Go kentela segajaja sa COVID-19 mo Botswana
| Letsatsi | Mopitlo a le malatsi a robabobedi ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso go tsena gompieno |
|---|---|
| Nako | (GMT +2) |
| Lefelo | Botswana |
| Cause | Segajaja sa COVID-19 mo Botswana |
| Target | Segajaja sa COVID-19 |
| Budget | didikadike tsa madi a di dolara tsa America di le lesome |
| Organised by | Lephata la botso le boitekanelo |
| Batsenelela | mekento e le dikete di le 150,019 (e dirisitswe ka Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa 2021)
batho ba le 150,019 ba kentilwe gangwe fela batho ba le ;efela ba kentilwe mo go tletseng |
| Maranyane | https://dhis2sms.gov.bw/vaccine/ |
Go kentela segajaja sa COVID-19 mo Botswana ke letsholo le le tsweletseng la go femela batho kgatlhanong le mogare wa corona (SARS-Cov-2), mogare o o bakang bolwetse jwa Coronavirus jwa ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe (COVID-19), go tsibogela segajaja se se tsweletseng mo lefatsheng le.
Go kenta batho ba le bantsi go simolotse ka Mopitlo a le masome mabedi le borataro ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, go dirisiwa mokento wa AstraZeneca Covishield pele.[1] Go tswa ka Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, lefatshe la Botswana le kentile batho ka mekento e le dikete di le lekgolo masome a matlhano lesome le borobabongwe.[2][3]
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mekento e e rekilweng
[fetola | Fetola Motswedi]| Leina la mokento | Palo ya mekento | e e gorogileng | E e tlhomamisitsweng |
|---|---|---|---|
| Pfizer BioNTech | dikete di le lekgol le motso, makgolo a supa le masome a robabongwe | dikete di le lekgol le motso, makgolo a supa le masome a robabongwe | E tlhomamisitswe |
| CoronaVac | Go tlaa itsisiwe | dikete di le makgolo a mabedi | E tlhomamisitswe |
| Covaxin | dikete di le lekgolo, masome a marataro le borataro, makgolo a marataro | dikete di le masome a marataro le borataro, makgolo a marataro | E tlhomamisitswe |
| Janssen | sedikadike, dikete di le makgolo a mabedi | 0 | E tlhomamisitswe |
| Moderna | dikete di le makgolo a matlhano | 0 | E tlhomamisitswe |
| Oxford-AstraZeneca[4] | dikete di le masome a mararo le borobabobedi, makgolo a mane | dikete di le masome a mararo le borobabobedi, makgolo a mane | E tlhomamisitswe |
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Tatelano ya ditiragalo
[fetola | Fetola Motswedi]Tlhakole ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Ka Tlhakole, lefatshe la Botswana le ne la dirisa madi a di dolara di nna didikadike di le lesome go reka mekento.[5]
Mopitlo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Tshimologo ya mekento ya ba ba dingwaga di masome a matlhano le botlhano le go feta (legato lantlha) ka Mopitlo a le masome mabedi le borataro, pele ka mekento ya Covishield e le dikete di le masome a mararo e e abetsweng lefatshe ke lefatshe la India le e le dikete di le masome a mararo le boraro le makgolo a marataro e e rekilweng ka COVAX.[6][7][8]
Moranang ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Mo dibekeng tse nne tsa ntlha batho ba le dikete di le masome a mane le bosupa, lekgolo le masome a marataro ba ne ba amogela mokento wa ntlha.[9] Morago ga beke, ka Moranang a le masome a mararo, palo ya ba ba kentilweng e ne e oketsegile go nna dikete di le masome a mane le borobabongwe, makgolo a robabobedi masome a robabobedi le bobedi.[10][11]
Motsheganong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Batho ba le dikete di le masome a mane le borobabongwe makgolo a robabongwe masome a matlhano le borobabongwe ba ne ba amogela mokento wa ntlha ka Motsheganong a le malatsi a mararo; ba le dikete di le masome a matlhano le boraro, makgolo a mararo masome a supa le botlhano ka Motsheganong a le malatsi a supa; le dikete di le lekgolo masome a mane le bobedi, makgolo a robabobedi masome a. marataro le borobabongwe ka Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi.[12]
Ka Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento e le dikete di le masome a mararo le borobabobedi, le makgolo a mane ya Oxford-AstraZeneca ka lenaneo la COVAX, e rulagantswe ke lekgotla la UNICEF Botswana.[13][14]
Seetebosigo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Ka Seetebosigo a le malatsi a mararo lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya Pfizer-BioNTech ka lenaneo la COVAX e le dikete di le lesome le borobabongwe makgolo a robabobedi le masome a robabongwe. Tumalano ya go tsisa mekento e e dirilweng le Moderna e ne ya itsisewe.[12][15][16]
Ka Seetebosigo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bone lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya CoronaVac e le dikete di le makgolo a mabedi.[17] Ka mafelo a kgwedi batho ba le dikete di le masome a robabongwe le motso, makgolo a mane masome a robabobedi le bobedi ba ne ba kentilwe mo go tletseng.
Phukwi ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Go kentiwa ga batho ba ba dingwaga di le masome a matlhano le botlhano le go feta go ne ga tswelela ka Phukwi a le malatsi a matlhano. Matona a lephata la botsogo ba ne ba itsise maikaelelo a bone a go atolosa mokento kwa go ba ba dingwaga di le masome a mararo go tsena masome a matlhano le bone ka mafelo a Phukwi.[17]
Ka Phukwi a le lesome le borataro, lephata ka botsogo le boitekanelo le ne la bega fa go na le tlhaelo ya mekento ya Oxford-AstraZeneca e le dikete di le lesome le botlhano, e e neng e solofetswe go ka bo e gorogile ka Seetebosigo a simologa. Go baakanya seemo sa tlhaelo le go netefatsa gore ba ba setseng ba tsere mokento wa ntlha wa Oxford-AstraZeneca ba amogela mokento wa bone wa bobedi mo dibekeng di le lesome le bobedi tsa wa ntlha, lephata le ne la gakolola gore ba tseye mokento wa Moderna kgotsa Pfizer-BioNTech mo legatong la bobedi gore fa go ka direga gore Oxford-AstraZeneca e bo e seo.[18]
Ka Phukwi a le masome mararo, tona wa botsogo le boitekanelo o ne a itsise setshaba gore mo mekentong e le didikadike di le pedi e e rekilweng, go gorogile e le dikete di le makgolo mabedi masome a robabobedi le bobedi makgolo a robabobedi masome a robabongwe.[19] Ka mafelo a kgwedi batho ba le dikete di le lekgolo masome a mabedi le bosupa makgolo a mararo masome a marataro le bobedi ba ne ba feditse mekento ya bone yotlhe.
Phatwe ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso

Lefatshe la US le tsisa mekento ya Pfizer-BioNTech ya COVID-19 kwa Botswana e le bontlha jwa lenaneo la COVAX ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso ka Phatwe, mookamedi wa lekgotla la bopelotlhomogi le ga tautona wa pele Ian Khama la Khama Foundation le ne la ntsha mokwalo o o reng lekgotla le amogetse mekento e le didikadike di le pedi ya Oxford-AstraZeneca le e le didikadike di le pedi ya Pfizer-BioNTech, e e tswang kwa femeng ya U.S ya KKM Global Group. Lekgotla le ne la re puso e reke mekento e e didikadike di le nne eo, mme le tlhoka tshwetso mo malatsing a le matlhano a pereko. Dikompone tsa Pfizer le AstraZeneca di ne tsa ganetsa gore di isitse mekento epe kwa KKM Global Group.[20][21]
Ka Phatwe a le malatsi a robabobedi, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya Oxford AstraZeneca e ke dikete di le masome a mararo le borobabobedi, makgolo a mane, ya salwa morago ke e le dikete di le lekgolo le borobabobedi ya Janssen.[22] Ka Phatwe a le lesome le borobabongwe, le ne la amogela mekento ya Pfizer-BioNTech e le dikete di robabobedi le motso makgolo a robabongwe e e le abetsweng ke lefatshe la United States.[23]
Ka Phatwe a le masome a mabedi le boraro, kgaolo ya Gaborone le metse e e mabapi e ne e feletswe ke mokento wa Oxford-AstraZeneca, Janssen le CoronaVac, ya tshwanelwa ke go emisa mekento ya ntlha go fitlhelela setshaba se itsisiwe gape, fa mekento e mengwe e sena go goroga. Mekento e ne ya tswelela morago ga kgwedi.
Fa kgwedi e fela, batho ba le dikete di le makgolo a mararo masome a mararo le bosupa, makgolo a robabongwe, masome a robabobedi le borobabongwe ba ne ba amogetse mekento ya ntlha fa ba le dikete di le makgolo a mabedi lesome le botlhano, makgolo a matlhano le bobedi ba ne ba amogetse mekento yotlhe ka bobedi.
Lwetse ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Ka Lwetse a le malatsi a matlhano, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya CoronaVac e le dikete di le makgolo a mane le bone, makgolo a mane masome a robabongwe le bone.[24]
Ka Lwetse a le lesome le borobabobedi, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento e le lekgolo le motso makgolo a supa le masome a marataro a mekento ya Oxford-AstraZeneca e le dikete di le makgolo a mane le motso, makgolo a mabedi le masome a robabobedi e e abetsweng lefatshe ke lefatshe la Germany.[25]
Ka Lwetse a le masome mabedi le boraro, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya Janssen e le dikete di le masome a matlhano le makgolo a mane e e neng e abilwe ke lefatshe la Aforika Borwa.
Phalane ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Ka Phalane a le lesome le bone, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya ntlha e le dikete di le masome a mane le borobabongwe le makgolo a mabedi ka tumalano le Moderna e e dirilweng ka Seetebosigo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso. Morago ga beke, le ne la amogela mekento e le masome a supa le bobedi ya Janssen e rekilweng ka letlole la African Vaccine Acquisition, ya salwa morafo ke e mengwe ya one mofuta o o e le dikete di le masome a supa le bobedi ka Phalane a le masome mabedi le botlhano le ele dikete di le masome a matlhano le bosupa le makgolo a marataro ka Phalane a le masome mararo.
Ka mafelo a kgwedi batho ba le dikete di le makgolo a mararo masome a robabobedi le boraro, makgolo a mararo le masome a mabedi ba ne ba feditse mokento, e le masome a mane mo lekgolong la palo ya batho e e neng e tshwanetse go kentiwa.
Ngwanatsele ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Ka Ngwanatsele a le lesome le borobabobedi, lefatshe la Botswana le ne la amogela mekento ya Pfizer-BioNTech e le dikete di le lekgolo makgolo a mabedi le masome a marataro ka lenaneo la COVAX.
Ka mafelo a kgwedi batho ba le dikete di le makgolo a matlhano lesome le borobabongwe, makgolo a matlhano masome a mane le bone ba ne ba tsere mekento yotlhe, e le masome a robabongwe le boraro mo lekgolong la palo yotlhe ya batho ba ba neng ba tshwanetse go tsaya mokento.
Morule ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso
Lefatshe la Botswana le amogetse mekento ya Pfizer-BioNTech e le dikete di le makgolo a matlhano masome a mabedi le botlhano, makgolo a mabedi le masome a mararo ka Morule a le malatsi a mabedi; dikete di le makgolo a mabedi le masome a supa a mokento o o tshwanang ka Morule a le malatsi a marataro; sekete se le lekgolo masome a matlhano le motso, makgolo a mabedi le dikete di le masome a supa le borobabongwe makgolo a mabedi a mokento wa Janssen ka Morule a le malatsi a marataro le a robabobedi ka tatelano. Ka Morule a le lesome le bobedi le ne la amogela mekento ya Janssen e le dikete di le masome a supa le bobedi le ya Oxford-AstraZeneca e le dikete di le masome a supa le bobedi e setswe morago ke e le dikete di le makgolo a supa masome a mararo le bosupa le lekgolo la ya Pfizer-BioNTech ka Morule a le lesome le borataro.
Ka mafelo a kgwedi batho ba le sedikadike le boraro ba ne ba amogetse mekento yotlhe, e le palo e e fetang e e neng e akanyeditswe.
Firikgong ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi
Ka mafelo a kgwedi batho ba feta sedikadike le motso ba ne ba amogetse mekento yotlhe, ba fitile palo kakanyetso.
Tlhakole ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi
Ka mafelo a kgwedi batho ba feta sedikadike le bone ba ne ba amogetse mekengo yotlhe, ba feta palo e e neng e rulaganyeditswe.
Moranang ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi
Ka mafelo a kgwedi batho ba feta sedikadike le borobabongwe ba ne ba amogetse mekento yotlhe, ba fetile palo ya batho ba ba neng ba rulaganyeditswe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Botswana to use AstraZeneca COVID-19 vaccine, minister says". news.trust.org. Archived from the original on 1 March 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "Botswana: COVID-19 daily vaccine doses 2021". Statista. Archived from the original on 20 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "COVAX roll-out - Botswana". www.gavi.org. Archived from the original on 24 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "Botswana to use AstraZeneca COVID-19 vaccine, health minister says". Reuters. 15 February 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "Botswana to start COVID-19 vaccination in March - Xinhua | English.news.cn". www.xinhuanet.com. Archived from the original on 6 March 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Mguni, Mbongeni; Basimanebotlhe, Tsaone (26 March 2021). "Vaccination starts today – Health PS". Mmegi. Retrieved 30 July 2026
- ↑ MGUNI, MBONGENI (21 May 2021). "Mmegi Online :: Botswana dodges bullet as India suspends vaccine exports". Mmegi Online. Archived from the original on 14 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "UPDATE 1-Botswana to use AstraZeneca COVID-19 vaccine, minister says". Yahoo! Finance. Reuters. Archived from the original on 24 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "Over 47 000 vaccinated". Daily News. 26 April 2021. Archived from the original on 26 April 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ MGUNI, MBONGENI (11 June 2021). "Mmegi Online :: Govt taps private sector for P590m vaccine shortfall". Mmegi Online. Archived from the original on 14 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "UNHCR COVID-19 Response: Southern Africa, 1 - 30 April 2021 - Democratic Republic of the Congo". ReliefWeb. 24 May 2021. Archived from the original on 12 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- 1 2 Mguni, Mbongeni (3 June 2021). "Moderna confirms supply deal with Botswana". Mmegi. Archived from the original on 3 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Nimi Princewill (19 May 2021). "African countries have struggled to secure enough Covid-19 vaccines. So why are thousands of doses going to waste?". CNN. Archived from the original on 16 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Moderna Submits Authorization Application for its COVID-19 Vaccine in Adolescents in Switzerland". www.businesswire.com. 14 June 2021. Archived from the original on 14 June 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "Botswana President receives first injection of Pfizer COVID-19 vaccine". in.news.yahoo.com. Archived from the original on 13 June 2021. Retrieved 30 July 2026.
- ↑ "Moderna enters supply deal with Botswana for COVID-19 vaccine". Reuters. 3 June 2021. Archived from the original on 15 March 2023. Retrieved 30 July 2026
- 1 2 Kgamanyane, Nnasaretha (2 July 2021). "Phase Two COVID-19 vaccine to commence". Mmegi. Archived from the original on 9 July 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Phakedi, Tebogo (17 July 2021). "Botswana to use other vaccines for second shots due to delay in delivery of AstraZeneca". SABC. Archived from the original on 17 July 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Mguni, Mbongeni; Basimanebotlhe, Tsaone (3 August 2021). "Frustrations grow as only 14% purchased vaccines arrive". Mmegi. Archived from the original on 8 August 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Chakamba, Rumbi (12 August 2021). "Is Botswana's private COVID-19 vaccine offer too good to be true?". Devex. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Pheage, Tefo (11 August 2021). "Pfizer denies vaccine middlemen". The Botswana Gazette. Archived from the original on 22 August 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "The United States donates 81,900 doses of Pfizer vaccine to Botswana". U.S. Embassy in Botswana. 20 August 2021. Archived from the original on 21 August 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ Dube, Mqondisi (14 August 2021). "Botswana tightens COVID-19 restrictions amid rising death toll". VOA. Archived from the original on 22 August 2021. Retrieved 30 JULY 2026
- ↑ "Le Botswana reçoit plus de 404 000 vaccins Sinovac COVID-19". News FR-24 (in French). 5 September 2021. Archived from the original on 6 September 2021. Retrieved 30 July 2026
- ↑ "First delivery of German-donated COVID vaccines to COVAX land in Mauritania, with other deliveries to follow". Gavi. 8 September 2021. Retrieved 30 July 2026