Jump to content

Hazel Jenkins

Go tswa ko Wikipedia
Hazel Jenkins
Moeteledipele wa boraro wa kgaolo ya Kapa Bokone
In office
Motsheganonga le malatsi a marataro ngwaga wa 2009  Motsheganonga le malatsi a masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2013
Pele Ga GagweDipuo Peters
Morago Ga GagweSylvia Lucas
Ka Ga Ena
MokgatlhoAfrican National Congress

Hazel Getrude Jenkins ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa le moeteledipele wa pele wa kgaolo ya Bokone Bophirima. O berekile e le moeteledipele go tswa ka Motsheganong 2009 go fitlhelela a ithola marapo ka Moranang 2013, morago ga go swa mohama. Tshutiso ya go lemoga go ithola narapo ga gagwe mo boeteledingpele (ka ntlha ya botsogo) e ne ya retelelwa mo tlhophong ya palamente ka Moranang a le masme mararo ngwaga wa 2013  ka jalo Jenkins o ne a tswelela a nna moeteledipele. Sylvia Lucas o ne a tlhomiwa ka Moranang a le masome mararo ngwaga, a sa tlhatlhame Jenkins, mme a tshwareletse.[1] Jenkins o ne a felela a ithola marapo ka Motsheganong a le masome  mabedi ngwaga wa 2013, a sutela Lucas go tlhomamisiwa jaaka motlhatlhami wa gagwe ka Motsheganong a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2013 [2][3]

Tse di diragetseng pele le pereko ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a le dingwaga di le masome mane le borobabongwe ka nako e a neng a tsena mo maemong a boeteledipele, Jenkins e ne e le mmatoropo wa Pixley ka Seme (kwa e neng e le Karoo pele) kwa De Aar kwa Karoo. Pele e ne e le morutabana.

A tshotswe ka Seetebogiso a le malatsi a marataro ngwaga wa 1960 kwa Ceres kwa Kapa Bophirima, o tsene sekolo kwa Worcester, a aloga kwa Esselen Park High School. O alogile ka diploma tsa borutabana kwa Bellville Training College, a bereka lantlha e le morutabana kwa Rocklands kwa Kapa. Jenkins e ne e le mogakolodi wa kereke ya Anglican wa monana.[4]

Ka 1995 o ne a tlhophiwa go nna mokhanselara wa De Aar, kwa mmasepaleng wa Emthanjeni, a ya go nna mmatoropo wa mmasepala wa Bo-Karoo. O berekile magato a mabedi e le mothusa modulasetilo wa lekgotla la selegae.[5]

Moeteledipele wa Kapa Bophirima

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2009, morago ga phenyo ya phathi e e busang ya African National Congress (ANC) mo dilthophong tsa lefatshe, Jenkins o ne a itsisiwe fa e le ntlhopheng wa phathi wa boeteledipele jwa Kapa Bophirima, a tlhatlhama Dipuo Peters. Kitsiso e ne ya nna le dikganetso tse dintsi go tswa mo lekalaneng la kgaolo ya ANC, le fa go ntse jalo, ka ba ne ba tenegetse gore modulasetilo John Block o seegetswe kwa thoko. Jenkins o ne a bua jaana ka nako eo: "re tlaa bereka re bopagane. Go sa kgathelesege gore bangwe ba ka reng ka gore moeteledipele ke sethswantsho fela, re tlaa bereka mmogo..." Block o ne a mo neela kemo nokeng ya gagwe, a tlatsa ka gore"Ke santse ke le moeteledipele wa polotiki wa kgaolo e ga mmogo le khansele ya kgaolo re tlaa thusa le go kaela Jenkins le khansele ka botlalo".[6]

Boeteledipele jwa gagwe bo ne jwa simolola ka Motsheganong a le malatsi a marataro ngwaga wa 2009.[7]

Go tlhomamisiwa ga baeteledipele ba nakwana

[fetola | Fetola Motswedi]

Jenkins o ne a idibala, a swa mohama, fa a bega seemo sa kgaolo ka 2012 kwa Kimberley ka Tlhakole a le lesome le bosupa ngwaga wa 2012, a isiwa kwa sepateleng sa Kimberley mo lephateng la thuso ya potlako.[8] Khansele ya kgaolo e ne ya kopana ka Tlhakole a le masome mabedi, ba dumalana ka bongwefela go tlhopha tona wa thuto, Grizelda Cjiekella, go nna moeteledipele wa nakwana go fitlhelela Hazel Jenkins a fola.[9]

Moeteledipele Jenkins, morago ga go nna lobaka kwa sepateleng, o ne a bonagala kwa bokopanong jwa ANC kwa Kapa Bokone e le lantlha fa a sale a lwala kwa Upington ka Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa 2012. O ne a lebega a tsogile sentle, babegadikgang ba ne ba bega jalo, a opela ebile a bina le tautona Jacob Zuma le maaloko a mangwe a phathi.[10]

Ka Moranang a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2013, Hazel Jenkins o ne a ithola marapo mo maemong a boeteledipele jwa kgaolo ya Kapa Bokone a tshwanetse go tlhatlhamiwa ke Syvia Lucas, tona wa tsa tikologo. Le fa go ntse jalo, tshutiso ya go lemoga go ithola marapo ga ga Jenkins e ne ya ganediwa. Tlhopho kwa khanseleng ya Kapa Bokone ka Moranang a le masome mararo ngwaga wa 2013, e diphathi tsa kganetso tsa COPE le Democratic Alliance di neng di tsere karolo mo go yone, e ne ya retelelwa ke go fitlhelela bobedi mo borarong jwa gore tshutiso e diriwe. Ka jalo, Jenkins o ne a tswelela a nna moeteledipele Lucas a tlhomamisiwa letsatsi leo e le motlhatlhami wa ga Grizelda Cjiekella, jaaka motshwarelela boeteledipele jwa kgaolo.[11]

Jenkins o ne a ithola marapo jaaka moeteledipele ka Motsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2013, a sutela gore Lucas a tlhomamisiwe go mo tlhatlhama.[12][13][14]

  1. "Jenkins bly premier" (Jenkins remains premier), Volksblad, 1 May 2013, p 1.
  2. "Jenkins resigns from top post" Diamond Fields Advertiser 23 May 2013 p 8.
  3. "Lucas elected new Northern Cape Premier – City Press 23 May 16:43". Archived from the original on 23 May 2013. Retrieved 20 November 2025
  4. Profile Archived 2011-09-19 at the Wayback Machine
  5. Volksblad newspaper 2 May 2009 p 10, "NK se nuwe premier sien uit na uitdaging".
  6. Diamond Fields Advertiser 4 May 2009, p 2 "I'm nobody's puppet, says Premier Jenkins."
  7. Profile Archived 2011-09-19 at the Wayback Machine
  8. Premier suffers stroke; Jenkins needs time to recover. Diamond Fields Advertiser 20 Feb 2012, pp 1-3
  9. Appointment of Acting Premier
  10. Healthy Hazel struts her stuff with Zuma
  11. "Jenkins bly premier: opposisie slaan kitaar in politieke drama" (Jenkins remains premier: opposition strums the guitar in political drama), Volksblad, 1 May 2013, p 1.
  12. "Jenkins resigns from top post" Diamond Fields Advertiser 23 May 2013 p 8.
  13. "Northern Cape premier to be elected, sworn in - City Press 23 May 2013". Archived from the original on 23 May 2013. Retrieved 20 November 2025
  14. "Lucas elected new Northern Cape Premier – City Press 23 May 16:43". Archived from the original on 23 May 2013. Retrieved 20 November 2025