Heloísa Jorge
Heloísa Jorge (o belegwe ka 1 Phukwi 1984) ke motshameki wa difilimi le motsamaisi wa difilimi wa kwa Angola.
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Jorge o tsholetswe kwa motseng wa Chitato, kwa Lunda Norte Province, ke morwadia rre wa kwa Brazil le mmè wa kwa Angola, mme o na le morwarraagwe. O ne a itlhalosa e le ngwana yo o ditlhong yo o neng a na le mathata a go bua fa pele ga batho.[1]Fa a ne a le dingwaga di le 12, o ne a fudugela kwa Brazil le lelapa la gagwe go tshaba Ntwa ya Selegae ya Angola, a nna kwa Montes Claros pele.[2] Jorge o ne a simolola go ya kwa ditlelaseng tsa go tshameka metshameko kwa sekolong mme a nna karolo ya setlhopha. Fa a ne a kwala ditlhatlhobo tsa go tsena kwa yunibesithing ya Brazil a na le dingwaga di le 18, o ne a swetsa ka gore a ithute go tshameka. Jorge o ne a fudugela kwa Salvador, Bahia go ya go tsena kwa Federal University of Bahia.[1]
Fa Jorge a ntse a tsena dithuto tsa gagwe tsa go tshameka, o ne a simolola go ithuta ka mekgatlho ya loago le go tokafatsa tsela e a neng a itshepa ka yone. Ka 2007, o ne a tlhophiwa go nna mofenyi wa Braskem Award ka ntlha ya go tshameka O Dia 14, e e neng e tsamaisiwa ke Ângelo Flávio. Gape ka 2007, Jorge o ne a kwala terama ya Uma Mulher Vestida de Sol, go tlotla Ariano Suassuna.[2] O ne a aloga ka dikirii ya bonono jwa go diragatsa ka 2008.[ Ka 2009, Jorge o ne a tlhophiwa gape go nna mofenyi wa Braskem Award ka ntlha ya go tshameka mo filiming ya A Farsa da Boa Preguiça, e e neng e tsamaisiwa ke Harildo Deda. O ne a boela kwa Angola ka 2009 le setlhopha sa gagwe sa theatre, a tshameka motshameko wa Amêsa wa ga José Mena Abrantes.[1]
Ka 2012, Jorge o ne a tshameka jaaka Fabiana mo thelebisheneng ya Gabriela.[3][4] O ne a lalediwa go tsenela thelebišene ya Angola ya Jikulumessu, e e neng e rotloetsa maatla a bantsho, ka 2014. Mo go one ngwaga oo, Jorge o ne a tsamaisa lenaneo la Globo International Connections. Ka 2016, o ne a tshameka jaaka lekgoba Luanda mo lenaneong la Liberdade, Liberdade. Jorge o ne a tshameka jaaka mmaagwe yo o neng a swa Gilda Cunha Matheus mo thelebisheneng ya A Dona do Pedaço ya 2019.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ André, Fabiana (15 June 2016). "Heloisa Jorge". Rede Angola (in Portuguese). Retrieved 15 October 2020.
- ↑ Ribeiro, Naiana (31 August 2019). "Baiana de coração, Heloisa Jorge fala sobre morte de Gilda em A Dona do Pedaço". Correio (in Portuguese). Archived from the original on 12 November 2021. Retrieved 15 October 2020.
- ↑ Rodrigues, Thayná (29 January 2017). "Heloisa Jorge, no ar em 'A lei do amor', posa para ensaio de moda com tons terrosos". Extra (in Portuguese). Infoglobo. Retrieved 15 October 2020.
- ↑ Mafrans, Paulo Víctor (8 May 2016). "Heloisa Jorge, a escrava Luanda da trama das 11, chegou ao Brasil refugiada de guerra". Extra (in Portuguese). Infoglobo. Retrieved 15 October 2020.
- ↑ "Entenda a trama de 'A Dona do Pedaço', próxima novela das 9, que traz Juliana Paes e Marcos Palmeira como casal protagonista" (in Portuguese). Globo.com. 24 February 2019. Retrieved 15 October 2020