Jump to content

Helen Jepkurgat

Go tswa ko Wikipedia

Helen Jepkurgat (o itsege gape jaaka Hellen Jepkurgat; b. o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bongwe (21) ka ngwaga wa 1989) ke moatlelete yo o tsholetsweng kwa Kenya yo o gaisanang mo mabelong a sekgala se se magareng le sekgala se seleele yo o fentseng mabelo a magolo mo Afrika, United States, France le Italy. [1][2]Mo metshamekong ya Afrika ya ngwaga wa 2019 (e e neng e tshwaretswe kwa Rabat, Morocco), Jepkurgat e ne e le mongwe wa basadi ba le bararo ba ba tlhophilweng go gaisana le Kenya mo kgaisanong ya Afrika ya Half Marathon. E ne e le motabogi yo mogolo go tswa kwa Kenya mo lobelong lo mo go lone Baethiopia ba neng ba fenya. O feditse mo maemong a bone ka nako ya 1:12:29, metsotswana e se kae kwa morago ga Tola Mesetey Belete.[3][4][5]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Jepkurgat o fentse dikgaisano di le dintsi go ralala Fora, go akaretsa Tour de Tirol ya ngwaga wa 2009, Mémorial Partigiani Stellina ya ngwaga wa 2012 le Marathon Vert de Rennes ya ngwaga wa 2016.

Go fetsa ga gagwe mo maemong a bobedi kwa Nairobi Half Marathon ya ngwaga wa 2011 go mo tlhomile jaaka motshameki wa half marathon wa boditšhabatšhaba.[6] Kwa Italy, o ne a fenya halofo ya marathone kwa Torino ka ngwaga wa 2012,[7] o ne a le wa bobedi kwa Milan kwa Pauline Kahenya ka ngwaga wa 2013, o ne a fenya kwa Jesolo (ka 2014), le Piacenza (ka ngwaga wa 2015, o ne a dira 1:09:56, nngwe ya dinako tse di bonako tsa halofo ya marathone ya basadi ya ngwaga oo).[8] Go fitlha ka ngwaga wa 2023, o ne a tshwere rekoto ya tsela ya Venice-based Moonlight Half Marathon.[9]

Ka ngwaga wa 2016 Geneva Marathon, Jepkurgat o ne a dira tshimologo ya gagwe ya marathone mme a taboga le Jane Kiptoo mo mebileng ya Switzerland. Ba ne ba taboga mo maemong a bosa a a bothitho ba bapile thata, mme Jeptoo o ne a kgona go taboga mme a fenya ka metsotswana e le 12.[10]

Ka ngwaga wa 2017, o ne a fenya marathone a magolo go gaisa kwa California: Los Angeles Marathon. Mo kgaisanong eo, o ne a etelela pele basadi ba bangwe ba ba fetang 10 000, go akaretsa le Jane Kibii wa kwa Kenya le Biruktayit Degefa wa kwa Ethiopia, ba ne ba taboga dikilometara di le dintsi mo phefong e e tsididi ya didikirii di le 60 go roba rekoto mme ba fetsa ka nako ya 2:34:24.[11]

Ngwaga oo e ne e le o mogolo mo go ene. O ne a ya kwa Duluth, Minnesota, kwa Grandma's Marathon (e e neng e reeletswe ka resetšhurente e e mo kanale). O ne a simolola lobelo lwa gagwe kwa Two Harbors, kwa Minnesota, mme a taboga le batabogi ba ba di gogang kwa pele go bapa le North Shore ya Lake Superior go gapa sekgele sa maemo a ntlha. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, o ne a tswa mo maemong a bobedi mo lobelong lwa Minneapolis-to-St. Paul Twin Cities Marathon. Mo dikgaisanong tseno tse tharo o ne a gapa madi a a kana ka R60.000.

Ka ngwaga wa 2019, o ne a lelekisa Lemelem Berha wa Ethiopia go fetsa mo maemong a bobedi ka 2:31:33 kwa World Athletics Bronze-labeled BP Castellón Marathon kwa Spain. [12]O ne a taboga gape le Lisbon Marathon, gape a le fa morago ga moeteledipele (yo e neng e le Sechale Delasa wa kwa Ethiopia), a feleletsa e le wa bobedi ka metsotswana e le merataro fela. Nako ya gagwe ya bofelo e ne e le sub-2:30 (2:29:57), metsotso e le mebedi pele ga wa boraro Sule Utura.[13][14]

Ka ngwaga wa 2020, o ne a lwa le Immaculate Chemutai wa kwa Uganda kwa Thailand kwa Buriram Marathon mme a fetsa a le wa boraro ka nako ya 2:33:25.

Jepkurgat o ne a nna mo maemong a a kwa godimo a le 10 mo Marathong a Madrid ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2021 kwa Spain. Pele ga moo (ka Moranang), o ne a fenya maemo a 5th kwa Lagos Marathon kwa Nigeria.

Ka Moranang 2022, o ne a tsenela Izmir Marathon kwa Turkey, a fetsa mo maemong a boraro morago ga Lilian Chemweno le Letebrhan Haylay.[15]

Ngwaga o o latelang, o ne a fenya Abalone Marathon de Nantes kwa France ka metsotso e le mene (ka 2:40:34), a boela kwa Kenya, mme a fenya marathone wa selegae o o neng o tshegediwa ke Yunibesiti ya Lukenya.[16]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Jepkurgat o ne a dira le moemedi Marc Corstjens, yo e kileng ya bo e le mmamoratwa wa rekoto ya bosetšhaba wa kwa Belgium mo dimetareng di le 1500 le dimetara di le 800.[17]Ka ngwaga wa 2017, o ne a nna le go katisa kwa Grand Prairie, Texas.[18]

  1. Ken Young; Andy Milroy, eds. (2017). "Helen Jepkurgat". Mattole Valley, California: Association of Road Racing Statisticians. Archived from the original on 21 February 2022. Retrieved 7 February 2022
  2. "Helen Jepkurgat". Monaco: World Athletics. 2022. Archived from the original on 21 February 2022. Retrieved 7 February 2022
  3. "Injured steeplechaser Kipruto to anchor Kenyan team to Africa Games". Xinhua News Agency. Beijing, China: COMTEX News Network. 24 July 2019
  4. "Tanzania: Dar Fire Blanks At Africa Games". All Africa. Nairobi, Kenya: AllAfrica Global Media. 1 September 2019
  5. "Kenya's Ekiru makes history at African Games". Kenya Daily Nation. Nairobi, Kenya: Knowledge Bylanes. 30 August 2019.
  6. "30 October 2011: Standard Chartered Nairobi Marathon, Kenya". aims-worldrunning.org. Athens, Greece: Association of International Marathons and Road Races. 2011. Retrieved 20 February 2022
  7. Hugh Jones, ed. (2012). "2012 AIMS Event Winners". aims-worldrunning.org. Athens, Greece: Association of International Marathons and Road Races. Retrieved 20 February 2022
  8. "World's Fastest Times in 2015". aims-worldrunning.org. Athens, Greece: Association of International Marathons and Road Races. 2015. Retrieved 20 February 2022
  9. "Moonlight Half Marathon". aims-worldrunning.org. Athens, Greece: Association of International Marathons and Road Races. 2022. Retrieved 20 February 2022
  10. "Chepkwony and Kiptoo reign supreme at Geneva Marathon". Monaco: World Athletics. 8 May 2016. Archived from the original on 24 February 2022. Retrieved 20 February 2022
  11. Reid, Scott (19 March 2017). "Hellen Jepkurgat wins women's race with distinctive style". Los Angeles Daily News. Los Angeles, California. Archived from the original on 9 April 2018. Retrieved 22 February 2022
  12. Rodriguez, Quique (24 February 2019). "Etiopía manda en la Maratón de Castellón con las victorias de Belay y Berha". Cope (in Spanish). Madrid, Spain. Archived from the original on 16 April 2019. Retrieved 22 February 2022
  13. Buccellato, Marco (21 October 2019). "Mondo: maratone ancora sotto i riflettori". la Federazione Italiana di Atletica Leggera (in Italian). Rome, Italy. Archived from the original on 27 October 2019. Retrieved 22 February 2022.
  14. Wenig, Jörg (20 October 2019). "Debütantin Degitu Azimeraw läuft in Amsterdam unter 2:20 Stunden". leichtathletik.de (in German). Darmstadt, Germany: Deutscher Leichtathletik-Verband. Archived from the original on 12 May 2021. Retrieved 22 February 2022
  15. "Maraton İzmir'de yeniden rekor". CNN Turkey (in Turkish). Istanbul, Turkey: CNN. DHA. 17 April 2022. Archived from the original on 18 October 2022. Retrieved 18 October 2022
  16. "A look back at the Abalone Marathon de Nantes 2023". 3 May 2023.
  17. "Helen Jepkurgat, Kenya". sport.be. Brussels, Belgium: Golazo Personalities. 2022. Archived from the original on 8 August 2020. Retrieved 7 February 2022
  18. Pates, Kevin (18 June 2017). "Kenyan Delayed But Not Deterred". Sports. Star Tribune. Minneapolis, Minnesota. p. C6