Goodhope-Mmathethe
Goodhope-Mmathethe ke kgaolo ya botlhophi mo kgaolong ya Borwa e e emetsweng kwa khuduthamageng ya Botswana ke Edwin Dikoloti go tloga ka ngwaga wa 2024.
Kgaolo ya botlhophi
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya botlhophi e e tlhamilwe ka 2024 morago ga go kopanngwa ga Goodhope-Mabule le Mmathethe-Molapowabojang morago ga tiro ya go tlhoma melelwane ya dingwaga di le lesome e e neng e tshwerwe ka 2022. Ka palo ya batho ba ba ka fa tlase fela ga dikete di le masome a marataro go tloga ka 2022, kgaolo e ya botlhophi ke yone e e nang le batho ba bantsi go gaisa mo lefatsheng. Ke yone fela kgaolo ya botlhophi e e emetsweng ke lepolotiki le le ikemetseng ka nosi, ke lekgetlho la bobedi moikemedi a emetse kgaolo ya botlhophi mo Botswana morago ga phenyo ya ga Nehemiah Modubule ka 2009.
Kgaolo ya botlhophi ya gae e akaretsa mafelo a a latelang:[1]
Gathwane
Digawana
Lejwana
Metlojane
Borobadilepe
Ditlharapa
Hebron
Mokgomane
Dinatsahana
Pitsane
Mogojogojo
Mokatako
Pitsane Molopo
Mmakgori
Madingwana
Tshidilamolomo
Phihetswane
Tswagare
Kgoro
Papatlo
Rakhuna
Metlobo
Tswaanyaneng
Tswaaneng
Leporung
Magoriapitse
Tlharesesele
Ngwatsau
Mabule
Lorwana
Logagane
Sheep Farm
Sekhutlane
Dikhukhung
Marojane
Pitsane Potlokwe
Maloko a Palamente
[fetola | Fetola Motswedi]| Ditlhopho | Mofenyi | |
|---|---|---|
| Ditlhopho tsa 2024 | Edwin Dikoloti | |
Maduo a ditlhopho
[fetola | Fetola Motswedi]Ditlhopho tsa 2024
[fetola | Fetola Motswedi]| Lekoko | Ntlhopheng | Ditalama | % | ||
|---|---|---|---|---|---|
| Yo o ikemetseng (Mokoko) | Edwin Dikoloti | 12,294 | 45.06 | ||
| BDP | Peggy Serame | 7,143 | 26.18 | ||
| UDC | Gaone Seleka | 6,513 | 23.87 | ||
| BCP | Lesego Gatogang | 878 | 3.22 | ||
| BPF | Mogomotsi Kaboeamodimo | 458 | 1.68 | ||
| Mola wa phenyo | 5,151 | 18.88 | |||
| Ditalama tse di dumetsweng | 27,286 | 98.08 | |||
| Ditalama tse di gannweng | 535 | 1.92 | |||
| Ba ba tlhophileng | 27,821 | 83.46 | |||
| Batlhophi ba ba ikwadisitseng | 33,333 | ||||
| Yo o ikemetseng a tsaya mo go BDP | |||||
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 2022 DELIMITATION COMMISSION REPORT (PDF). 2022.
- ↑ "Dikoloti wins Goodhope - Mmathethe". DailyNews. 1 November 2024. Retrieved 26 Phalane 2025.