Jump to content

Guinea

Go tswa ko Wikipedia
Republic of Guinea

République de Guinée
Motto: Work, Justice, Solidarity
Anthem: |}}
Mošate
and largest city
Conakry
9°31′N 13°42′W / 9.517°N 13.700°W / 9.517; -13.700
Diteme tsa semmusôFrench
Merafe ya Batho

Lefatshe la Guinea le le bidiwang Republic of Guinea ka semmuso, ke lefatshe le le mo lotshitshing lwa bophirima jwa Aforika. Mo molelwaneng wa lone kwa bophirima ke lewatle la Atlantic, lefatshe la Guinea-Bissau kwa bokone-bophirima, Senegal kwa bophirima, Mali kwa bokone-botlhaba, Ivory Coast kwa borwa-botlhaba le Sierra Leone le Liberia kwa borwa. Nako tse dingwe le bidiwa Guinea-Conakry, e le leina le le tswang mo toropokgolo ya lone Conakry, go le farologanya le mafatshe a mangwe mo kgaolong jaaka Guinea-Bissau le Equatorial Guinea.[1][2][3][4] Lefatshe la Guinea le na le palo ya batho e le di milone di le lesome le bone, mme le bophara jwa dikete di le makgolo a mabedi, masome a mane le botlhano.[5]

Pele ga le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1958, le ne le bidiwa French Guinea.[6] Masole a kile a menola puso ya lefatshe le. [7][8][9]Morago ga masome a dingwaga a go laolwa ke puso, le ne la tshwara ditlhopho ka ngwaga wa 2010.[9][10][11]Fa le ntse le tsweletse le tshwara ditlhopho tsa diphathi tse dintsi, le tsweletse ka go itemogela dintwa tsa merafe, tshenyetso sechaba le go tshwenngwa ke ba sesole le ba sepodise.[11][12] ka ngwaga wa 2011, lefatshe la United States le ne la supa gore go tshwenngwa ke makgotla a tshireletso le go tshwenngwa ga basadi le bana ke nngwe ya tsuololo ya ditshwanelo tsa batho.[13] Ka ngwaga wa 2021, lekoko la sesole le ne la thankgola tautona Alpha Conde mme ba emisa molao-motheo.[7][8][9]

Batho ba tumelo ya Islam ke bone ba leng bantsi kwa lefatsheng leo, ba dira 90% ya baagi ba koo.[1][14][15]Lefatshe le kgaogantswe gane: Maritime Guinea mo lotshitshing lwa lewatle la Atlantic, Fouta Djallon, Upper Guinea kwa bokone-bophirima le Guinee forestiere kwa go leng dikgwa. Teme ya French, e e leng yone puo ya semmusoo e dirisiwa mo dikolong, mo pusong le mo metsweding ya dikgang. Diteme di feta masome a mabedi le bone tsa mo gae di a buiwa, mme tse dikgolo e le Susu, Pular le Maninka tse di buiwang thata kwa Maritime Guinea, Fouta Djallon le Upper Guinea, fa kwa Ginee forestiere go buiwa dipuo tse difarologaneng. Itsholelo ya kwa Guinea e ikaegile ka temothuo le ditswammung.[16] Ke lefatshe la bobedi ka bogolo mo thekisong ya bauxite, mme gape le na le diteemane le gauta.[17] Go ya ka patlisiso ya ngwaga wa 2018, 66.2% ya batho ba amiwa ke leuba mme 16.4% bone go le bonolo go ka nna mo leubeng.[18]

Lefatshe la Guinea le filwe leina la lone go tswa mo kgaolong ya Guinea e e mo Gulf of Guinea. Kgaolo e e phuthulogela kwa bokone mme e felele kwa Sahel. Leina la sekgoa la Guinea le tswa mo lefokong la Portuguese le le reng Guine. Ka ngwaga wa 1978, leina la semmuso e ne ya nna People's Revolutionary Republic of Guinea. Ka ngwaga wa 1984, lefatshe le ne la fiwa leina la Republic of Guinea morago ga loso lwa tautona wa ntlha Ahmed Sekou Toure.

Popego ya lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Guinea le tlhakanetse molelwane le la Guinea-Bissau kwa bokone-bophirima, Senegal kwa bokone, Mali kwa bokone-botlhaba, Ivory Coast kwa botlhaba Sierra Leone kwa borwa-bophirima le Liberia kwa borwa. Lefatshe le dira popego ya ngwedi o o sephatlo ka le sokame go tswa kwa borwa-botlhaba go ya kwa bokone le bophirima. Metswedi ya noka ya Niger, Gambia le Senegal yotlhe e fitlhelwa kwa Guinea Highlands.

  1. 1.0 1.1 "Guinea-Conakry". Archived from the original on 5 February 2009. Retrieved 26 February 2025.
  2. "Music Videos of Guinea Conakry". Archived from the original on 21 February 2007. Retrieved 26 February 2025.
  3. "The Anglican Diocese of Ghana". Netministries.org. Archived from the original on 7 January 2009. Retrieved 26 February 2025.
  4. "CFI – Africa – Guinea Conakry". Archived from the original on 11 May 2011. Retrieved 26 February 2025.
  5. "Nations Online: Guinea – Republic of Guinea – West Africa". Nations Online. Archived from the original on 3 May 2003. Retrieved 26 February 2025.
  6. West Africa economic bloc suspends Guinea after military coup, Deutsche Welle (8 September 2021).
  7. 7.0 7.1 Nicholas Bariyo & Benoit Faucon, Military Faction Stages Coup in Mineral-Rich Guinea, Wall Street Journal (5 September 2021).
  8. 8.0 8.1 Krista Larson, EXPLAINER: Why is history repeating itself in Guinea's coup?, Associated Press (7 September 2021).
  9. 9.0 9.1 9.2 Danielle Paquett, Here's what we know about the unfolding coup in Guinea, Washington Post (6 September 2021).
  10. Abdourahmane Diallo and Adam Nossiter, Guinea Votes in Its First Democratic Presidential Election, New York Times (7 November 2010).
  11. 11.0 11.1 Guinea, Freedom in the World, Freedom House, 2021.
  12. Saliou Samb, Guinea President Conde vows to tackle corruption during third term, Reuters (15 December 2020).
  13. Bureau of Democracy, Human Rights and Labor (2012). "Country Reports on Human Rights Practices for 2011: Guinea". United States Department of State. Retrieved 26 February 2025.
  14. "Religion in Guinea". Visual Geography. Archived from the original on 14 September 2013. Retrieved 26 February 2025.
  15. "The Pan African Bank". Ecobank. Archived from the original on 19 March 2012. Retrieved 26 February 2025.
  16. "Guinea Conakry: Major Imports, Exports, Industries & Business Opportunities in Guinea Conakry, Africa". Archived from the original on 5 November 2010. Retrieved 26 February 2025.
  17. Guinea Conakry Support – Guinee Conakry Trade and Support. (GCTS)". Archived from the original on 5 January 2015. Retrieved 26 February 2025.
  18. "Multidimensional Poverty Index 2023 Guinea" (PDF). United Nations Development Programme Human Development Reports. 2023. Retrieved 26 February 2025.