Golekane Mosweu
Golekane Mosweu (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabobedi (1948) ke motabogi wa sekgala se seleele wa Motswana. Kwa tshimologong o ne a bereka mo moepong kwa Afrika Borwa, mme o ne a thapiwa mo setlhopheng sa bosetšhaba sa Botswana sa diatleletiki ka ntlha ya botswerere jwa gagwe. O ne a gaisana mo dikgaisanong tsa Afrika Borwa le Rhodesia, mmogo le mo Metshamekong ya Commonwealth ya ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) le ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borataro (1986.)
O ne a lalediwa go gaisana le Botswana kwa metshamekong ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980) ya Di-Olympic tsa Selemo mo metshamekong ya banna ya dimetara di le dikete tse lesome (10 000,) mme a nna mongwe wa batshameki ba ntlha ba Motswana kwa metshamekong ya Di-Olympic. Fa a le koo, o ne a nna wa bolesome le bobedi mo kgaisanong ya gagwe mme a se ka a gatela pele. Morago ga tiro ya gagwe ya metshameko, o ne a boela kwa tirong ya kwa meepong. Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le bone ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), o ne a le mongwe wa ba le babedi ba ba neng ba le mo kgaisanong ya Botswana ka 1980 Summer Olympics ba ba neng ba santse ba tshela.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Golekane "George" Mosweu o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabobedi (1948). Mosweu kwa tshimologong e ne e le modiri yo o neng a dira mo moepong wa polatinamo mo Afrika Borwa go tloga ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966) go fitlha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bongwe (1971).Moragonyana o ne a fudugela kwa Gauteng go ya go dira kwa moepong wa Kloof (e jaanong e leng moepong wa KDC), koo a neng a lemogiwa ka ntlha ya boitekanelo jwa gagwe mme a thapiwa go nna leloko la setlhopha sa bosetšhaba sa metshameko ya diatleletiki sa Motswana. O ne a gaisana mo dikgaisanong go kgabaganya Rhodesia le Afrika Borwa, [1]mme gape a gaisana mo Metshamekong ya Commonwealth ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) kwa Christchurch, New Zealand. Fa a le koo, o ne a gaisana mo metshamekong ya banna ya dimetara di le dikete tse tlhano (5000) ka kgwedi ya Ferikgong e le masome a mabedi le bosupa mme a feleletsa e le wa bolesome mo kgaisanong ya gagwe ka nako ya 14:46.14.[2]
Mo kgaisanong ya kwa Cape Town, o ne a tlhoma rekoto ya gagwe e e gaisang mo dimetareng di le dikete tse lesome (10 000) ka nako ya 28:41.4 ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le borobabongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano (1975). Mo kgaisanong e e neng ya latela mo ngwageng o o latelang, o ne a rekota nako ya 13:47.4 mo dimetareng di le dikete tse tlhano (5,000), a roba rekoto e nngwe ya gagwe. [3][1] O ne a lalediwa go tshameka mo setlhopheng sa ntlha sa Botswana kwa Metshamekong ya Diolimpiki, a tshameka kwa Metshamekong ya Diolimpiki tsa Selemo sa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980). [4]
O ne a gaisana mo kgaisanong ya boraro ya ditlhopho tsa banna ya dimetara di le dikete tse lesome (10 000) ka kgwedi phukwi e thola masome a mabedi le bone (24).O ne a dira nako ya 30:38.8 mme a nna wa bo lesome le bobedi (12) mo gare ga bagaka ba le lesome le botlhano (15) mo kgaisanong ya gagwe. O ne a seka a ya kwa makgaolakgannyeng, fa mofenyi wa makgaolakgannyeng e ne e le Miruts Yifter wa Ethiopia.[5]
Morago ga Metshameko ya Selemo ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa (1980), o ne a gaisana kwa Metshamekong ya Commonwealth ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le borataro (1986).[1]O ne gape a gaisana mo kgaisanong ya dikilometara di le lesome le botlhano (15) kwa Cape Town, a nna wa bo masome a matlhano le bongwe (51) ka nako ya 45:48.[3]Morago o ne a boela gape go dira mo meepong, a dira mo moepong go fitlha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a borobabongwe le borobabobedi (1998). [1] Ka kgwedi ya Lwetse e thola lesome le bone ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), e ne e le mongwe wa bakgathatema ba le babedi fela ba Botswana kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi (1980) ba ba neng ba santse ba tshela ka nako eo, yo mongwe e ne e le motshameki wa lebelo Joseph Ramotshabe.[6]
- 1 2 3 4 Golekane Mosweu Biographical Information". Olympedia. Archived from the original on 13 December 2024. Retrieved 21 June 2025.
- ↑ Athletics". The Sydney Morning Herald. 28 January 1974. p. 19. Retrieved 21 June 2025 – via Google News.
- 1 2 George Mosweu". Archived from the original on 21 June 2025. Retrieved 21 June 2025
- ↑ Botswana Overview". Olympedia. Archived from the original on 19 January 2025. Retrieved 21 June 2025.
- ↑ 10,000 metres, Men". Olympedia. Archived from the original on 13 December 2024. Retrieved 21 June 2025.
- ↑ Kolanyane-Kesupile, Katlego (14 September 2024). "Creatives Get Presidential Affirmation". The Business Weekly & Review. Archived from the original on 12 May 2025. Retrieved 21 June 2025.