Goareng Mosinyi
Goareng Mosinyi (1915 -2012) e ne e le radipolotiki wa Botswana.
Goareng Mosinyi o belegetswe kwa Shoshong ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le lesome le botlhano (1915) jaaka leloko la malapa a segosi a batho ba Kaa le batho ba Ngwato. Mosinyi o ne a tsena Tiger Kloof Educational Institute fa a ne a sa le ngwana. [1]E ne e le motshwaramatlotlo wa morafe wa Ngwato go tloga ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le boraro (1943) go ya go sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabobedi (1948).[2] Mosinyi o ne a tshegetsa Seretse Khama mo lenyalong la ga Khama le mosadi wa mosweu, Ruth Williams Khama.[1]O ne a tshegetsa Khama go nna moeteledipele kgatlhanong le Tshekedi Khama ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabobedi (1948) mme a ya go nna le ene kwa botshwarong kwa Lobatse ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano ( 1950). [2]
Mosinyi o ne a nna le seabe mo go kgaoleng puso ya bokoloniale ya Boritane magareng ga ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano (1950) le ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borataro (1956).[1]E ne e le mongwe wa bathei ba Botswana Democratic Party ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bongwe (1961). [1]O ne a nna leloko la Palamente ya Botswana go tloga ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano( 1965) go fitlha ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borobabongwe ( 1989). O ne a nna leloko la Ntlo ya Dikgosi ka ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa (2007). Mosinyi o tlhokafetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012).[2]
- 1 2 3 4 "Historical perspective of Shoshong". DailyNews Botswana. 5 February 2020. Archived from the original on 2024-10-31.
- 1 2 3 Short Profile of the Late Goareng Segotso Mosinyi (1915-2012)". Facebook. Government of Botswana. 3 December 2012.