Hendrik Samuel Witbooi
Hendrik Samuel Witbooi ( o o tshotsweng ka Seetebosigo a rogwa ngwgaa wa 1906 a tlhokafala ka Phukwi a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1978) e ne e le kgosi wa Khowesin, morafe wa Orlam kwa borwa bophirima jwa Aforika kwa e leng Namibia gompieno. O tsholetswe kwa Gibeon; Hendrik Witbooi e ne e le rraagwemogolo. O ne a tlhophilwe go tlhatlhama malomaagwe ebong David Witbooi o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1955.[1]
Gammogo le Hosea Kutako, Samuel Witbooi o ne a tsaya karolo mo go kwalweng ga kopo e e yang kwa United Nations ka ngwaga wa 1947 go tsenya lefatshe la Namibia ka fa tlase ga tlhokomelo ya Britain. Kopo e ne ya bewa monwana kwa letsatsing la moletlo le bokopano jwa Herero, ya bewa fa pele ga lekgotla la United Nations ke moruti Michael Scott, ka Kutako le Witbooi ba ne ba sa letlelelwe go tswa mo kgaolong ya borwa bophirima jwa Aforika.[2] Ka ngwaga wa 1956, Witbooi o ne abuisa UN gape, mo boemong jwa banni ba borwa-bophirima jwa Aforika ba e seng ma Yuropa.[3] Maduo e ne ya nna gore UN e gane kopo ya go kgaoganya borwa-bophirima jwa Aforika le go neela dikgaolo tsa borwa lefatshe la Aforika Borwa.[1] Ba ne ba ba atolosa tlhokomelo ya bone kwa kgaolong e o ka ngwaga o mongwe.
Witbooi o ne a le kgatlhanong le tsamaiso ya Aforika Borwa ya thuto ya batho bantsho e e neng e tlhatetsa baithuti bantsho thuto e e lolameng. O ne a tlhama sekolo se se ikemetseng sa kereke ya African methodist Episcopal, se se neng se dirisa puo ya sekgoa go ruta. O ne a le kgatlhanong le molao wa kgaogano ya batho ka mmala. Fa godimo ga foo o ne a le kgatlhanong le go patelediwa go nna mo lefelong ga batho ba Gami go tswa kwa Warmbad go ya Gibeon. Ka Ngwanatsele ngwaga wa 1967 o ne a gakolola batho ba Gami kwa Warmbad go gana maano ape a go ba fudusa a Aforika Borwa. Witbooi o ne a nna bontlha jwa SWAPO ka ngwaga wa 1977 mme a tlhokafala moragonyana ka 1978. Hendrik Witbooi Jr o ne a mo tlhatlhama go nna kgosi ya IKhowesin.[1]
Hendrik Samuel Witbooi o supiwa e le mogaka wa kgaratlho ya boipuso ya Namibia. O itsege ka kinolo e e reng: "Ga ke batle go nna le bontlha jwa lefatshe la rona - ke batla go nna le Namibia otlhe", e e neng ya baka go lebisiwa molato ke batsamaisi ba Aforika Borwa.[1] Kwa ntle ga Tintenpalast kwa Namibia, go na le sehikantswe sa gagwe.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, W". Retrieved 2 October 2025.
- ↑ Vigne, Randolph (7 July 2006). "Michael Scott, 'a troublemaker' who helped people of Namibia". The Namibian.
- ↑ Kössler, Reinhart (1998). "Traditional communities and the state in Southern Africa" (PDF). Africa Spectrum. 33 (1): 19–37.
- ↑ "Monuments". Visit Windhoek. Archived from the original on 7 March 2011. Retrieved 02 October 2025.