Grizelda Cjiekella
| Grizelda Cjiekella | |
|---|---|
| Moeteledipele wa Kapa Bokone | |
| In office Tlhakole a le masome mabedi ngwaga wa 2020 – Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2013 | |
| Pele Ga Gagwe | Hazel Jenkins |
| Morago Ga Gagwe | Sylvia Lucas |
| Tona wa thuto wa Kapa Bokone | |
| In office Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 2009 – Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2015 | |
| Premier | Hazel Jenkins Sylvia Lucas |
| Pele Ga Gagwe | John Block |
| Mopalamente wa Kapa Bokone | |
| In office Morule 2003 – Phalane a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2015 | |
| Morago Ga Gagwe | Martha Bartlett |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Moranang a le lesome le bone ngwaga wa 1970 |
| O Tlhokafetse | Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2015 Kimberley Kapa Bokone |
| Mosetshaba wa | mo Aforika Borwa |
| Mokgatlho | [African National Congress]] |
| Alma mater | University of the Free State |
Grizelda Boniwe Cjiekella e ne e le leloko la khanselekgolo la thuto kwa kgaolong ya Kapa Bokone, kwa Aforika Borwa, a berekile gape e le moeteledipele wa kgaolo eo go tswa ka Tlhakole a le masome mabedi ngwaga wa 2012 go tsena Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2013.[1]
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Cjiekella o tsholetswe mo lolwapeng lwa ditso tsa ma Xhosa a golela kwa Pabalello kwa Upington. O tsene sekolo kwa Paballelo Senior Secondary School, kwa a boetseng teng morago e le morutabana. Fa a sena go aloga, Cjiekella o ne a ikwadisa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of the Western Cape. Dithuto tsa gagwe di ne tsa kgaupediwa ke go tsaya karolo mo kgaratlhong ya go lwela kgololesego. Morago o ne a fetsa dithuto tse di latelang kwa University of the Free State: Tshekatsheko le bookamedi, Go dira molao le bolaodi, go dira dithulaganyo tse di atlegileng, le melao ya selegae.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Go nna le seabe ga ga Cjiekella mo polotiking, bontsi bo gakologetswe, go simologile ka nako ya fa a santse a tsena sekolo e le leloko la baemedi ba baithuti o o tlhaga. Ka 1986 o ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa lekalana la banana ba ANC kwa Upington, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela 1988. Ka nako eo gape le go tsena ka 1990 e ne e le leloko la lekgotla la Civic, e le modulasetilo wa lekalana la bomme ba ANC kwa Upington go tswa ka 1988 go tsena 1989. Maemo a gagwe mo African National Congress a ne a tlhomamisiwa ke go nna mothusa modulasetilo wa ANC wa lekalana go tswa ka 1990 go tsena 1994, a nna mothusa modulasetilo wa kgaolo wa ANC ka 1995 go tsena 1996, motshwarelela modulasetilo wa kgaolo wa ANC go tswa ka 1996 go tsena 1997, mokwaledi wa lekgotla la bomme ba ANC wa kgaolo ka 2003 go tsena 2008. E ne e le modulasetilo wa lekgotla la bomme ba ANC wa kgaolo le PEC le leloko la PWC la ANC. O berekile mo lekgotleng la bomme ba ANC ka go nna modulasetilo wa kgaolo.
Cjiekella o ne a isiwa kwa Kapa Bokone e le leloko la palamente ya kgaolo ka Morule 2003. Ngwaga o o latelang o ne a nna mothusa tautona wa palamente ya kgaolo ya Kapa Bokone. O nnile mo maemong ao go fitlhelela ka Moranang 2009 fa a tlhomiwa tona wa thuto kwa kgaolong eo.
Motshwarelela boeteledipele kwa Kapa Bokone
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga moeteledipele wa Kapa Hazel Jenkins a sena go idibala ka ntlha ya go swa mohama ka 2012,[2] khansele ya kgaolo e ne ya kopana ka Tlhakole a le masome mabedi, e dumalana ka bongwefela jwa pelo go tlhoma Cjiekella motshwarelela boeteledipele ka lobaka lwa malatsi a boitapoloso a ga Jenkins.[3]
Lobaka lwa gagwe e le motshwarelela boeteledipele lo fedile ka Moranang a le malatsi mabedi ngwaga wa 2013 fa Hazel Jenkins a ne a ithola marapo semmuso mo maemong a moeteledipele wa Kapa Bokone a tlhatlhamiwa ke Sylvia Lucas, tona wa kgaolo wa tikologo.
Loso lwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Grizelda Cjiekella o tlhokafetse ka tshoganyetso fa a le kwa sepateleng kwa toropong ya Kimberley ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2015.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Profile: Grizelda Cjiekella Archived 2013-04-12 at the Wayback Machine
- ↑ Premier suffers stroke; Jenkins needs time to recover. Diamond Fields Advertiser 20 Feb 2012, pp 1-3
- ↑ Appointment of Acting Premier
- ↑ "Archived copy". Archived from the original on 15 April 2017. Retrieved 21 November 2025