Jump to content

Go ikarabela ga mebuso ya bokolone

Go tswa ko Wikipedia

Go ikarabela ga mebuso ya bokolone: polelo e e sa bolelwang ya sesole sa Britain kwa Kenya, e e gatisitsweng ka leina la Sesole sa Britain: phelelo e e setlhogo ya bogosi kwa Kenya, ke buka ya ditiragalo tsa boammaruri e e kwadilweng ke Caroline Elkins e gatisitswe ke Henry Holt. E ne ya fenya seetsele sa dinuka tsa ditiragalo tsa boammaruri sa ngwaga wa 2006 sa Pulitzer.[1]

Buka e e tlhalosa ka fa puso ya Britain ya sekolone e neng ya dirisa go tshwara batho ka dipalo tse dintsi kwa Kenya e le tsela ya go ritibatsa seemo sa ntwa ya Mau Mau. Elkins o tlhalosa go tlhamiwa le ka fa go neng go dirwa dilo ka teng kwa dikampeng, pogiso le tshotlo e e neng e diragala, le maiteko a ba Britain go senya dikwalo pele ga boipuso jwa lefatshe la kenya, morago ga go fitlha ditiragalo tseo jaaka tsa tlhaselo ya Hola.[2]

Buka e e ne ya ntshiwa gape ka setlhogo sa Sesole sa Britain: phelelo e e setlhogo ya bogosi kwa Kenya, e gatisitswe ke Jonathan Cape ka ngwaga wa 2005.[3][4][5]

Dikgatiso tse di dirisitsweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ikarabela ga mebuso ya bokolone:polelo e e sa bolelwa ya sesole sa Britain kwa Kenya, e gatisitswe ke Henry Holt le Jonathan Cape ISBN 0-8050-8001-5

  1. "Pulitzer Prize Winners: General Nonfiction". pulitzer.org. Retrieved 25 June 2025.
  2. Jackson, Kennel (2006). "Review". The International Journal of African Historical Studies. 39 (1): 158–160. JSTOR 40034012. Retrieved 25 June 2025.
  3. Dowden, Richard (4 February 2005). "State of shame". The Guardian.
  4. Howe, Stephen (21 January 2005). "Britain's Gulag: the brutal end of empire in Kenya by Caroline Elkins [and] Histories of the Hanged by David Anderson". The Independent.
  5. Brandabur, A. Clare (November 2007). "Britain's Gulag: The Brutal End of Empire in Kenya". Journal of Pan African Studies. 1 (10): 152–156.