Jump to content

Hendrietta Bogopane-Zulu

Go tswa ko Wikipedia
Dr. Hendrietta Bogopane-Zulu
Mothusa tona wa ditlhabololo
In office
Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2014  Seetebosigo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 2024
PresidentJacob Zuma Cyril Ramaphosa
MinisterBathabile Dlamini

Susan Shabangu

Lindiwe Zulu
Pele Ga GagweBongi Ntuli
Mothusa tona wa lephata la basadi, bana le batho ba ba tshelang ka bogole
In office
Phalane a le masome mabedi le bone ngwaga wa 2011  Moranang a le masome mabedi le bone ngwaga wa 2014
PresidentJacob Zuma
MinisterLulu Xingwana
Mothusa tona wa ditiro tsa setshaba
PresidentJacob Zuma
MinisterGeoff Doidge Gwen Mahlangu-Nkabinde
Pele Ga GagweNtopile Kganyago
Mopalamente
In office
Motsheganong a le lesome le motso ngwaga wa 2009  Phalane a le masome mabedi le bone ngwaga wa 2011
In office
Seetebosigo a le lesome le bone ngwaga wa 1999  Motsheganong a le malatsi a supa ngwaga wa 2019
Ka Ga Ena
O tsetsweHendrietta Ipeleng Bogopane
Mopitlo a le lesome le motso ngwaga wa 1971
Moagi Wamo Aforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloSimon Zulu
Awardsdietsele tsa Henry Viscardi

Hendrietta Ipeleng Bogopane-Zulu (o o tshotsweng ka Mpitlo a le lesome le motso ngwaga wa 1971) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa le molwela ditshwanelo o o berekang e le mothusa tona wa ditlhabololo fa e sale ka Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2014. O ne a emetse African National Congress (ANC) kwa palamenteng go tswa ka 1999 go tsena 2019.

Bogopane-Zulu o tshotswe a sa bone, ke molweladitshwanelo wa batho ba ba tshelang ka bogole. Pele ga a thapiwa mo maemong a gagwe a gompieno, e ne e le mothusa tona wa basadi, bana le batho ba ba tshelang ka bogole go tswa ka 2011 go stena 2014 le ele mothusa tona wa ditiro go tswa ka 2009 go tsena 2011. Sebaka sa gagwe mo maemong a mothusa tona wa ditiro, ke ka nako ya tsheko ya Nkandlagate, ka jalo o ne a amega mo ditshekatshekong.

Botshelo jwa a le mmotlana le go lwela ditshwanelo

[fetola | Fetola Motswedi]

A tshotswe ka Mopitlo a le lesome le motso ngwaga wa 1971[1], Bogopane-Zulu o goletse kwa Bophuthatswana (kwa e leng kgaolo ya Bokone-Bophirima gompieno)[2]. O tshotswe a sena pono mme o ne a dirwa loaro fa a sale ngwana, a sala a bona go se kae.[3][2] Fa godimo ga ditlankana tsa dikolo tsa ithutelo ditiro le diploma, o na le BTech ya public relations go tswa kwa Technikon Pretoria,[2] BBA go tswa kwa Central University of Nicaragua le MBA go tswa kwa Azteca University.[4]

O tsene mo sepolotiking e le molweladitshwanelo a le matlhagatlhaga mo go lweleng ditshwanelo tsa ba na le bogole mo makgotleng a a farologaneng.[4] E ne e le mongwe wa batlhami ba lekgotla la banana la batho ba ba tshelang ka bogole kwa Aforika Borwa la Disabled Youth South Africa.[4] Ka dingwaga tsa 1996 go tsena 1999, e ne e le morulaganyi wa lenaneo la bomme ba ba tshelang ka bogole kwa lephateng la ditiro tsa setshaba le tsamaiso.[5] Ka nako eo[5], o ne a emetse dikgatlhego tsa batho ba ba tshelang ka bogole kwa khanseleng ya itsholelo, tlhabololo le ditiro le lekgotla la South African Qualifications Authority,[4] a thusa go kwala dintlha dingwe tse di amanang le go tshela ka bogole tsa molao wa pereko wa 1998 .[4][6]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Kwa morago mo palamenteng: 1999 go tsena 2009

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ditlhophong tsa 1999, Bogopane-Zulu o ne a tlhophiwa go ya palamenteng ya Aforika Borwa.[1] O ne a emetse African National Congress (ANC), o ne a setse a le leloko[3] la lekalana la phathi eo kwa Tshwane Botlhaba,[5] mme e ne e le mongwe wa baemedi ba batlhano ba ba neng ba tlhophilwe mo lenaaneng la ANC ke Disabled People South Africa.[7]

Ka setlha sa gagwe sa ntlha kwa palamenteng, Bogopane-Zulu e ne e le modulasetilo wa komiti ya palamente ya bana, banana le batho ba ba tshelang ka bogole, ka setlha sa bobedi,[8] se se simologileng morago ga ditlhopho tsa 2004, e ne e le leloko la komiti ya ditlhabololo. Ka nako eo, o ne a le matlhagatlhaga mo lekgotleng la World Blind Union,[5] kwa a berekileng mo komiting potlana ya go fetola molaomotheo.[4]

Ditiro tsa setshaba:2009 go tsena 2011

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogopane-Zulu o ne a tlhophiwa gape go boela palamenteng ka ditlhopho tsa Moranang 2009[9], ka Motsheganong a le lesome, tautona o mosha Jacob Zuma o ne a mo thapa e le mothusa tona wa ditiro tsa setshaba ka fa tlase ga ga tona Geoff Doidge.[10] E ne e le mosadi wa ntlha o o sa boneng sentle go thapiwa e le tona kgotsa mothusa tona[11], e le mongwe wa matona kgotsa ba ba thusang matona ba le babedi mo matoneng a ga Jacob Zuma[4], o mongwe e le Michael Masutha.

Go tokafatsa tshireletso ya Nkandla

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa Bogopane-Zulu a le mo lephateng la ditiro, lephata leo le ne la dumalana le tokafatso tshireletso ya lolwapa lwa ga Jacob Zuma kwa Nkandla mo go neng go ngangisanwa ka gone. Porojeke e ne ya sekasekiwa dingwaga di le mmalwa,lobaka morago ga Bogopane-Zulu a sena go tswa mo maemong ao, ene le tona Doidge ba ne ba amega mo ditshekatshekong. Ka Morule 2013, motlhatlhami wa ga Doidge, Thulas Nxesi, o ne a bega pego ya tshekatsheko ya maphata ya go tokafatsa tshiereletso; pego e e ne e supa fa Zuma a sa dira sepe se se phoso, mme ya gakolola gore Doidge le Bogopane-Zulu ba tshwanetse go tlhotlhomisiwa go ya pele go bo go na le kgonagalo ya go tlhoka go tsamaisa sentle.[12] Bogopane-Zulu o ne a latofatsa go dira sepe se seng ka fa tshwanelong, are o ne a sa botsolosiwa sentle ka nako ya dipatlisiso.[12][13]

Ka nako eo, pampiri ya Mail & Guardian e ne e kgonne go bona mokwalololo wa pego ya tshekatsheko e e neng e dirilwe ka nako e le nngwe, e e ne e diriwa ke moatlhodi mogolo Thuli Madonsela. Go ya ka Mail & Guradian, pego ya ga Madonsela e ne e supa fa Bogopane-Zulu a ne a seegetswe kwa ntle mo porojekeng ya Nkandla morago ga go botsa dipotso ka diteng tsa madi a a dirisiwang le dikonteraka.[14] Fa pego ya ga Madonsela ya bofelo e tswa ka Mopitlo 2014, e ne ya supa Bogopane-Zulu a ne a nnile le dipuisano ka letamo la go thuma kwa Nkandla; go begiwa fa a ne a ema nokeng go tlhomiwa ga letamo leo ka mabaka a tlhabololo, a re bana ba mo gae ba ka ithuta go thuma mo go lone.[15][16] Madonsela o ne afetsa gape ka gore ga gona bosupi jo bo emang nokeng mafoko a gore Dodge le Bogopane-Zulu ba nnile le seabe mo go thapiweng ga dikonteraka tsa porojeke eo. Le fa go nste jalo, Jacob Zuma o ne a genetsa se, a tsaya lotlhakore lwa ditlhotlhomiso tsa ga Nxesi a re ditlhotlhomiso tse di tseneletseng di supa ga Doidge le Bogopane-Zulu ba nnile le seabe mo go thapiweng ga makotenaraka mangwe, le ba ba neng ba rekisa dithoto.[17][18]

Basadi, bana le batho ba ba tshelang ka bogole: 2011 go tsena 2014

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phalane a le masome mabedi le bone ngwaga wa 2011, Zuma o ne a itsise fa go tlaa nna le tswakanyo e mo go yone Bogopane-Zulu a neng a thapiwa e le mothusa tona wa lephata la basadi, bana le batho ba ba tshelang ka bogole ka fa tlase ga ga tona Lulu Xingwana.[19][20] Morago o ne a re tse a di ratang mo lephateng la gagwe di akaretsa go kgona go fitlhelela dilo, lehuma le HIV/AIDS.[21]

Ditlhabololo: 2014 go tsena gompieno

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho tsa Motsheganong 2014, Bogopane-Zulu o ne a tlhophiwa gape mo setlheng sa gagwe sa bone kwa palamenteng, a thapiwa ke Jacob Zuma go nna mothusa tona wa ditlhabololo, a bereka le tona Bathabile Dlamini.[22] Dlamini le Bogopane-Zulu ba ne ba sa utlwane le go ya palamenteng, ka jalo ba ne ba kgalemelelwa go tlhoka go ya dikopanong tsa palamente.[23]

O ne a tswelela a nna mo maemong ao mo pusong ya ga motlhatlhami wa ga Zuma, tautona Cyril Ramaphosa, ka fa tlase ga matona Susan Shabangu le Lindiwe Zulu.[24] Le fa go ntse jalo, mo ditlhophong tsa 2019, Bogopane-Zulu o ne a nna mo maemong a le lekgolo, masome a mane le boraro mo lenaaneng la ANC a retelelwa ke go tlhophiwa gape;[9] Ramaphosa o ne a mo thapa gape a dirisa molao o o mo letlang go thapa bo mothusa tona ba le babedi go tswa kwa ntle ga palamente.[25]

Mananeo le melao

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2016, fa a buisa lekgotla la United Nations (UN) la ditagi mo boemong jwa lekgotla la African Union, Bogopane-Zulu o ne a kopa gore go fokodiwe kgobatso ya ditagi.[26] [27]Tsela e e ne e ya dumalanwa mo molaong wa Aforika Borwa ka lenaneo legolo la puso. Ka ngwaga wa 2020, fa a bua gape kwa bokopanong jwa UN, Bogopane-Zulu o ne a re go dirisiwe tsela ya ditshwanelo tsa setho a re ntwa ya lefatshe la ditagi e retetse le gore go ikaega ka ditago ga go a tshwanela go diriwa tlolo molao.[28]

Bogopane-Zulu o ne a kgatlha babegadikgang ka dikakanyo tsa gagwe tsa tiriso-dikgoka ya bong, mo go neng ga ngoka theetso ya setshaba ka 2019 le 2020 morago ga polao ya ga Uyinene Mrwetyana. Ka Morule 2019, ka nako ya fa a buisa bokopano jwa UN jwa tirisodikgoka kwa Johannesburg, Bogopane-Zulu o ne a re basadi ga se bone fela ba ba diragalelwang ke tirisodikgoka, mme gape ba na le seabe mo go yone.[29][30] O ne a re basadi ba godisa bana ba basimane ba ba shakgetseng, sekai fa bomme ba ba godisang bana ba le nosi ba ba itsa go bona bo rraabone[29]. Kwa moletlong wa kgwedi ya bomme ka Phatwe 2020, o ne a inolwa are kankere e na le seabe mo tirisong dikgoka ka e ama dirwe tsa tlhakanelo dikobo. Go ya ka pampiri ya dikgang ya Mail & Guardian, o dirisitse sekai sa kankere ya popelo, are fa mosadi a le mo botlhokong, a le mo kalafing, ga a ka ke a kgona go diragatsa tiro ya gagwe ya lonyalo ya tlhakanelo dikobo le mmati wa gagwe, ka jalo ba dirisiwa ka dikgoka.[31] O ne a kwala motseletsele wa di tweets a tlhalosa kakanyo e.[32] Fa ba tsiboga, Sonke Gender Justice ba ne ba dumalana gore go tshwenyega mo maikutlong mo gobakiwang ke malwetse go ka baka tlhoka kutlwano mo lonaylong, mme ba re:

Tse di bakang tiriso dikgoka ya bong di fitlhelwa mo tlhoka tekatekanong ya go gatelelwa ke borre, go tlhoka go nna le ditshono tse di tshwanang le tlhaolele...go amanya tiriso dikgoka ya bong le kankere ke go itlhokomolosa tse di bakang ebile e le go nyatsa tiro e e diriwang e le go leka go rarabolola bothata jo mo setshabeng.[33]

Ka nako ya segajaja sa COVID-19 kwa Aforika Borwa, Bogopane-Zulu o ne a thapiwa go nna moeteledipele wa kamore ya ntwa ya lephata la ditlhabololo, tiro ya bone e le go netefatsa gore batho ba bona madi a dithuso.[34] O ne a tsenwa ke mogare wa COVID-19 ka Phukwi 2020.[35]

Matlhabisaditlhong a go thapa ka losika

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong 2020, pampiri ya City Press e ne ya bona kgatiso ya mantswe ya 2016 ya puisano ya ga Bogopane-Zulu le Zwidofhela Mafoko, o ka nako eo e neng e le mokwadisi mo ofising ya gagwe le monna wa setlogolo sa gagwe. Mo kgaitisong eo, Bogopane-Zulu o utlwiwa a bolelela Mafoko gore o tlaa kopa gore a akarediwa mo maetong a mane a mafatshea sele, gore a kgone go dirisa madi a maeto go duelela setlogolo sa gagwe bogadi.[36] Thulaganyo e e ne e bonwa e le go thapa ka losika,[37][38] mme Bogopane-Zulu o ne a latotsa gore ga go kafa molaong are:

Ga ke a dirisa madi a setshaba botlhaswa; ebile ga ke a gakolola kgotsa gorotloetsa ope go duelwa go feta ka fa melao ya pereko ya setshaba e laolang ka teng...le mo kgatisong eo, ke mme mo go nna o o lekang go thusa mo Aforika Borwa o mmotlana o o lekang go dira sengwe se se siameng...ke dirisitse se se leng teng go leka go thusa, ke sa tlole molao. Ke boditse gore, ke ka dira eng go thusa? ebile ke santse ke supa gore ke motho o o tlotlang melao ya Aforika Borwa. Go thusa ke selo se ke leng sone. Fa motho a tla kwa go nna, ke a mo thusa. Fa ke kopiwa kgakololo, ke a e fa. Go utlusa botlhoko gore selo se se e seng sa setshaba se bo se le mo dipampiring.[36]

Ka Ngwanatsele 2009, Bogopane-Zulu o ne a fiwa tlotla kwa dietseleng tsa top Women kwa Johannesburg, e le mosadi o o kwa godimo mo go direleng setshaba.[39] Ka go lwela ditshwanelo ga gagwe, o ne a amogela seetsele sa Henry Viscardi ka 2017.[40]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogopane o nyetswe ebile o na le bana ba basetsana ba le bararo, ba le babedi ba na le bogole jwa pono.[4][41] O nnile le ngwana wa gagwe wa ntlha a sale mmotlana.[3] O ne a robadiwa kwa sepateleng malatsi a le lesome ka Firikgong 2014, a sena go wa kwa lwapeng.[42]

Ka nako ya ga Bogopane-Zulu kwa lephatneg la tsa pereko, monna wa gagwe, Simon Zulu o ne a thapilwe e le mongwe wa bathusi, pele e le mothusi wa ditsamaiso le e le mothusi wa mongwe.[6] Ka Ngwanatsele 2010, pampiri ya Sunday Independent e ne ya bega gore Zulu o tlhotlhomisiwa ka kgang ya go tshwenya ka tsa tlhakanelo dikobo morago ga ngongora ya leloko le le botlaana la babereki ba ga Bogopane-Zulu. Mo dilong tse dingwe, mongongoregi o ne a re Zulu o mo romeletse melaetsa a bo a mo tshosetsa gore o tlaa kobiwa fa a sa tlhakanele dikobo le ene.[6][43] Pampiri e ne ya bega gape gore mongongoregi o ne a akaretsa magatwe a gore Bogopane-Zulu o itse ka matshwenyego a, a a boleletswe ka Phukwi 2010, mme o ne a rotloetsa mosadi o o gore a dire jaaka e kare ga go ise go diragale sepe, fa e kwala ka tse di diragetseng ka Zulu.[6]

  1. 1 2 "General Notice: Notice 1319 of 1999 – Electoral Commission: Representatives Elected to the Various Legislatures" (PDF). Government Gazette of South Africa. Vol. 408, no. 20203. Pretoria, South Africa: Government of South Africa. 11 June 1999. Retrieved 02 December 2025
  2. 1 2 3 "Deputy Minister Bogopane-Zulu takes us on her journey of living with disability" (PDF). Pfanelo. 3. December 2012 – via South African Human Rights Commission.
  3. 1 2 3 Thornycroft, Peta (27 July 2001). "Disabled take struggle to Parliament". The Braille Monitor. Retrieved 02 December 2025
  4. 1 2 3 4 5 6 7 8 "Deputy Minister: Hendrietta Ipeleng Bogopane-Zulu, Ms". Department of Social Development. Archived from the original on 8 July 2023. Retrieved 02 December 2025
  5. 1 2 3 4 "Hendrietta Ipeleng Bogopane-Zulu, Ms". South African Government. Retrieved 02 December 2025
  6. 1 2 3 4 "Minister in sex scandal". IOL. 7 November 2010. Retrieved 02 December 2025
  7. Watermeyer, Brian; Swartz, Leslie; Lorenzo, Theresa; Schneider, Marguerite; Priestley, Mark, eds. (1 April 2007). Disability and Social Change: A South African Agenda. HSRC Press. p. 70. ISBN 978-0-7969-2137-6.
  8. "Election of chairperson". Parliamentary Monitoring Group. 19 October 1999. Retrieved 02 December 2025
  9. 1 2 "Hendrietta Ipeleng Bogopane-Zulu". People's Assembly. Retrieved 02 December 2025
  10. "Statement by President Jacob Zuma on the appointment of the new Cabinet". South African Government. 10 May 2009. Retrieved 02 December 2025
  11. "Blind group praises Zuma". News24. 11 May 2009. Retrieved 02 December 2025
  12. 1 2 "'Nothing to hide' says Bogopane-Zulu". eNCA. 23 December 2013. Archived from the original on 22 July 2023. Retrieved 02 December 2025
  13. "I'm not carrying can for Nkandla, says former minister". The Mail & Guardian. 22 December 2013. Retrieved 02 December 2025
  14. "Nkandla report: Payback time, Zuma". The Mail & Guardian. 28 November 2013. Retrieved 02 December 2025
  15. "Nkandla: It's a swimming pool, not a fire pool". News24. 19 March 2014. Retrieved 02 December 2025
  16. "Phiyega's Nkandla fire pool claim still a burning issue for ANC". The Mail & Guardian. 27 March 2014. Retrieved 02 December 2025
  17. "The Nkandla 'hit list'". News24. 15 August 2014. Retrieved 02 December 2025
  18. "Jacob Zuma's architect: 'I won't pay'". News24. 17 August 2014. Retrieved 02 December 2025
  19. "Zuma replaces ministers". News24. 24 October 2011. Retrieved 02 December 2025
  20. Wet, Phillip De (24 October 2011). "Zuma announces far-reaching cabinet reshuffle, suspends Cele". Daily Maverick. Retrieved 02 December 2025
  21. "Breaking barriers for people with disability". Vuk'uzenzele. November 2013. Retrieved 02 December 2025
  22. Hogg, Alec (25 May 2014). "Full List of Jacob Zuma's 2014 cabinet – all the Ministers and Deputies". BizNews. Retrieved 02 December 2025
  23. Makinana, Andisiwe (7 May 2017). "Bathabile bunks Parly meetings". News24. Retrieved 02 December 2025
  24. Nicolson, Greg (29 May 2019). "Ramaphosa cuts Cabinet from 36 to 28 ministers, half of whom are women". Daily Maverick. Retrieved 02 December 2025
  25. "Current composition of the newly sworn-in 6th Parliament". Parliament of South Africa. 6 June 2019. Retrieved 02 December 2025
  26. "It's time to end SA's war on drugs". The Mail & Guardian. 29 June 2017. Retrieved 02 December 2025
  27. Howell, Simon (17 March 2016). "Deputy Minister of Social Development indicates commitment to harm-reduction efforts for substance use despite troubles". University of Cape Town. Retrieved 02 December 2025
  28. "The case for decriminalising personal drug use". The Mail & Guardian. 3 October 2020. Retrieved 02 December 2025
  29. 1 2 Maphanga, Canny (4 December 2019). "'We raise angry boys' – deputy minister says women also to blame for gender-based violence". News24. Retrieved 02 December 2025
  30. Head, Tom (4 December 2019). "Deputy Minister causes a stir, says "women also responsible for GBV"". The South African. Retrieved 02 December 2025
  31. "Real action on gender-based violence a pipe dream as women die every day". The Mail & Guardian. 27 August 2020. Retrieved 02 December 2025
  32. "Bogopane-Zulu causes a stir after cancer gender-based violence tweets". The Citizen. 22 August 2020. Retrieved 02 December 2025
  33. McCain, Nicole (22 August 2020). "Social development deputy minister claims cancer causes gender-based violence". News24. Retrieved 02 December 2025
  34. Masuabi, Queenin (29 March 2020). "Lockdown: Government admits shortcomings, puts correctional measures in place". City Press. Retrieved 02 December 2025
  35. Shange, Naledi (13 July 2020). "'I feel fine,' says deputy minister Hendrietta Bogopane-Zulu after positive Covid-19 test". Sunday Times. Retrieved 02 December 2025
  36. 1 2 Fengu, Msindisi (27 January 2020). "Deputy minister bust in lobolo 'subsidy'". City Press. Retrieved 02 December 2025
  37. Malala, Justice (3 February 2020). "Zweli Mkhize and Hendrietta Bogopane-Zulu should fall on their swords over nepotistic crimes". Business Day. Retrieved 02 December 2025
  38. Ntsaluba, Gcina (28 January 2020). "Deputy minister might have to pay back 'S&T lobola money'". The Citizen. Retrieved 02 December 2025
  39. "The Top Women Awards winners announced". Media Update. 20 November 2009.
  40. "2017 Henry Viscardi Achievement Awards recipients". Viscardi Center. Archived from the original on 4 January 2018. Retrieved 02 December 2025
  41. "My disabled children keep me going – Deputy Minister". South African Government News Agency. 3 December 2014. Retrieved 02 December 2025
  42. "Deputy minister discharged from hospital". News24. 30 January 2014. Retrieved 02 December 2025
  43. "Husband accused of being sex pest". Mercury. 3 December 2010. Retrieved 02 December 2025