Godfrey Gaoseb
| Godfrey Gaoseb | |
|---|---|
| Mogakolodi o o faphegileng wa itsholelo | |
| In office 2001–2012 | |
| President | Sam Nujoma Hifikepunye Pohamba |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 1941, Lwetse a le lesome le bosupa Otjiwarongo |
| O Tlhokafetse | 2014 Mopitlo a le lesome le borataro Sepatela sa Katutura |
| Moagi Wa | Namibia |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mo/Bakapelo | Charity Mulopei Mungana Gaoses |
| Thuto | Sekolo se segolwane sa Augustineum |
| Alma mater | Stockholm University |
| Tiro | Wa Itsholelo Mopolotiki |
Godfrey IKhaesen Gaoseb (o o tshotsweng ka Lwetse a le lesome le bosupa ngwaga wa 1941 a tlhokafala ka Mopitlo a le lesome le borataro ngwaga wa 2014) e ne e le mmereki wa puso kwa Namibia ebile e le maitseanape a tsa itsholelo. O berekile e le mokwaledi wa ntlha wa sennela ruri mo lephateng la Namibia la madi morago ga boipuso jwa Namibia, o berekile gape e le mookamedi wa World Bank le mogakolodi o o faphegileng wa tsa itsholelo wa botautona jwa ga Sam Nujoma le Hifikepunye Pohamba.[1]
Botshelo jwa a ale mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Gaoseb o tshotswe ka Lwetse a le lesome le bosupa ngwaga wa 1942, kwa Otjiwarongo kwa Namibia, batsadi ba gagwe e le Lise Gaoses le Kraai Hoeseb. O tsene sekolo sa Mine Plus kwa Tsumeb a tswelela kwa sekolong se segolwane sa Augustineum kwa Okahandja, kwa a neng a tsenelela dithuto le baeteledipele ba maemo ba Namibia jaaka Hage Geingob, Mose Tjitendero, Joseph Ithana le Hidipo Hamutenya. O ne a tshaba ka 1962 e le leloko la SWANU, go nna bontlha jwa go lwela kgololesego le go ikoketsa mo dithutong.[1][2][3]
Gaoseb o ne a tsaya loeto mo Botswana le kwa e neng e le botlhaba jwa Rhodesia (kwa e leng Zimbabwe gompieno) le kwa Dar es Salaam kwa Tanganyika (kwa e leng Tanzania gompieno).[4][5] Go tswa kwa Dar es Salaam, o ne a ya Accra kwa Ghana ka 1964 go fetsa dithuto tsa gagwe kwa Accra Academy. Ka nako ya fa a le kwa Ghana, o ne a lalediwa ke Kwame Nkrumah,tautona wa Ghana gore ba buisane ka seabe sa banana mo kgololesegong ya Borwa jwa Aforika. Ka 1966,Gaoseb o ne a tswelela kwa Sweden go ithutela itsholelo kwa Stockholm University.[6] O ne a aloga ka BA le MA mo go tsa itsholelo, di banka le madi. Morago o ne a berekwa kwa lephateng la madi la Sweden.[1]
Tsa pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1981, Goaseb o ne a boela Aforika a simolola go bereka kwa United Nations Institute for Namibia kwa Lusaka Zambia, e le ramatlotlo. O ne a nna leloko la SWAPO ka 1982.[1]
Gaoseb o ne a boela Namibia ka 1989 ka nako ya fa go tlhomiwa molao wa tshireletso wa makgolo mane, masome a mararo le botlhano. O nnile mokwaledi mogolo wa sennela ruri wa ntlha mo lephateng la madi morago ga boipuso jwa Namibia ka 1990.[7][8][9][10] Gaoseb o nnile mo maemong ao go fitlhelela ka 1996 fa a tswa kwa Namibia go emela lefatshe la gagwe,[11] le go bereka e le mookamedi wa World Bank.[12]
O boetse kwa Namibia ka 2000. Ka 2001, Tautona Sam Nujoma o ne a mo tlhopha go nna mogakolodi wa gagwe o o faphegileng, mo go tsa itsholelo.[13][14] Gaoseb o berekile e le mogakolodi wa ga tautona mo go tsa itsholelo, a gakolola tautona Hifikepunye Pohamba o a neng a tlhatlhama Sam Nujoma ka 2005. Gaoseb o ne a ithola marapo mo go tsa pereko ka 2012. Ka nako ya gagwe mo pusong, Gaoseb o ne a na le seabe mo go tlhamiweng ga dikgwebotsa puso jaaka ya madi a bagodi, ya go tlhokomela maphata a madi, le dikotsi tse di faphegileng, mo go tse dingwe.[1]
Botshelo jwa gagwe le loso
[fetola | Fetola Motswedi]Gaoseb o ne a nyala mosadi wa gagwe, Charity Mulopei Mungana Gaoses, ka 1983 kwa Lusaka, Zambia. O tlhokafetse ka Mopitlo a le lesome le borataro ngwaga wa 2014, a le dingwaga di le masome a supa le bobedi, morago ga gore a we mo ditepising tsa ntlo ya gagwe kwaWindhoek ka phoso. Go ya ka mosadi wa gagwe, o ne a wa mme a idibala. O ne a ragogesediwa kwa sepateleng sa puso sa Katutura, kwa a neng a nna mo kidibalong go fitlhelela a tlhokafala morago ga dibeke ste pedi. Moletlo wa segopotso sa gagwe o ne o tshwaretswe kwa kerekeng ya Lutere, o ne a bolokwa ka mopitlo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2014, kwa mabitleng a Pioneer Park. O tlogetse mosadi, barwadie ba le babedi, bana ba bana, kgaitsadie a le nosi le ditlogolo tsa basetsana.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 Nakale, Albertina. "Godfrey Gaoseb is no more". New Era. Retrieved 09 October 2025.
- ↑ https://search.archives.un.org/uploads/r/united-nations-archives/c/f/8/cf808036f7af2919ff8d023ab5331db6dbaf1af8904bfc7dbbcfd0a16b7b3e3a/S-0902-0007-07-00001.pdf
- ↑ Agency, United States Central Intelligence (1965). Daily Report, Foreign Radio Broadcasts.
- ↑ https://search.archives.un.org/uploads/r/united-nations-archives/8/7/6/8764a911e2b9e25c06b7e6204e58cd0e1efd30e115d292d1b3202f83bc4ee06e/S-0504-0124-0030-00001.PDF
- ↑ Müller, Johann Alexander (2012). "The Inevitable Pipeline Into Exile": Botswana's Role in the Namibian Liberation Struggle. Basler Afrika Bibliographien. ISBN 978-3-905758-29-0.
- ↑ "Zedika Ngavirue – The Nordic Africa Institute". nai.uu.se. Retrieved 09 October 2025.
- ↑ "Namibia Briefing: Who's Who and What's What?" (PDF). 31 December 1990.
- ↑ Sellström, Tor (1999). Sweden and National Liberation in Southern Africa: Solidarity and assistance, 1970–1994. Nordic Africa Institute. ISBN 978-91-7106-448-6.
- ↑ Ramamurthy, Subra (12 February 2019). Pursuing Financial Reforms Across Countries: Perils, Stresses and Rewards: An Exposé by an International Financial Specialist. Notion Press. ISBN 978-1-68466-522-8.
- ↑ "135-1993". klausdierks.com. Retrieved 09 October 2025.
- ↑ Law, Claitors (1999). Official Congressional Directory 1999–2000. Claitors Pub Division. ISBN 978-1-57980-443-5.
- ↑ "EDS14 Photo Gallery". World Bank. Retrieved 09 October 2025
- ↑ "Namibia: President Adds to Growing Posse of Advisors". The Namibian (Windhoek). 29 March 2001. Retrieved 09 October 2026
- ↑ Chiefs of State and Cabinet Members of Foreign Governments. The Center. 2003.