Jump to content

Grace Kaudha

Go tswa ko Wikipedia
Grace Kaudha
Pele Ga GagweKabaale Kwagala Olivia
Ka Ga Ena
O tsetswePhalane a le lesome le bone ngwaga wa 1986
O TlhokafetsePhukwi a rogwa ngwaga wa 2017
Sepatela sa Mulago
PolokeloMotse wa Magogo, kwa kgaolong ya Iganga
MokgatlhoNational Resistance Movement
Mo/BakapeloIbrahim Tooto
Banaa le mongwe
TiroMopolotiki Motlhomamolao

Grace Kaudha, o o itsegeng gape ka leina la Grace Hailat Kaudha Magumba (a tshotswe ka Phalane a le lesome le bone ngwaga wa 1986 - a tlhokafala ka Phukwi a rogwa ngwaga wa 2017) e ne e le mopolotiki wa kwa Uganda le motlhoma molao o e neng e le moemedi wa mme wa kgaolo ya Iganga mo palamenteng ya lesome ya Uganda ka 2016.[1] O ne e le wa phathi ya National Resistance Movement.[2]

O tlhokafetse kwa sepateleng sa Mulago National Referral ka ntlha ya mathata a a tsamaelang le boimana.

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne e le moemedi wa mee wa kgaolo ya Iganga o a neng a emeletse Kabaale Kwagala Olivia, o berekile mo dikomiting tsa molao, kotlhao le ditshiamelo, le komiti ya bong, pereko le tlhabololo matshelo a batho.[2][3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

E ne ele mosadi wa ga Ibrahim Tooto le mme wa ngwana a le mongwe.[4][5]

Fa nako ya ga Kauda ya pelegi e atumela, o ne a kopa thuso ya tsa botsogo kwa sepateleng se se ikemetseng. Le fa go ntse jalo, ngaka wa sepatela seo o a neng a le nosi o ne a seo go ka mmona, ka jalo a patelesega go ya sepateleng se sele, se le sone se neng se na le tlhaelo ya babereki.[6] O tlhokafetse kwa seateleng sa Mulago National Referral Hospital kwa Kawempe ka Matlhatso kgwedi ya Phukwi e rogwa ngwaga wa 2017 ka nako ya bobedi.[7] Loso lwa gagwe go bolelwa fa lo bakilwe ke kgatelelo ya madi e e bakilweng ke mathata a boimana,[2] e e ka bong e kgonne go thibelwa fa a ne a bone thuso e e botoka ya botsogo.[6] O ne a bolokelwa kwa motseng wa Magogo, kwa kgaolong potlana ya Nawaningi kwa kgaolong ya Iganga.[4][8]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ "Iganga Woman MP Passes On". Uganda Radionetwork. Retrieved 2026-05-11
  2. 1 2 3 Reporter, Independent (2017-07-08). "Ugandan Woman MP Kaudha dies after child-birth complications". The Independent Uganda. Retrieved 2026-05-11
  3. ↑ URN (8 July 2017). "Iganga Woman MP passes on at Mulago". The Observer - Uganda. Retrieved 2026-05-11
  4. 1 2 "Row over where to bury Iganga Woman MP". New Vision. Retrieved 2026-05-11
  5. ↑ "Iganga Woman MP dies". PML Daily. 2017-07-08. Retrieved 2026-05-11
  6. 1 2 Telfer, Michelle; Zaslow, Rachel; Chalo Nabirye, Rose; Nalugo Mbalinda, Scovia (2021-10-01). "Review of midwifery education in Uganda: Toward a framework for integrated learning and midwifery model of care". Midwifery. 103 103145. doi:10.1016/j.midw.2021.103145.
  7. ↑ "Iganga Woman MP Grace Kaudha dies | Uganda". www.monitor.co.ug. Retrieved 2026-05-11
  8. ↑ "Parliament Eulogizes Late Kaudha, Appeals for Better Health Sector". ChimpReports. 2017-07-13. Retrieved 2026-05-11