Jump to content

Groenkloof

Go tswa ko Wikipedia

Groenkloof (ka Seaforikanse e kaya 'Mogorogoro o motala') ke torotswana ya bonno ya Pretoria, Aforikaborwa.[1]

Motsethoko ono o o humileng kwa Pretoria o tumile ka ditlhare tsa one tse ditshweu tsa Jacaranda. E gaufi le bogare jwa toropo, le mafelo a a itsegeng thata a mabenkele a Brooklyn Square le Menlyn Park . Khamphase e kgolo ya Yunibesithi ya Pretoria ke fela dikilometara di le tharo ka kgweetso mme ke metsotso e le mmalwa go tswa kwa tselengkgolo ya N14 e e golaganyang Pretoria le Johannesburg (ka N1).[2]

Motsethoko o fa gare ga Tsela ya Koningin Wilhelmina kwa botlhaba, Tsela ya George Storrar kwa bokone le Fort Klapperkop kwa borwa. Mebila ya Herbert Baker le van Wouw ke mengwe ya mebila e e itsegeng thata mo lefelong leno e bile ke legae la bangwe ba baagi ba ba humileng thata ba toropo eno.

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]