Jump to content

Hector Pieterson

Go tswa ko Wikipedia

Hector Pieterson (19 Phatwe 1963 – 16 Seetebosigo 1976) e ne e le mosimane wa sekolo wa dingwaga tse 12 yo o neng a le montsho wa mo Aforika Borwa yo e neng a nna letshwao la ntwa kgatlhanong le tlhaolele fa a sena go thuntshiwa le go bolawa ke mapodisi ka 16 Seetebosigo 1976, ka nako ya khuduego kwa Soweto. Khuduego e ne e le boipelaetso jwa baithuti ba bantsho kgatlhanong le pholisi ya puso ya Aforika Borwa e e neng e pateletsa Sejakolobe le Seesimane jaaka puo ya go ruta mo dikolong tsa bontsi jwa bantsho, kgato e e neng e sa ratege thata ka gonne Sejakolobe se ne se tsewa e le puo ya bagateledi ba tlhaolele, mme baithuti ba ne ba rata go rutiwa ka dipuo tsa bone.[1]

Botshelo jwa pele le lelapa la gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Hector Pieterson, yo leina la gagwe le le feletseng e leng Zolile Hector Pieterson, o tshotswe ka 19 Phatwe 1963, kwa Soweto, mo Afrika Borwa. E ne e le morwa wa ga Vivian Pieterson le Dorothy Molefi[1]. Hector e ne e le ene ngwana a le esi wa mosimane wa ga mmaagwe e bong Dorothy, mme o ne a na le kgaitsadie a le mongwe yo o bidiwang Lulu Pieterson. Mo godimo ga moo, o ne a na le bokgaitsadie ba le bane, go akaretsa Antoinette Sithole le Sina Molefi. Hector o ne a tsena sekolo kwa Soweto, kwa sekolong se le sengwe fela le kgaitsadie wa bobedi Antoinette. Ba lelapa la gaabo ba ne ba mo tlhalosa e le mosimane yo o rategang yo monyenyo wa gagwe o neng o itumedisa mmaagwe, yo o neng a gakologelwa botlhale jwa gagwe le go rata go tshameka ga gagwe.[2]

Khuduego ya kwa Soweto

[fetola | Fetola Motswedi]
Letshwao kwa Durban le le bolelang gore lewatle ke la basweu fela go ya ka karolo 37 ya melawana ya lewatle ya Durban. Dipuo tsa teng ke Seesemane, Sejakolobe le SeZulu, puo ya setlhopha sa batho ba bantsho ba ba nnang mo lefelong la Durban.

Khuduego ya kwa Soweto e ne ya diragala segolobogolo ka gonne puso ya tlhaolele ya Aforika Borwa e ne ya pateletsa dikolo tsa bantsho go ruta dithuto dingwe ka Sejakolobe, puo e baithuti ba le bantsi ba bantsho le barutabana ba neng ba sa e tlhaloganye sentle. Sejakolobe se ne se tsewa e le "puo ya bagateledi" ka gonne se ne se amana le tsamaiso ya tlhaolele e e neng e sa tshware batho ba bantsho sentle[3][4]. Molao ono o ne wa dira gore go nne thata gore baithuti ba bantsho ba ithute le go atlega kwa sekolong. Le mororo batsadi le baithuti ba ne ba ngongorega ka dikgwedi di le dintsi, puso ga e a ka ya fetola molao ono. Seno se ne sa dira gore diketekete tsa baithuti di dire ditshupetso ka kagiso ka 16 Seetebosigo 1976.[3][4]

Mabaka a a tseneletseng a a bakileng dikhuduego a ne a akaretsa molao wa thuto wa Bantu wa 1953, o o neng wa tlhoma tsamaiso ya thuto ya boleng jo bo kwa tlase ya bantsho ba Aforika Borwa, e e neng e diretswe go ba boloka mo ditirong tse di duelang madi a mannye le go boloka taolo ya basweu.[4] Gape, megopolo e mešwa ya sepolotiki e e neng e tswa mo ditlhopheng tse di jaaka Black Consciousness Movement e ne ya dira gore baithuti ba nne le kitso le boikgogomoso, e leng se se neng sa ba kgothaletsa gore ba gane tlhaolele.[4][5]Mo godimo ga moo, ditoropo tsa batho ba bantsho tse di jaaka Soweto di ne di tletse ka batho, di na le matlo a a sa siamang le ditirelo tse di bokoa ka gonne puso e ne e sa ba tlhokomele, mme seo se ne sa dira gore batho ba galefe le go betwa ke pelo.[3][6]

Ka 16 Seetebosigo 1976, mo e ka nnang baithuti ba le 3 000 go ya go ba le 10 000 ba ne ba gwanta kwa Soweto go ngongorega kgatlhanong le puso ya puo ya Sejakolobe. Mapodise a ne a tsibogela seo ka go dirisa gase e e bakang dikeledi le ditlhobolo, ba bolaya baithuti bangwe, go akaretsa le Hector Pieterson. Morago ga moo, dingongorego di ne tsa anamela kwa mafelong a mangwe mme tsa tswelela ka dikgwedi di le dintsi, batho ba le bantsi ba swa le go gobala. Khuduego e ne ya gwetlha puso ya tlhaolele mme jwa dira gore batho ba le bantsi ba kgatlhegele go lwantsha go sa tshwarwe sentle ga batho ba ditso tse di farologaneng.

Loso la gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Hector o ne a thuntshiwa le go bolawa ke sepodisi ka 16 Seetebosigo 1976, ka nako ya khuduego ya kwa Soweto, fa baithuti ba bantsho ba ngogorega kgatlhanong le tiragatso ya Sejakolobe jaaka puo ya go ruta mo dikolong, e ba neng ba e ganetsa. Loso lwa gagwe lo diragetse kwa hukung ya mmila a kwa Moema le Vilakazi kwa Soweto. Fa a sena go thuntshiwa, Hector o ne a rwalwa ke moithuti wa dingwaga tse 18 e bong Mbuyisa Makhubo, mme kgaitsadie Hector e bong Antoinette o ne a taboga le bone. Setshwantsho se se tserweng ke mmegadikgang Sam Nzima sa motsotso ono, fa Hector a ne a rwalwa a gobetse thata se ne sa phasaladiwa lefatshe ka bophara mme sa nna letshwao le le maatla la ntwa kgatlhanong le tlhaolele.

Morago ga loso lwa gagwe, Hector Pieterson o ne a fitlhwa kwa Avalon Cemetery kwa Soweto, go bapa le moithuti yo mongwe, Hastings Ndlovu, yo le ene a neng a bolawa ka nako ya dikhuduego. Tsogologelo ya kwa Soweto e ne ya baka dintsho di le dintsi, mme batho ba feta 550 ba ne ba bolawa mo ntweng e e neng ya latela.

Letsatsi la Basha

Ntlo ya ditso ya ga Hector Pieterson

Loso lwa ga Hector Pieterson lo gopolwa ngwaga le ngwaga ka Seetebosigo 16, e jaanong e leng letsatsi la boikhutso la bosetšhaba mo Aforika Borwa le le bidiwang letsatsi la basha, le le tlotlang basha le seabe sa bone mo go lweng kgatlhanong le tlhaolele. Ka 2002, ntlo ya ditso ya ga Hector Pieterson e ne ya bulwa gaufi le lefelo le a neng a thuntshiwa mo go lone, e le segopotso le lefelo la thuto ka ga dikhuduego le botlhokwa jwa tsone.




  1. 1 2 https://briefly.co.za/31902-hector-pieterson-untold-truth-symbol-1976-soweto-uprising.html
  2. https://www.britannica.com/biography/Hector-Pieterson
  3. 1 2 3 https://www.saha.org.za/youth/bantu_education.htm
  4. 1 2 3 4 https://sahistory.org.za/article/june-16-soweto-youth-uprising
  5. https://www.zinnedproject.org/news/tdih/soweto-uprising/
  6. https://www.power987.co.za/news/timeline-the-june-16-soweto-youth-uprising/