Hannes Smith
Johannes Martin Hannes Smith (o o tshotsweng ka Mopitlo a le lesome le bosupa ngwaga wa 1933 a tlhokafala ka Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2008) a bokiwa ka leina la "Smithie", e ne e le mmegadikgang, morulaganyi le mogatisi wa kwa Namibia.[1] Pele e ne e le mmegi, a tloga a nna morulaganyi wa Windhoek Advertiser go fitlhelela ka 1978 fa ene le Gwen Lister ba ne ba tlhama Windhoek Observer, pampiri ya dikgang ya Sabata e e neng e le nosi ka nako eo. O ne a tswelela a nna mong wa yone le morulaganyi wa yone go fitlhelela a tlhokafala.[2]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Smith o tsholetswe kwa Grootfontein, kwa kgaolong ya Otjozondjupa.[1] batsadi ba gagwe e ne e le ba ditso tsa Angola la Afrikaans ba malwapa a bone a neng a nnile le seabe mo go tsamaeng lefatshe ga Dorsland Trek.[3] Smith o ne a simolola go lwala bolwetsi jwa go lebala ka Seetebosigo ngwaga wa 2008, a tlhokafala ka Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2008 ka ntlha ya bolwetsi boo.[2]
Tiro ya borulaganyi
[fetola | Fetola Motswedi]Go ya ka Andreas Rothe, Smith o ne a fiwa tlotla ke ba a phadisanyang le bone ka go mmitsa mokwadi wa tlhwatlhwa o o sa obameleng puso ya SWAPO kgotsa ya Aforika Borwa.[4] Morago ga gore Lister a tlogele pampiri ya dikgang ka 1984, Smith o ne a etelela pele a le nosi, a ipitsa moeteledipele wa yone. Morwadie, ebong Yanna Erasmus o ne a tloga a bereka le ene.[2]
Magatwe a 1959 a Old Location
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phatwe 2003, tautona Sam Nujoma le Smith ba ne ba tsaya karolo mo kgotlhang mabapi le kganyaolo ya Old Location ya 1959, e go neng ga thuntshiwa palo ya batho bantsho ba ba neng ba gwanta ke mapodisi a Aforika Borwa. Nujoma o kwadilwe mo bukeng ya botshelo jwa gagwe ya Where Others Wavered: the Autobiography of Sam Nujoma, are ba ba neng ba gobetse ba ne ba sa thusiwe ka tsa kalafi ke dingaka tsa batho basweu, ba akaretsa ba kokelwana ya Red Cross. Smith, mmegi o mmotlana kwa Windhoek ka nako ya kganyaolo, o ne a ganetsa magatwe a,are o bone ka matlho agagwe batho bantsho ba ba neng ba gobetse ba fiwa kalafi. Nujoma o ne a fetola ka go re Smith o a mo tlhasela ebile ga a bue boammaruri.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Hopwood, Graham. "Smith, Johannes Martin (Hannes)". Namibia Institute for Democracy. Archived from the original on 22 July 2011. Retrieved 15 October 2025.
- 1 2 3 "Founder of Windhoek Observer, Hannes Smith, dies at 75". Afrik News. 5 August 2008. Retrieved 15 October 2025
- ↑ Sasman, Catherine (24 Sep 2010). "Johannes Smith: Champion for freedom of expression (1933 to 2008)". New Era. Archived from the original on 21 February 2013.
- ↑ Rothe, Andreas (2010). Media System and News Selections in Namibia. LIT Verlag. p. 36. ISBN 978-3-643-11194-4. Retrieved 15 October 2025
- ↑ "Nujoma's war of words with editor". Mail & Guardian. 30 August 2003. Retrieved 15 October 2025.