Hanniel Jamin
Hanniel Jamin | |
|---|---|
| Tsalo | Hanniel Jamin 1994 (age 31–32) Accra, Ghana |
| Bolele | 1.76 m (5 ft 9+1⁄2 in) |
| Beauty pageant titleholder | |
| Lebante | Miss Universe Ghana 2013 |
| Mmala wa moriri | Black |
| Dikgaisano tsa konokono | Miss Universe Ghana 2013 (Winner) Miss Universe 2013 |
Hanniel Jamin ke seopedi sa Ghana, mmabontle, mmini le motshwari wa sekgele sa kgaisano ya bontle yo o neng a rwesiwa serwalatlhogo sa Mohumagatsana wa Lefatshe la Ghana ka 2013, mme a emela Ghana kwa kgaisanong ya Mohumagatsana wa Mafatshe Otlhe 2013.
Botshelo jwa bogologolo
[fetola | Fetola Motswedi]Jamin ke mmabontle, Seopedi, le motaki yo o santseng a gola. O ne a aloga kwa go nngwe ya Diyunibesithi tse di gaisang kwa Ghana.[1]
Mohumagatsana wa Lefatshe Lotlhe Ghana 2013
[fetola | Fetola Motswedi]Hanniel Jamin o ne a rwesiwa serwalatlhogo sa go nna Mohumagatsana wa Lefatshe Lotlhe la Ghana wa 2013 kwa bokhutlong jwa kgaisano e e neng e tshwaretswe kwa Hoteleng ya La Palm Royal kwa Accra ka Labotlhano kgwedi ya Motsheganong e rlhola malatsi a le masome a mabedi le bone ngwaga wa 2013.[2]
Mohumagatsana wa Mafatshe Otlhe wa 2013
[fetola | Fetola Motswedi]Jamin o ne a emela Ghana kwa dikgaisanong tsa Mohumagatsana wa mafatshe otlhe wa 2013 kwa Moscow, kwa Russia ka Ngwanatsele a tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 2013, kwa a neng a gaisana gone go tlhatlhama Olivia Culpo mme a palelwa ke go tsena mo makgaolakgannyeng.
Go gapa motho ka dikgoka
[fetola | Fetola Motswedi]Ka tsatsi la Labobedi ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mararo ngwaga wa 2013, Jamin o ne a gapiwa ka dikgoka kwa Accra ka diura di le mmalwa. Moragonyana o ne a gololwa mme dithoto tsa gagwe di ne di utsulwe.[3]
Tse di kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]| Awards and achievements | ||
|---|---|---|
| Preceded by
Gifty Ofori |
Miss Universe Ghana
2013 |
Succeeded by
Abena Appiah |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "It's officially a wrap Graduation photos". instagram.com. Archived from the original on 2024-03-12
- ↑ "Hanniel Jamin crowned Miss Universe Ghana 2013"
- ↑ "Miss Universe Ghana kidnapped". 6 September 2013