Jump to content

Hayley Matthews

Go tswa ko Wikipedia

Hayley Kristen Matthews (yo o tshotsweng ka Mopitlo a le lesome le borobabongwe ka 1998) ke motshameki wa mosadi wa lefatshe la Barbados. O tshameka kgwele ya boditshabatshaba ya kirikete a tshamekela West Indies e le motshameki wa makgonatsotlhe, itaya kgwele ka letsogo la moja mme a tika kgwele ka letsogo la moja a e dikolosa. O tshameka kirikete ya kwa gae ya Barbados, Barbados Royals le Melbourne Renegades, mme a kile a tshamekela kwa Tasmania, Lancashire Thunder, Southern Vipers, Loughborough Lightning, Velocity le Hurricanes Hobart.[1] Gape o ne a emela Barbados mo go tikeng javeli kwa dikgaisanong di le mmalwa tsa boditshabatshaba tsa mabelo.[2] Ka Seetebosigo wa 2022, Matthews o ne a tlhophiwa go nna mokapoteni wa setlhopha sa kirikete sa basadi sa West Indies, a tsaya mo go Stafanie Taylor.[3]

Botshelo jwa pele le dithuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Matthews o tsholetswe kwa Barbados[4] mme a godisetswa kwa Bridgetown, motsemogolo wa Barbados ebile e le toropo e tona go di gaisa tsotlhe. Rraagwe ebong Mike, o ne a itaya kgwele mo maemong a bone mme a tika kgwele ka go e tsoketsa kwa setlhopheng sa Pickwick Cricket Club, sengwe sa ditlhopha tse di digogang kwa pele kwa setlhakatlhakeng seo.[5] Pele ga foo o tshameketse setlhopha sa Barbados sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse lesome le borobabongwe.[6]

Mogopolo wa pele wa ga Matthews ke fa a tsenelela metshameko ya kirikete fa gare ga ga rraagwe le morwarraagwe yo motona, Wayne, kwa lwapeng morago ga sekolo. O gakologelwa gape gore o ne a isiwa kwa lebaleng le e neng e le legae la Pickwick Club ka nako eo, Kensington Oval kwa ba neng ba taboga mo lebaleng, le go tsena mo teng ga lebala ka nako ya go ikhutsa.[5]

Fa Matthews a simolola go tsena sekolo se se botlana sa People's Cathedral Primary School, se se neng se le gaufi le lelwapa la bone, go ne ga tlhaga tshono ya gore o ka tshameka motshameko o mo go tlhomameng. Fa a le dingwaga di le robabobedi kgotsa di robabongwe, o ne a kopa mokatisi wa sekolo wa setlhopha sa basimane go ka nna leloko la setlhopha seo. Kopo ya gagwe e ne ya atlega.[5] Go fitlha nako ya fa a le dingwaga tse lesome le motso, o ne e le mokapoteni wa setlhopha seo.[7]

Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa gagwe tsa sekolo se sebotlana, Matthews o ne a dira sentle mo ditlhatlhobong tsa kwa Barbados tse di nnang di le mabarebare[8] tsa go amogelwa kwa sekolong se se tumileng sa setlhaketlhake seo,[9][10] sa Harrison College,[5][6] se se neng se theiwa e le sekolo sa basimane fela ka 1733.[9] Le fa sekolo se sa ithutelo tiro se ne se sa duedise madi go tloga ka 1960,[10] ebile se tlhakatlhakanya baithuti go tswa ka 1980,[9] se na le go bitswa 'Eton College of Barbados.'[10] Baithuti ba sone ba pele ba le bantsi ba metshameko ba akaretsa Sir Pelham ('Plum') Warner, 'Grand Old Man' wa kirikete ya makgoa,[11] le Sir Clyde Walcott.[12]

Ka bonako fela morago ga go simolola kwa Harrison Colllege, Matthews o ne a tsena mo setlhopheng se pele e neng e le sa basimane fela e le ene yo o bulelang go betsa kgwele mo setlhopheng seo sa ba ba kwa tlase ga dingwaga di le lesome le boraro. Ka go thusa ga gagwe, setlhopha se ne sa gapa kgaisanong go ise go ye gope.[5] Mo ngwageng wa gagwe wa bofelo mo go ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse lesome le boraro, e ne e le mokapoteni wa setlhopha seo,[5][6] e nna motshameki wa mme wa ntlha go dira jalo.[6]

Matthews o rotloetsa banana ba bomme ba ba tshamekang kirikete go tshameka mo setlhopheng sa basimane. O dumela gore go tshameka mo ditlhopheng tseo go mo thusitse go emela go tikiwa ga kgwele mo go bonako, gabo ga mo thusa mo go tsa lebala. Fa a le dingwaga di le lesome le borobabobedi, o ne a setse a tshamekile mo Men's First Division a tshamekela Pickwick Club, a tshameka le batshameki ba banna go akaretsa yo o betsang kgwele wa West Indies Shai Hope.[5] Esale ka 2022, o ne a sa ntse a le mo kgolaganong le bontsi jwa batshameki ba banna ba a neng a le mo setlhopheng sa gagwe sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse lesome le boraro se e neng e le mokapotene wa sone.[6]

  1. "Player Profile: Hayley Matthews". CricketArchive. Retrieved 9 March 2025.
  2. "Hayley Matthews". ESPNcricinfo. Retrieved 9 March 2025.
  3. "Hayley Matthews takes over as West Indies captain from Stefanie Taylor". ESPNcricinfo. Retrieved 9 March 2025.
  4. "Hayley Matthews Biography : Age, Height, Early Life, Professional Life, Facts & Net Worth". Sportzcraazy.com. Retrieved 9 March 2025.
  5. 1 2 3 4 5 6 7 Bishop, Ian (February 2017). "The Prodigy: Hayley Matthews, Barbados, 18". The Cricket Monthly. Retrieved 9 March 2025.
  6. 1 2 3 4 5 Goodridge-Boyce, Anmar (7 March 2022). "Cricket World Cup: Hayley Matthews on West Indies, leadership & her friendship with Jofra Archer". BBC Sport. Retrieved 9 March 2025.
  7. Nicholson, Raf. "Hayley Matthews profile and biography, stats, records, averages, photos and videos". ESPNcricinfo. Retrieved 9 March 2025.
  8. Mendes-Franco, Janine (29 June 2019). "Will Barbados be the first Caribbean nation to abolish the secondary school entrance exam?". Global Voices. Retrieved 9 March 2025.
  9. 1 2 3 "MRD. Secondary Schools. Harrison College". Media Resource Department (Barbados). Retrieved 9 March 2025.
  10. 1 2 3 Callaghan, Brett (15 January 2017). "Harrison College". Totally Barbados. Retrieved 9 March 2025.
  11. The Overwhelming Influence of Harrison College. University Press of the West Indies. 1998. ISBN 9789766400460. Retrieved 9 March 2025.
  12. Pires, B. C. (28 August 2006). "Obituary: Sir Clyde Walcott". The Guardian. Retrieved 9 March 2025.