Jump to content

Helena Moreno

Go tswa ko Wikipedia

Helena Moreno o itsege gape jaaka Helena Morena, ke motshameki wa difilimi mo Angola yo o tlhageletseng mo metseletseleng e le mmalwa ya telenovela ya Angola. O ne a bereka ele morutabana wa puo ya Sepotokisi.

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Helena Moreno o belegwe ka 28 Tlhakole 1989 kwa Luanda, Angola. [1]Lelapa la gaabo le ne le humanegile, mme legae la gagwe la bongwana e ne e le mokhukhu o o se nang difensetere mo toropong ya magae a mannye. Le fa go ntse jalo, o boletse gore bongwana jwa gagwe bo ne bo itumetse.[2]

O ne a tlhagelela la ntlha mo thelebišeneng ka 2002, fa a ne a na le seabe mo telenoveleng ya Angola ya Revira Volta. O ne a tlhagelela gape mo telenoveleng, mme mo lekgetlong leno a le mo maemong a a tsweletseng jaaka Weza Henriques Pereira mo Sweet Pitanga. Seno se ne sa dira gore a simolole go bereka mo radiong e le motshwaraditshwantshô mo thulaganyong e e bidiwang Bombástico. Go ne ga latela tiro e nngwe gape ya mofuta, fa ka 2012 a ne a tshameka jaaka Marisa Lemos mo Windeck.[1] O ne a tlotliwa ka nako ya go keteka basadi ba Angola ka 2014, mmogo le Maria do Rosário Amadeu le Nadir Taty ka go dira go tokafatsa setso sa Angola mo botaking.[3]

Kwa ntle ga boitlosobodutu, Moreno o ne gape a dira jaaka morutabana wa Sepotokisi kwa sekolong sa Amerika kwa maemong a poraemari le a sekontari.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Moreno o ne a itsise ka 2016 gore o itsholofetse le lekau la gagwe Milton Miguel,[4] mme kwa moletlong wa go belega ngwana ka Phatwe, o ne a itsise gore o emetse mosimane. O ne a bolela gore leina la ngwana, Helton, e ne e le kopanyo ya Helena le Milton.[5]

  1. "Helena Moreno Uma Talentosa Actriz" (in Portuguese). PlatinaLine. 4 April 2014. Retrieved 8 November 2017
  2. ""Houve uma vez que eu mijei-me, porque não conseguia pedir ao professor para ir a casa de banho" – Helena Moreno" (in Portuguese). AngoRussia. 7 April 2014. Retrieved 8 November 2017
  3. "Huambo: Gala de beneficência distingue mulheres mais destacadas da sociedade". ANGOP (in Portuguese). 31 March 2014. Retrieved 8 November 2017.
  4. "Actriz angolana Helena Moreno está grávida do seu primeiro filho com Milton Miguel" (in Portuguese). PlatinaLine. 3 March 2016. Retrieved 8 November 2017
  5. "Actriz Helena Moreno realiza chá de bebé do primeiro filho" (in Portuguese). PlatinaLine. 3 August 2016. Retrieved 8 November 2017