Gobojango
Gobojango, o o itsegeng ka leina la Gobas (/ɡʊbʌs/),ke motse o o mo Kgaolong ya Bogare, Botswana; bogolosegolo mo Kgaolong-potlana ya Bobirwa.
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Motse o,I gaufi le Semolale le Motse wa Mabolwe. Semolale o sekgele sa dikhilomithara di le lesome le bobedi fa motse wa Mabolwe o le sekgele sa dikhilomithara di le lesome le borataro kwa botlhaba jwa motse. Noka ya Metsimaswaane e kwa bophirima jwa motse wa bogologolo. Gobojango o sekgele sa dikhilometara go tswa kwa lefelong la hisitori la thota ya Gobadwe, e leng tshimologo e e bonalang ya Babirwa botlhe. Babirwa ba ne ba le ka fa tlase ga puso ya ga Kgosi ya Bakalanga, Mambo kwa thoteng ya Gobadwe mme a ba tlogela go ya go tlhoma bogosi jwa gagwe kwa Alesupi kwa go bidiwang Zimbabwe mo segompienong. Boora Mokgethi ba ntse ba busa motse fa e sale ba goroga go tswa kwa Zimbabwe. Boora Mokgethi ba tswa mo go Mare yo e neng e le ngwana wa ga Nkgwana.
Borra Mokgethi
[fetola | Fetola Motswedi]Nkgwana le Mokgadi e ne e le bokgaitsadi. Mokaulengwe mongwe o ne a palelwa ke go nyala mme ka jalo a tlhokafala a se na morwa, ka jalo a tlhoka go tlogela mojaboswa. Ba lelwapa ba ne ba tsaya tshwetso ya gore morwadi yo mogolo, Nkgwana a nyalwe ke mongwe wa losika yo o gaufi go ba letla go tshegetsa bogosi jwa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a nna le ngwana wa mosimane le monna yo o neng a sa amane ka madi. Morwa wa gagwe o ne a bidiwa Mare, go raya gore e seng kgosi ya madi ya mmatota. Mo malatsing ao ba ne ba nna kwa Zimbabwe wa segompieno, kwa boseja jwa Noka ya Shashe. Mokgadi o ne a nyalwa koo, mme morago a tlhala monna wa gagwe mme a tlola noka ya Shashe a tsena mo Botswana wa gompieno. Bomorwa Mokgadi ba ne ba nna dikgosi mo ntlheng e ya noka ya Shashe. Mare a tshola Mokgethi yo o neng a nna kgosi e kgolo.
Hesitori
[fetola | Fetola Motswedi]Ka letsatsi lengwe Mokgethi o ne a dira molato kwa Zimbabwe, mme boemong jwa go emela tsheko a tshabela kwa Botswana. Ka nako eo Khama o ne a setse a phuthile Babirwa mmogo. A goroga kwa Gobojango a fitlhela ntsalae Phole a setse a le kgosi. Phole o ne a tewa gotwe a neele Mokgethi setilo sa gagwe ka gore ke ene yo mogolo. Ka jalo Phole a fudugela kwa Tsetsebjwe mme a tlhoma motse wa Tsetsebjwe. [lebaka le le dirileng gore Phole a bolelwe gore a fologele Mokgethi ke gore mmaagwe, Mokgadi o ne a nyetswe mme a tlhadilwe mme Mokgadi a ya go nna kwa ntlong ya ga rraagwe le bana ba gagwe ba ba bidiwang "maphole" ka e ne e se barwa ba nnete ba ntlo ya segosi mme bogolo e ne e le ditlogolo tsa ga kgosi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Nkgwana yo e leng mmaagwe Mokgethi o ne a tlhophiwa go tshola dikgosi.
Ka dikgotlhang tse tsotlhe ka ga bogosi jwa Bobirwa, Mokgethi o ne a tsewa jaaka yo o sa tshwanelang ka a ne a tshotswe ka motswako wa madi a bogosi le monna yo o tswang go sele yo Nkgwana a neng a tlhopha go dira bana le ene. Gape o ne a sa tswe mo losikeng lwa banna mme e le losika lwa basadi lo gantsi e leng losika lo lo bokoa mo ngwaong ya Babirwa.[1]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Gobojango e na le sekolo se le sengwe se se potlana se se bidiwang sekolo se se potlana sa Kobojango, le sekolo se segolwane se se bidiwang sekolo se segolwane sa Gobojango (Gobojango CJSS). Sekolo se segolwane sa Gobojango se amogela baithuti ba metse e meraro e e leng Mabolwe, Semolale le Gobojango. Go naya sekolo seno leina go ne ga baka kganetsano ka leina la sone. Banni ba Semolale le Mabolwe ba ne ba batla gore e bidiwe ka ditlhaka tse pedi tsa ntlha tsa maina a metse ya bone; ke gore, sekolo se segolwane sa MASEGO.
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Motse o, o sekgele sa dikhilomithara di le masome a mararo le borataro go tswa kwa Bobonong, motsemogolo wa kgaolo-potlana ya Bobirwa. Baithuti ba ba pasitseng ba kwadisiwa kwa Sekolong se Segolwane sa Matshekge Hill kwa Bobonong (se gantsi se bidiwang Ma-Hill Senior) mo pakeng ya dingwaga di le pedi (foromo 4 le foromo 5).
Setso
[fetola | Fetola Motswedi]Batho ba Gobojango ke balemi-barui thata. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa sešha temothuo e ile ya kgaupetswa ke komelelo e e tseneletseng, pula e e sa tlhomamang le bolwetse jwa tlhako le molomo. Leuba la ngwaga wa 2012 le ne la tlogela banni ba le bantsi ba sena dikgomo. Le dipalo tse di ntseng di oketsega tsa bokebekwa jwa go kgabaganya melelwane di ne tsa tlogela batho ba motse ba se na dikgomo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mmapetla