Go busetsa seriti
Go busetsa seriti ke tsela ya go busetsa batho le merafe dituelo tsa dithoto ka ditsamaiso tse di netefatsang setho sa bone le go monotsha se ba se emetseng. Go busetsa seriti gantsi go tlhaloganngwa e le go fodisa kgotsa go baakanya go tsaya seriti - fa lefatshe le senya kgotsa le tsaya ditshwanelo tsa batho tsa dithoto, ditlamorago ke go ba diga seriti kgotsa go ba tlontlolola.[1]
Motheo
[fetola | Fetola Motswedi]thulaganyo ya go busetsa seriti e tlhamilwe pele ke motlhatlhelela dithuto Bernadette Atuahene morago ga go tlhotlhomisa ka go tsewa ga lefatshe kwa Aforika Borwa mo bukeng ya gagwe ya We want whats Ours:Learning from South Africa's Restitution Program. Atuahene o ne a leba go tseelwa seriti e le fa lefatshe le le senya kgotsa le tsaya ditshwanelo tsa dithoto mo bathong, ba feleletsa ba ba tseetse seriti le go ba tlontlolola. Atuahene o ne a leba pusetso ya se e se dituelo fela, mme e le go tsosolosa seriti sa bone, kana go ba duela ka tsela e e tla tsosolosang serodumo sa bone. [1] Go busetsa seriti go fa merafe e e tseetsweng dithoto maatla a go tsaya tshwetso ya ka fa ba batlang go thatafadiwa ka teng. Kgang ya go busetsa seriti e fa tshono ya go buisana ka tsela e e tshwanetseng ya go baakanya seemo sa go tsaya seriti, mme ka tsela e nngwe go akanngwa gape ka maikaelelo le kgonagalo ya go baakanya.[2][3] Fa e sale ka mokwalo wa ga Atuahene, baithuti ba le bantsi ba dirisitse tsela e mo dipatlisisong mo mafelong a a farologaneng le dinako tse di farologaneng.[4]
Dipopego tsa go busetsa seriti
[fetola | Fetola Motswedi]Botlhokwa jwa go itseela ditshwetso
[fetola | Fetola Motswedi]Go busetsa seriti go gatelela botlhokwa jwa gore ba ba tseetsweng seriti ba tseye tshwetso ya ka f ba batlang se busediwa ka teng, fa godimo ga dipoelo tsa dithoto. Sekai: moithuti wa tsa molao le setho Cesar Rosado o ne a dira tiro ya botaki jwa dilo tsa setso kwa komponeng ya Chicago worker center e e bidiwang Arise e e thusang babereki ba ba seng mo teseletsong le ba bangwe ba ba tlhokang thuso.[5] O ne a feleletsa ka gore go tlhoka go duelwa ke go ganelwa ka dithoto ebile e le go tseela motho seriri, le gore melao e e sireletsang ditshwanelo tsa babereki e botlhokwa ka e letla babereki go lwela dipoelo.[6] Mo sekaing se sengwe, moithuti wa tsa molao Eva Pils o ne a tlhalosa fa go pateletsa batho go fuduga kwa maganeng go sutela go gola ga toropo ga lefatshe la China, ke go tseela batho seriti.[7] Go ya ka Pils, dituelo le mananeo a go fudusa batho ga puso ya lefatshe la China ga go lekane seelo sa go tsosolosa seriti sa batho. Le ntswa go le diphatsa, Pils o ne a tlhalosa gore go gana go fudusiwa go ka busetsa serodumo sa batho.[8]
Go farologanya kgatlhanong le go busetsa
[fetola | Fetola Motswedi]Pusetso ya seriti ga e tlhoke go akaretsa go busetsa batho ba ba fudusitweng, jaaka baithuti ba supile gore go amogela go itseela tshwetso ga batswasetlhabelo go ka feleletsa go na le molao le go tsosologa ka lobaka mo go bone. Moithuti wa mekgwa ya batho Justin Richland o akgolelwa go ntšhafatsa tlhaloso ya pusetso ya seriri go nna: phodiso e e batlang go duela batho le merafe e e fudusitsweng ka ditsela tse di tlhomamisang setho sa bone le gatelela se ba leng sone,[2] fa tlhaloso ya ntlha e ne e akaretsa mosola wa go busetsa seriti ele go busetsa seriti le go ba busetsa mo setšhabeng ka tsamaiso.[1] Richland o ne a lebela go ntsha batho ba Hopi kwa lefatsheng la bone la ngwao le go isa tlase ga lefatshe le ke U.S Forest Service, e le sekai sa ka fa go busetsa seriti go ka amogelang go kgaoganngwa le go itseela ditshwetso go na le go busediwa.[9]
Dikai tsa go busetsa seriti mo go tletseng kgotsa bontlha jwa gone
[fetola | Fetola Motswedi]Dithoto tsa lenyalo kwa borwa jwa Nigeria
[fetola | Fetola Motswedi]Go ya ka moithuti wa tsa molao Anthony Diala, molao wa kwa borwa jwa Nigeria o o laolang go tlhoka tekatekano ga kaogano ya dithoto morago ga tlhalo, ke go tseela motho seriti. Ka go sala morago molao wa ngwao, basadi ba tseelwa dithoto tse di ba tshwanetseng.[10] Go baakanya seemo se, puso ya Nigeria e dirile lephata la go nna sentle ga batho, le le laelang banna go kgaoganya dithoto tsa lenyalo le go duela basadi. Go dira jaana, go na le seabe mo go busetseng seriti ka go baakanya melao ya mo gae.[10]
Go dira go ratana ka bong bo le bongwe molato kwa Kenya
[fetola | Fetola Motswedi]Go ya ka ra maranyane wa sepolotiki Ari Shaw, go dira go raatna ka bong molato ga kwa Kenya ke sekai se se papametseng sa go tseela batho seriti.[11] Ka maiteko a go busetsa seriti sa bone, balweladitshwanelo ba lekgotla la LGBT ba kwa Kenya ba ne ba amogela ditshwanelo tsa setho tsa lefatshe ka kakaretso. Ka go lwela ditshwanelo ba ka supa tlhomamo ya bone, mo go dirang go busetsa seriti bontlha bongwe. Go busetsa seriti gotlhelele ga go ise go diragadiwe ka tsamaiso ya ga Shaw, ka go ratana ka bong go santse go se mo molaong kwa Kenya.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 We Want What's Ours: Learning from South Africa's Land Restitution Program. Oxford, New York: Oxford University Press. 2014-08-26. p. 4. ISBN 978-0-19-871463-7.
- 1 2 Atuahene, Bernadette (2016-10-27). "Takings as a Sociolegal Concept: An Interdisciplinary Examination of Involuntary Property Loss". Annual Review of Law and Social Science. 12 (1): 179. doi:10.1146/annurev-lawsocsci-110615-084457. ISSN 1550-3585.
- ↑ Atuahene, Bernadette (2016-10-27). "Takings as a Sociolegal Concept: An Interdisciplinary Examination of Involuntary Property Loss". Annual Review of Law and Social Science. 12 (1): 174, 178-79. doi:10.1146/annurev-lawsocsci-110615-084457. ISSN 1550-3585.
- ↑ "Dignity Takings | Dignity Restoration". Chicago-Kent Law Review. Retrieved 19 June 2025.
- ↑ Rosado Marzan, Cesar F. (2017). "Dignity Takings and Wage Theft". Chicago-Kent L. Rev. 92: 1135. doi:10.2139/ssrn.3078735. ISSN 1556-5068.
- ↑ Rosado Marzan, Cesar F. (2017). "Dignity Takings and Wage Theft". Chicago-Kent L. Rev. 92: 1206. doi:10.2139/ssrn.3078735. ISSN 1556-5068.
- ↑ Pils, Eva (2016). "Resisting Dignity Takings in China". Law & Social Inquiry. 41 (4): 888–916. doi:10.1111/lsi.12203. ISSN 0897-6546. S2CID 146335471.
- ↑ Pils, Eva (2016). "Resisting Dignity Takings in China". Law & Social Inquiry. 41 (04): 905. doi:10.1111/lsi.12203. ISSN 0897-6546.
- ↑ Richland, Justin B. (2016). "Dignity as (Self-) Determination: Hopi Sovereignty in the Face of US Dispossessions". Law & Social Inquiry. 41 (4): 917–938. doi:10.1111/lsi.12191. ISSN 0897-6546. S2CID 148319987.
- 1 2 Diala, Anthony C. (2018). "The shadow of legal pluralism in matrimonial property division outside the courts in Southern Nigeria". African Human Rights Law Journal. 18 (2): 706–731. doi:10.17159/1996-2096/2018/v18n2a13. hdl:10566/4924.
- ↑ Shaw, Ari (2018). "From disgust to dignity: Criminalisation of same-sex conduct as a dignity taking and the human rights pathways to achieve dignity restoration". African Human Rights Law Journal. 18 (2). doi:10.17159/1996-2096/2018/v18n2a12.