa dipuo go botlhokwa e seng fela ka ntlha ya khumo ya setso mme gape le ka ntlha ya go somarela mekgwa ya kitso ya batho ba tlholego le dikakanyo tsa lefatshe tse di akareditsweng mo dipuong tseno.[4][5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ https://southafrica-info.com/arts-culture/11-languages-south-africa/
- 1 2 3 https://www.sanews.gov.za/features-south-africa/preserving-culture-language
- ↑ https://face2faceafrica.com/article/the-importance-of-language-preservation-in-african-cultures
- 1 2 3 4 https://www.africanleadershipmagazine.co.uk/why-africa-must-act-to-save-its-native-languages-from-extinction/
- 1 2 https://journals.co.za/doi/pdf/10.10520/EJC129282
- ↑ https://fwdeklerk.org/preserving-south-africas-indigenous-languages-a-living-legacy-for-future-generations/