Jump to content

Go busediwa kwa gae le go fitlhwa gape ga masalela a batho

Go tswa ko Wikipedia
Ka Phalane a le malatsi a masome mabedi le bobedi ka 2017 Presidio of Monterey e ne ya tshwara moleto wa Amerika a tlholego wa go busediwa kwa gae le go fitlhwa gape ga masalela a batho kwa mabitleng a mo gae. Masalela a MaAmerika a tlholego a le lesome le bosupa le didirisiwa tsa loso di feta makgolo a mararo tse di bonweng magareng ga 1910 le 1985 di ne tsa fitlhwa.

Go busediwa kwa gae le go fitlhwa gape ga masalela a batho ke kgang ya ga jaana mo thutong ya go epolola marapo le mo tsamaisong ya metlobo ka ga go tshwara ga masalela a batho. Magareng ga setshaba sa motswedi wa ditlogolwana le baithuta-batho, go na le dikakanyo tse di farologaneng tsa gore a masalela a tshwanetse go busediwa kwa gae kgotsa nnyaa. Go na le dithutopatlisiso di le mmalwa go ralala lefatshe tsa masalela a batho a a kileng a busediwa kwa gae kgotsa a a sa ntseng a tlhoka go busediwa kwa gae.

Go busediwa ga masalela a batho kwa gae le go a fitlha gape go tsewa e le selo se se bakang dikganetsano mo teng ga maitsholo a baepi ba dilo tsa bogologolo.[1] Gantsi, ditlogolwana le batho ba ba tswang mo setshabeng sa motswedi wa masalela ba eletsa go boa ga one.[2][3][4][5] Go sa le jalo, Baithuta-batho, e leng bamaranyane ba ba ithutang masalela ao gore ba dire dipatlisiso, ba ka nna ba bo ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng. Baithuta-batho bangwe ba dumela go le botlhokwa go boloka masalela gore go tokafadiwe thuto le go tlhaloganya ditso.[6][7] Ba bangwe ba akanya gore go busediwa kwa gae go botlhokwa gore ditlogolwana di kgone go tlotliwa.[8]

  1. Scarre and Scarre (2006). The ethics of archaeology : philosophical perspectives on archaeological practice, p. 206-208. Cambridge University Press, Cambridge. ISBN 0-521-54942-6. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  2. Atkinson, Henry (2010). "The Meanings and Values of Repatriation". In Turnbull, Paul; Pickering, Michael (eds.). The long way home: the meanings and values of repatriation. New York: Berghahn Books. pp. 15–19. ISBN 978-1-84545-958-1. E nopotswe ka kgwedi ya Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  3. Cubillo, Franchesca (2010). "Repatriating Our Ancestors: Who Will Speak for the Dead?". In Turnbull, Paul; Pickering, Michael (eds.). The long way home: the meanings and values of repatriation. New York: Berghahn Books. pp. 20–26. ISBN 978-1-84545-958-1. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  4. Rapoo, Connie (June 2011). "'Just give us the bones!': theatres of African diasporic returns". Critical Arts. 25 (2): 132–149. doi:10.1080/02560046.2011.569057. ISSN 0256-0046. S2CID 144820392. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  5. Cressida, Fforde (2002). The Dead and their Possessions : Repatriation in Principle, Policy and Practice. London: Routledge. pp. 245–255. ISBN 978-0-203-16577-5. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  6. Weiss, Elizabeth; Springer, James (September 2020). Repatriation and erasing the past. University of Florida Press. pp. 194–210. ISBN 978-1-68340-223-7. OCLC 1253398847. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi marataro ka 2025.
  7. Landau, Patricia (2000). Mihesuah, Devon (ed.). Repatriation Reader: who owns American Indian remains?. London: University of Nebraska Press. pp. 74–94. ISBN 0-8032-8264-8. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  8. Halcrow, Siân; Aranui, Amber; Halmhofer, Stephanie; Heppner, Annalisa; Johnson, Norma; Killgrove, Kristina; Schug, Gwen Robbins (26 November 2021). "Moving beyond Weiss and Springer's Repatriation and Erasing the Past: Indigenous values, relationships, and research". International Journal of Cultural Property. 28 (2): 211–220. doi:10.1017/S0940739121000229. ISSN 0940-7391. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.