Jump to content

Hadizatou Mani

Go tswa ko Wikipedia
Hadizatou Mani fa a ne a etetse mokwaledi mogolo wa lefatshe Hillary Clinton le mohumagadi wa tautona wa pele Michelle Obama ka ngwaga wa 2009.

Hadizatou Mani o o tshotsweng ka ngwaga wa 1984, ke molwela ditshwanelo wa kwa Niger o o loleng ntwa ya semolao go ikgolola mo bokgobeng, o fa e sale ka nako ya kgololesego ya gagwe a nnileng mmueledi o o kgatlhanong le bokgoba

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mani o tsholetswe kwa Dogaroua kwa kgaolong ya Tahoua kwa legareng la Niger ka ngwaga wa 1984. Fa a le dingwaga di le lesome le bobedi, o ne a rekisediwa mo bokgobeng ka tlhwatlhwa ya di dolara di le makgolo a matlhano. O ne a nna mosadi wa botlhano wa mong wa gagwe, a tshwanelwa ke go dira ditiro tsa mo gae le tse di tlhokang marapo. Mani o en a dirisiwa dikgoka o tlhakanelong dikobo mo bokgobeng jwa gagwe, a nna le bana ba le bane, ba le babedi ba ne ba kgona go golola.[1]

Ka ngwaga wa 2003, morago ga kgatelelo ya mafatshe a sele, bokgoba bo ne jwa seka jwa nna ka fa molaon kwa Niger. Timidria, lekgotla le e seng la puso la kwa Niger, le ne la pateletsa mong wa ga Mani go baya monwana setlankana sa kgololesego ya ga Mani le basadi ba gagwe ba bangwe, le ntswa Mani a ne a sa bolelelwa ka kgololesego e.[1]

Ditsheko di le dintsi di ne tsa simolola morago ga go gololwa ga ga Mani; ya ntlha e ne ya netefsa kgololesego ya gagwe, ya bobedi ya re ga go a nna jalo. Mani o ne a nyalwa gape morago ga kgololo ya gagwe, monna wa gagwe wa ntlha a re se a se dirang ke go nyala lefufa.[1][2] Tsheko ya bofelo ya nwgaga wa 2008, kwa Mani a neng a engwe nokeng ke lekgotla la mafatshefatshe le le kgatlhanong le bokgoba le la Trimidia, ba bega kgang ya gagwe fa pele ga kgotlatshekelo ya lekgotla la itsholelo la mafatshe a bophirima jwa Aforika (ECOWAS), e ne ya atlega; lekgotla la ECOWAS la gwetlha maloko a lone go sireletsa banni ba one mo bokgobeng.[3][4]

Morago ga tsheko ya bofelo, Mawi o ne a atswiwa ka di dolara tsa America di le dikete di le masome a mabedi, a ditshenyegelo, a amogela le kgatlhego ya mafatshe a sele ka kgang ya gagwe, go akaretsa go fiwa seetsele sa basadi ba ba ititeileng sebete ba ngwaga wa 2009, go tswa mo mohumagading wa ga tautona wa pele Michelle Obama, le mokwaledi wa lefatshe wa nako eo, Hillary Clinton.[5] Pampiri ya dikgang ya Time e biditse Mani mongwe wa batho ba ba nang le tlhotlheletso ba ngwaga wa 2009.[2]

Le ntswa Mani a fentse tsheko ya gagwe, bokgoba bo tsweletse kwa Niger, Mani fa e sale jalo ke mmueledi le molweladitshwanelo kgatlhanong le bokgoba o thusitse batswasetlhabelo ba bangwe ba basadi ka thuso ya lekgotla la Trimida go lwantsha bokgoba jwa bone mo dikgotlatshekelong. Se se akaretsa tsheko ya ngwaga wa 2014, e mo go yone monna a atlholetsweng dingwaga di le dine mo kgolegelong go bo a dirile mosadi lekgoba.[6]

Ka ngwaga wa 2022, mani o ne a bidiwa mongwe wa basadi ba le lekgolo ba ngwaga ke motswedi wa dikgang wa BBC.[7]

  1. 1 2 3 Châtelot, Christophe (28 April 2009). "Pour le prix d'une chèvre". Le Monde (in French). Archived from the original on 9 April 2023. Retrieved 25 June 2025.
  2. 1 2 Salbi, Zainab (30 April 2009). "Heroes & Icons - Hadizatou Mani". Time. ISSN 0040-781X. Retrieved 26 June 2025.
  3. Mwangi, Caroline; Sadu Alize, Muktar (14 December 2022). "My life as a 'fifth wife' in Niger: The woman who fought her enslaver in court and won". BBC News. Retrieved 26 June 2025.
  4. Harter, Fred (28 June 2022). "'He bought me like a chicken': the struggle to end slavery in Niger". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 26 June 2025.
  5. Bennett, Ruth (9 March 2009). "Hadizatou Mani: "No Woman Should Suffer the Way I Did"". DipNote. Archived from the original on 2 May 2009. Retrieved 26 June 2025.
  6. Garrido, María (14 October 2014). "¿Será Hadijatou Mani la nueva Malala?". El País (in Spanish). Archived from the original on 6 January 2023. Retrieved 26 June 2025.
  7. "BBC 100 Women 2022: Who is on the list this year?". BBC News. 6 December 2022. Retrieved 26 June 2025.