Jump to content

Hellen Jemaiyo Kimutai

Go tswa ko Wikipedia

Hellen Jemaiyo Kimutai (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le boferabobedi (28) ka ngwaga wa 1977) ke motabogi wa marathone wa kwa Kenya.

O simolotse ka go taboga go kgabaganya naga mme a nna wa bone mo lebelong la basha kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa go Kgabaganya Naga tsa IAAF tsa ngwaga wa 1993, a tsaya mmentlele wa gauta wa setlhopha le Kenya ka maduo a a itekanetseng. O ne a tlhoma nako ya rekoto ya diura di le 1:05:28 go fenya Dikilometer di le masome a mabedi (20) tsa Paris ka ngwaga wa 2000.[1]

Nako ya gagwe e e molemolemo ke diura di le 2:25:53, tse a di fitlheletseng ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2003 fa a ne a fenya Marathone wa Hamburg. Kgaisano ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba ya bagolo e ne ya tla kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Diatleletiki tsa ngwaga wa 2005, koo a neng a fetsa mo maemong a borobongwe mo Kenya mo marathoneng. Gape o ne a fenya Mmarathone wa Milan wa ngwaga wa 2005 le Mmarathone wa San Diego wa Rock 'n' Roll wa ngwaga wa 2007. O ne a emela Kenya mo marathoneng kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Diatleletiki tsa ngwaga wa 2007 mme a fetsa mo maemong a bo25.

O ne a nna wa bobedi kwa Halofo ya Mmarathone wa Berlin wa ngwaga wa 2009.[2]O ne a fenya kwa Mmarathoneng wa Toropo ya Vienna, a wetsa lobelo lono ka nako ya 2:31:08.[3]O ne a taboga kwa Marathone wa Frankfurt ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2010, mme a kgona fela go nna mo maemong a borobongwe.[4]Dikgato tsa gagwe tse pedi tsa mmarathone tsa ngwaga wa 2011 e ne e le go nna mo maemong a botlhano kwa Mmarathoneng wa Madrid le maemo a boraro kwa Mmarathoneng wa Baltimore.[5]O fentse Marathone wa Toropo ya Roma ka ngwaga wa 2012.[6]

O na le bana ba le bane le monna wa gagwe Kenneth Kibet.[6]

Diphitlhelelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Year Competition Venue Position Event Notes
Representing  Kenya
1994 World Junior Championships Lisbon, Portugal 14th (h) 1500m 4:23.79
2000 Rome City Marathon Rome, Italy 3rd Marathon 2:33:47
2003 Hamburg Marathon Hamburg, Germany 1st Marathon 2:25:53
2005 World Championships Helsinki, Finland 9th Marathon 2:26:14
Milan Marathon Milan, Italy 1st Marathon 2:28:49
2007 Rock 'n' Roll San Diego Marathon San Diego, United States 1st Marathon 2:32:40
2010 Vienna Marathon Vienna, Austria 1st Marathon 2:31:08
2012 Rome Marathon Rome, Italy 1st Marathon 2:31:11
2012 Gold Coast Marathon Gold Coast, Queensland, Australia 3rd Marathon 2:36:44
  1. Festou, Michel et al (11 October 2011). Paris 20 km. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 25 March 2012
  2. "In debut, Kipyego takes Berlin Half Marathon in 59:34". IAAF. 5 April 2009. Retrieved 5 May 2016
  3. "Beating the winds, Sugut and Kimutai take Vienna Marathon titles". IAAF. 18 April 2010. Retrieved 5 May 2016
  4. Edwards, Andy (31 October 2010). "Fast Kenyan double in Frankfurt; 2:04:57 and 2:23:25". IAAF. Retrieved 5 May 2016
  5. "2011 Women's Marathon". IAAF. Archived from the original on 18 March 2012. Retrieved 25 March 2012
  6. 1 2 Sampaolo, Diego (19 March 2012). "Kanda and Kimutai take comfortable victories in Rome". IAAF. Retrieved 5 May 2016