Jump to content

Go dirisa metswedi ya dikgang kgotsa inthanete e maleba

Go tswa ko Wikipedia
Metswedi ya dikgang

Ka nako eo, metswedi ya dikgang'[1] e ne e dirisiwa thata go buisana le batho, go ba naya dikgang le go ba ruta mme go ne go itumedisa thata ka gonne fa re ne re le bana re ne re kopana le lefatshe le lesha la go bua le ba lelapa le batho ba re ba ratang ka go kwala mafoko a se kae fela mo mogaleng wa letheka mme o ne o tla bona dikarabo ka bonako, go ne go itumedisa go ithuta go dira dilo o le nosi kgotsa go thusiwa ka tiro e e thata ya sekolo e batsadi ba rona ba neng ba sa e tlhaloganye. E ne e le sengwe se se tshwanetseng go itumelela go nna karolo ya sone.

Jaanong ka 2025, gotswa fa e sale e tlhagisiwa dilo di le dintsi di fetogile bana ba a tshwenngwa,[2] go bapadiwa matshelo a a phatsimang, batho ba le bantsi ba a tsiediwa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya seo, mme nako ele ntsi e senngwa ke basha letsatsi le letsatsi ka go  leba batho ba bangwe ba tshela matshelo a bone mme ba eletsa gore e ka bo e le bone ba tshela matshelo ao, mme seo se felela ka gore ba tshwenngwa ke kgatelelo ya maikutlong.[3] Go na le dilo tse di siameng le tse di sa siamang ka inthanete le metswedi ya dikgang gompieno tse di thulanang. Dikarolo tse di siameng e ka nna gore jaanong go na le ditshono tse dintsi tse di leng teng di bonala ka bonako le gore go na le mafelo a mantsi a thuto. Metswedi ya tshedimosetso ya loago kgotsa Inthanete e tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko le maikarabelo, ka jalo go tshwanetse ga dirwa katiso le ditekanyetso mo bathong go ba tlhomelela gore ba se ka ba nna batswasetlhabelo ba ditlamorago tsa yona tse di sa siamang fa naga ntse e lwantshana le dikgaogano'[4] tsa dijithale le go fudugela kwa 4IR.[5]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.britannica.com/topic/social-media#:~:text=social%20media%2C%20a%20form%20of%20mass%20media,and%20related%20platforms%20to%20build%20an%20audience.
  2. https://www.unicef.org/eca/cyberbullying-what-it-and-how-stop-it#:~:text=What%20is%20cyberbullying?,to%20others%20on%20their%20behalf.
  3. https://www.helpguide.org/mental-health/wellbeing/social-media-and-mental-health
  4. https://www.techtarget.com/whatis/definition/digital-divide
  5. https://www.weforum.org/focus/fourth-industrial-revolution/