Jump to content

Helga Kohl

Go tswa ko Wikipedia

Helga Kohl ke moitsaanape wa go tsaya dinepe, o tsholetsweng kwa Poland mme a tsere boagelo mo Namibia, yo tiro ya gagwe e ikaegileng le meepo ya diteemane ye e sa tholeng eleng mo tirisong . Motseletsele wa dikago tsa gagwe tse dikgolo kwa Kolmanskop o bontsha kafa motlhaba wa sekaka sa Namib o ileng wa dira gore dikago tse di latlhilweng di boe di nne gone gape ka teng. Ke leloko la Professional Photographers in Southern Africa (PPSA) mme ditiro tsa gagwe di bontshitswe le go kokoanngwa lefatshe ka bophara, le fa e le gore o itsege thata kwa Namibia.

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Helga Kohl o belegwe ka 1943 kwa Silesia, Poland. O ne a ya kwa Germany ka 1958, Ko a ithutetseng tiro ya go tsaya dinepe a fiwa setankana se se segolwane kwa Münster Chamber of Trade. Ka 1970, Kohl a godugela kwa Namibia,Kohl a neng a Bergkamp ele motsaya dinepe go tsweng ka 1975.[ 1]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya gagwe e batlisisitse mafelo a meepo ya taemane a a latlhilweng, [ 1] segolo thata a Kolmanskop kwa sekakeng sa Namib sa borwa. [2] Ditshwantsho tsa ga Kohl di bontsha kafa toropo eno ya moepo, e e neng ya tlogelwa ka 1954, e neng ya tsosolosiwa ka teng ke makhubu a motlhaba. O ne a boela kwa lefelong leno ka masomesome a dingwaga go ya go tsaya ditshwantsho tsa lesedi le le fetogang, moriti le tsela e dikago tseno di neng di lebega ka yone. Ka nako ya fa a ne a etetse, o ne a tle a nne fa fatshe a lebile jaaka dithabana tsa motlhaba di fetoga mo dikamoreng pele ga a swetsa go tsaya dinepe. Motseletsele wa bofelo o tsere dingwaga di le nne o ntse o dirwa[2] (1993-1997).[ Ka 1997 Kohl's Elisabeth Bay series e ne ya tlhatlhoba lefelo le le latlhilweng la moepo wa taemane wa Namibia ka leina le le tshwanang. Meepo eno e ne e le teng go tloga ka 1908 go fitlha ka 1948. Ditshwantsho tsa gagwe di bontsha masalela a kafa batho ba neng ba nna mo toropong eno ya moepo ka teng. Matlotla a yone a a sentsweng ke sekaka a bontsha gore batho ba kile ba nna kae le gore nako le tlholego di amile jang ditiro tsa batho. [ 1]

Ditshwantsho tsa gagwe e ne e le "ditshwantsho tsa letshwao" tsa 2005 Rencontres Africaines de la Photographie, e e neng e tshwaretswe kwa Bamako, Mali, [1] morago ga moo di ne tsa bontshiwa boditšhabatšhaba mme tsa neelwa mabolokelo a bosetšhaba a Namibia. [2][ 5] Kohl o ne a gatisa buka ka ditshwantsho, Kolmanskop: Past and Present, ngwaga pele ga moo.Ka 2007, Kohl o ne a bontsha kwa Voies Off kwa Arles mme a simolola bonno jwa botaki kwa Bremen. Ditshwantsho tsa gagwe di ne tsa bontshiwa gape kwa dipontshong tsa 2013 kwa National Museum of African Art, Washington, D.C., Earth Matters: Land as Material and Metaphor in the Arts of Africa. Ditirô tsa ga Kohl di fitlhelwa mo mabolokelong a poraefete a boditšhabatšhaba le mo mabolokelong a setšhaba a National Art Gallery ya Namibia.[ 4]

[1] Dakin, Dagara (2015). "Helga Kohl: Elisabeth Bay (1997)". In Silva, Bisi (ed.). Telling Time: Rencontres de Bamako, Biennale Africaine de la Photographie, 10ième édition. Heidelberg: Kehrer Verlag. pp. 110–115, 431. ISBN 978-3-86828-669-4. OCLC 930776525.

[2] Milbourne, Karen (2013). Earth Matters: Land as Material and Metaphor in the Arts of Africa. New York: Monacelli Press. pp. 36–38. ISBN 978-1-58093-370-4. OCLC 918924058.

[3] Njami, Simon (2005). "Helga Kohl: Namibie". VIes Rencontres Africaines de la Photographie, Bamako 2005, Un Autre Monde. Paris: E. Koehler. pp. 78–79. ISBN 978-2-7107-0725-7. OCLC 255157667.

[4] SADC Arts and Craft Festival (2000). "Helga Kohl". SADC Arts & Craft Festival 2000 Catalogue. Windhoek, Namibia: National Art Gallery of Namibia and Ministry of Basic Education, Sport and Culture. pp. 14–15. ISBN 9789991650913.

[5] Philander, Frederick (June 15, 2007). "Namibian Photographer Again Honoured". New Era.[permanent dead link]

[6] Parker, Lonnae O'Neal (April 21, 2013). "'Earth Matters,' at National Museum of African Art, looks at humanity's ties to planet". The Washington Post. ISSN 0190-8286.