Go tsuologa ga bokgoba

Go tsuologa ga bokgoba ke botsuolodi jwa batho ba ba dirilweng makgoba ba tshotse dibetsa, e le tsela ya go lwela kgololesego ya bone. Go tsuologa ga batho ba ba dirilweng makgoba go diragetse mo ditšhabeng tsotlhe tse di diragatsang bokgoba kgotsa di kile tsa diragatsa bokgoba mo ditsong. keletso ya kgololesego le toro ya go tsuologa mo go atlegang di dirisiwa thata mo dipineng, botaki, le ngwao mo bathong ba ba dirilweng makgoba. Ditiragalo tse, le fa go ntse jalo, gantsi di kganelwa ka tlhaselo di bo di gatelelwa ke batho ba ba nang le makgoba.
Kgaolo ya Sparta ya bogologolo e ne e na le mofuta wa makgoba o o bidiwang helots ba ba neng gantsi ba sa tshwarwe sentle, se se ba gwetlha go tsuologa.[1] Go ya ka Herodotus, mofuta o wa bokgoba batho ba ba welang ka fa tlase ga one ba ne ba le bantsi ga supa go fetisa ba mofuta wa Spartans. Paka ya letlhafula nngwe le nngwe, go ya ka Plutarch, batho ba Spartan ba ne ba bolotsa ntwa mo go ba helot gore banni ba Spartan a kgone go bolaya wa helot a sa boife sepe, ebile a sena letswalo gore ba ba tsenye mo tseleng. Kwa bogosing jwa Roma, le ntwa mokgwa wa batho ba ba dirilweng makgoba o ne o bereka kgatlhanong le go nna seopo sengwe, ditsuologo tsa batho ba ba dirilweng makgoba di ne di diragala, ebile di otlhaelwa mo go tseneletseng.[2] Botsuolodi jo bo itsegeng thata kwa Europe bo ne bo eteletswe pele ke Spartacus kwa Roman Italy, ka ntwa ya boraro. Ntwa e e ne ya baka gore batho ba ba dirilweng makgoba ba le dikete thataro ba ba falotseng ba bapolwe mo ditseleng tse ditona tse di yang kwa Rome.[3] Se e ne e le ntwa ya boraro mo metseletseleng ya dintwa tse di lolweng ke batho ba ba dirilweng makgoba kgatlhanong le ma Roma.
Aforika
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1808 go tsena 1825, go ne ga nna le go tsuologa ga batho ba ba neng ba dirilwe makgoba kwa koloneg ya Kapa, e e neng e sa tswa go tsewa ke lefatshe la Britain. Le ntswa kgwebo ya makgoba e ne e emisitswe semmuso mo bogosing jwa Britain ka molao wa kgwebo ya makgoba wa 1807, le bokgoba ka bo bone jwa emisiwa ka molao wa 1833 wa kemiso ya bokgoba, go tsere go fitlha ngwaga wa 1850 gore bo emisiwe mo dikgaolong tse di neng di tla nna Aforika Borwa.[4]
São Tomé and Príncipe
Ka kgwedi ya Phukwi e ferabongwe ngwaga wa 1595, Rei Amador le batho ba gagwe ba Angola, ba ne ba berekisana le batho ba bangwe ba Aforika ba ba neng ba ba dirilwe makgoba kwa polasing, ba ne ba gwantela mo sekgweng se se kwa teng ba lwantsha batho ba lotso lwa Portuguese. Go bolelwa gore ka letsatsi leo Rei Amador le balatedi ba gagwe ba ne ba tsholetsa folaga fa pele ga bannni ba supa fa Rei Amador e le ene kgosi ya Sao Tome and Principe, a itira "Rei Amador, mogolodi wa batho bantsho botlhe".
Gareng ga dingwaga tsa 1595 le 1596, bontlha jwa setlhaketlhake sa Sao Tome bo ne bo eteletswe pele ke batho ba Angola, ka fa tlase ga ketelelo pele ya ga Rei Amador. Ka kgwedi ya Firikgong, e le malatsi a mane ngwaga wa 1596, o ne a tshwarwa,a romelwa kwa kgolegelong mme morago a bolawa ke batho ba lotso lwa Portuguese. Le gompieno ba mo gakologelwa ka lorato ebile ba mo supa e le mogaka wa ditlhaketlhake.
Ka dingwaga tsa ntlha tsa lekgolo la dingwaga di le lesome le bosupa, go ne go na le tsuololo e ntsi ya batho ba ba dirilweng makgoba kwa koloneng ya Portugal ya Sao Tome and Principe, mo lotshitshing lwa Aforika, mo go neng ga senya temo ya dijalo tsa sukiri koo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Sparta – A Military City-State". Archived from the original on 2005-11-07. Retrieved 08 July 2025
- ↑ "Resisting Slavery in Ancient Rome By Professor Keith Bradle". Bbc.co.uk. Archived from the original on 2009-02-02. Retrieved 08 July 2025.
- ↑ "The Sicilian Slave Wars and Spartacus". thoughtco.com. Archived from the original on 2013-10-04. Retrieved 08 July 2025.
- ↑ Giliomee, Hermann (2003). "The Afrikaners", Chapter 4 – Masters, Slaves and Servants, the fear of gelykstelling, pp. 93–94