Jump to content

Hamilton Dhlamini

Go tswa ko Wikipedia

Hamilton Dhlamini (o belegwe ka 15 Sedimonthole 1969), ka dinako dingwe o bidiwa Hamilton Dlamini, ke motshameki wa difilimi, mokwadi le motlhami wa difilimi wa mo Afrika Borwa. O itsege thata ka go tshameka mo difiliming le mo dithelebisheneng tsa Isithembiso, Faith like Potatoes le The King's Messenger.. [1].

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegwe ka 15 Sedimonthole 1969 mo toropong e e kwa borwa jwa Johannesburg, mo Aforika Borwa, e e bidiwang Sebokeng, Vaal Triangle mo lelapeng le le neng le se na itsholelo e e siameng.[2]

O nyetse moitse wa dijo e bong Martha; mme ba na le bana ba le bararo. O ne a kopana la ntlha le Martha mo lefiking.[3]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O simolotse tiro ya gagwe ya go nna motshameki wa terama mo masimologong a ngwaga wa 1984 ka go tshameka metshameko ya thelebišene. O ne gape a tshameka jaaka rakgwebo, Korea, mo go SABC 1 sitcom Mzee Wa Two Six. Mo masimologong a ngwaga wa 2008, o ne a nna le seabe sa go etelela pele mo motseletseleng wa metshameko e mekhutshwane ya SABC1, e e theilweng mo terameng ya ga William Shakespeare ya King Lear.[4] Gape, o ne a tshameka karolo e e kwa pele mo SABC 2 sitcom Stokvel mo karolong ya Mojo Khumalo.[2] Ka 2008, o ne a tshameka mo motseletseleng wa Ten Bush o o neng o eteletswe pele ke Mncedisi Shabangu. Ka ntlha ya seabe sa gagwe, o ne a gapa Naledi Theatre Award ya motshameki wa motshameko wa bobedi yo o gaisang. Ka 2009, o ne a dira mmogo le William Kentridge le Handspring Puppet Company mo Woyzeck in the Highveld.[5]

Ka 2006, o ne a tshameka mo filiming ya ga Regardt van den Bergh ya Faith like Potatoes. Mo lekgetlong leno, o ne a gapa South African Film and Television Awards (Safta) ya motshameki wa motshameko wa bobedi wa maemo a a kwa godimo ka ntlha ya seabe sa gagwe.[5] Ka 2007, o ne a gapa Golden Horn Award ya Best Supporting Actor in a Feature Film. Ka 2018, o ne a tshameka Banzi Motaung mo motseletseleng wa thelebišene o o tumileng Isithembiso. Mo go one ngwaga oo, o ne gape a gapa Golden Horn Award ya Best Actor mo thelebišeneng ya 'Isithembiso'.[2][4]

Ka ngwaga wa 2018, o ne a tshameka mo terameng ya Woza Albert le Joburg City Theatres, e e neng ya tshamekiwa kwa The Kenya International Theatre Festival. Boitshwaro jwa gagwe jo bo tlhomologileng le tshusumetso ya kakaretso ya Woza Albert mo moletlong. O ne a tlhagelela mo posareng ya semmuso ya #KITFest2019.[citation needed]

Gape o ne a tlhoma khamphane ya gagwe ya go dira difilimi, Ndlondlo Productions. [5]

Difilimi tse a di Tshamekileng

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Karolo Mofuta Metswedi
1990 The King's Messenger Motsomi wa Setlhabela Filimi
2001 Scoop Schoombie Sparks Letoto lwa Thelebishene
2004 Gums & Noses Morekisi wa mo Mebileng Filimi
2006 Faith like Potatoes Simeon Bhengu Filimi
2009 Izingane Zobaba Lucky Letoto lwa Thelebishene
2010 Jozi Lepodisi la Sepalamo Filimi
2011 Otelo Burning Skhumbuzo Filimi
2013 Nothing for Mahala Foreman Filimi
2016 Fluiters Bantu Ntenga Letoto lwa Thelebishene
Umlilo Mnqobi Simelane Filimi
2017 Lokoza Mokaedi Filimi e Khutshwane
Five Fingers for Marseilles Sepoko Filimi
2018 Isithembiso Banzi Motaung Letoto lwa Thelebishene
2021 Isibaya Andile Sibiya
2021 DiepCity Bonga Jele Letoto lwa Thelebishene
Reyka Hector Zwane Letoto lwa Thelebishene
2024 Queendom BET Kgosi Banzi Khahlamba Letoto la Terama la Thelebishene

Metshameko ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Askies!, season 1 as Homeless Man
  • Boo & TT, season 1 as TT
  • City Ses'la, season 1 as Uncle Mto eKasi
  • Our Stories, season 5 as Mbangiseni
  • Fluiters, season 1 as Bantu Ntenga
  • Home Affairs, season 2 as Katleho's Father
  • Home Affairs, season 3 & 4 as Senzo Mbatha
  • Izingane zoBaba, season 1 as Lucky
  • Mutual Friends (2014), season 1 as Pat
  • Mzansi, season 1 & 2 as Prosper
  • Mzee wa Two Six, season 1 as Korea
  • Saints and Sinners, season 2 as Andries
  • Shooting Stars, season 2 as Themba Zwane
  • Soul Buddyz, season 1 as Melusi's Teacher
  • Stokvel, season 6 as Mojo Khumalo
  • The Mayor, season 1 as Mapula
  • Matlala Umlilo, season 1, 2, 3 & 4 as Mnqobi Simelane
  • Zero Tolerance, season 1 as Lefty
  • Zero Tolerance, season 3 as President Tubman
  • Emzini Wezinsizwa, as Ndwandwe
  • Shaka iLembe as King Jobe ka Nyambose
  • Nikiwe

Bona Gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "'I go to shebeens and places that are considered dangerous to build my characters' – Hamilton Dlamini on his badboy characters". news24. Retrieved 27 October 2020.
  2. 1 2 3 "Hamilton Dlamini biography". briefly. 16 October 2019. Retrieved 27 October 2020.
  3. "Hamilton Dlamini shares how he met his wife". zalebs. Archived from the original on 29 October 2021. Retrieved 27 October 2020.
  4. 1 2 "Bio". tvsa. Retrieved 27 October 2020.
  5. 1 2 3 "HAMILTON DLAMINI". theheadandtheload. Retrieved 27 October 2020.

Dikgolagano tsa kwa Ntle

[fetola | Fetola Motswedi]