Jump to content

Heinrich Schmelen

Go tswa ko Wikipedia
Johann Heinrich Schmelen
Heinrich Schmelen (1776 - 1848)
Moruti
Ka Ga Ena
O tsetsweFirikgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1776
Kassebruch, Bremen-Verden
O TlhokafetsePhukwi a le malatsi a a masome mabedi le borataro ngwaga wa 1848
Komaggaus

Johann Heinrich Schmelen (o o tshotsweng ka leina la Johann Hinrich Schmelen ka Firkgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1776 a tlhokafala ka Phukwi a le malatsi a a masome mabedi le borataro ngwaga wa 1848) e ne e le morongwa wa kwa Germany gape e le moitseanape wa diteme o a neng a bereka kwa Aforika Borwa le kwa South West Africa. Fa a tsaya loeto mo kgaolong e gompieno e leng Borwa jwa Namibia o ne a tlhama mafelo a borongwa kwa Bethanie le Steinkopf. Ene le mosadi wa gagwe Zara ba ne ba ranola bontlha bongwe jwa baebele kwa puong ya Khoekhoegowab (Damara kgotsa Nama) ba gatisa le thanodi.

Botshelo jwa Pele le loeto mo Aforika

[fetola | Fetola Motswedi]

Schmelen o tsholetswe mo lolwapeng lo lo itsholetseng ka Firkgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1776 kwa Kassebruch, kwa gompieno e leng bonno jwa maemo kwa Hagen im Bremischen kwa kgaolong ya Lower Saxony. Go tila go isiwa sesoleng o ne aya kwa Lontone kwa a neng a rotloediwa ke baruti ba kereke ya Jeremane. O ne a batla go baba morongwa ebile a gakolotswe go tsena dithuto tsa boruti tsa ga moruti Janicke kwa Berlin.[1]

Morago ga go aloga o ne a romelwa kwa Aforika Borwa ka 1811. O ne a pata Christian Albrecht go ya Pella kwa bokone jwa Kapa kwa a neng a tlola noka ya Orange go direla merafe e mebotlana e le mmalwa.[1]

Motheo wa Bethanie

[fetola | Fetola Motswedi]
Ntlo yoora Schmelen kwa Bethanie

Ka ngwaga wa 1812 Schmelen o ne a laolwa go ya Namaland go bula lefelo la borongwa gaufi le lotshitshi lwa lewatle la Atlantic. O ne a tsamaya le setlhopha sa ba Nama le Orlam ba ga IUigandes. Ba ne ba goroga ka 1814,[2] Schmelen a bitsa lefelo leo Bethanie. O ne a tswelela le mosepele go ya bokone, mme a tloga a boa a tlhoma lefelo la borongwa kwa bathong ba ga Amraal Lambert ba Kailkhauan.[3]

Ntlo ya ga Schelemen kwa Bethanie, e e agilweng ka 1814 ebile e le segopotso fa e sale ka 1952, e supiwa e le kago e kgologolo go feta tse dingwe tsotlhe kwa Namibia.[4] Morago ke gone go neng ga lemogiwa kereke le ntlo ya moruti kwa Warmbad, tse di sentsweng ka 1811, di ne di le dikgologolo go gaisa Schmelenhaus,[5] le gore tshireletso ya ǁKhauxaǃnas e tla pele ga dikago tsa Yuropa.[6]

Maeto a barongwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Schmelen o tsamaile go kgabaganya Namaland a etela merafe e le mmalwa. Fa a eteste kwa Kapa ka 1818 o ne a amogela lokwalo go tswa kwa London Missionary Society, a laelwa gore a seka a boela kwa Bethanie mme a tlhame lefelo le lengwe la bodiredi kwa Bysondermaid kwa NaMaqualand (kwa e leng Kapa bokone kwa Aforika Borwa). O ne a bitsa lefelo leo Steinkopf e le leina la mongwe wa baruti ba Lontone Dr. Steinkopf.[3]

  1. 1 2 Vedder, Heinrich (1997). Das alte Südwestafrika. Südwestafrikas Geschichte bis zum Tode Mahareros 1890 [The old South-West Africa. South-West Africa's history until Maharero's death 1890] (in German) (7th ed.). Windhoek: Namibia Scientific Society. ISBN 0-949995-33-9.
  2. Dedering, Tilman (1997). Hate the old and follow the new: Khoekhoe and missionaries in early nineteenth-century Namibia. Vol. 2 (Missionsgeschichtliches Archiv ed.). Franz Steiner Verlag. ISBN 978-3-515-06872-7. Retrieved 07 October 2025.
  3. 1 2 Vedder 1997, pp. 197–199
  4. Zeller, Joachim (January 2008). U. Trüper: The Invisible Woman (book review) (in German). Humanities and Social Sciences Net online. Retrieved 07 October 2025.
  5. Dierks, Klaus. "Warmbad becomes [sic] two hundred years". Retrieved 07 October 2025
  6. Vogt, Andreas (2007). "Die ältesten Kirchen in Namibia (Teil 1)" [The oldest churches in Namibia, part 1]. Afrikanischer Heimatkalender 2007 (in German). Deutsche Evangelisch-Lutherische Kirche in Namibia (DELK). Archived from the original on 9 December 2012.