Jump to content

Hendrik Witbooi (kgosi ya morafe wa Nama)

Go tswa ko Wikipedia
Hendrik Witbooi
Kgosi ya Ikhowesin
ReignPhukwi a le lesome le bobedi ngwaga wa 1888 go tsena Phalane a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1905
PredecessorMoses Witbooi
SuccessorIsaak Witbooi
Tsalo1830
Pella, kwa Kapa
Leso1905
Gaufi le South West Africa

Hendrik Witbooi (o o tshotsweng ka 1830  a tlhokafala ka Phalane a le malatsi a a masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1905) e ne e le kgosi ya batho ba IKhowesin, morafe wa Khoekhoe. O ne a eteletse pele Ba Nama ka nako ya tsuologo ya bone kgatlhanong le bogosi jwa bokolone kwa e leng Namibia gompieno, fa go amangwa le ditiragalo tsa kganyaolo ya BaHerero le Ba Nama. O ne a bolawa mo tiragalong ka Phalane a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1905. Witbooi o supiwa e le mongwe wa bagaka ba Namibia, sefatlhego sa gagwe se supiwa mo mading a Namibia a masome a matlhano, lekgolo le makgolo mabedi.

Kaptein Hendrik Witbooi (le le kwalwang e le Witboi gape) o ne a itsege gape ka leina la Nama !Nanseb IGabemab le leina la metshamekwane la Kort ka Hereri Korota kgotsa Otjikorota.[1]

Lolwapa le botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Lolwapa lwa ga Hendrik Witbooi lo ne lo beile lotshwao jaaka maloko a a botlhokwa a morafe wa Nama. Rraagwemogolo, David Witbooi, e ne e le kgosi ya morafe, o a neng a eletse pele morafe go kgabaganya noka ya Orange go ya Namaland. Rraagwe, ebong Moses Witbooi, le ene e ne e le kgosi ya morafe. Malomaagwe, Jonker Afrikaner, e ne e le kgosi ya Nama e e itsegeng, a le kgatlhanong le Hendrik Witbooi. Jonker Afrikaner e ne e le morwa Jager Afrikaner. Hendrik Witbooi ene o ne a na le bana ba basimane ba le supa le basetsana ba le batlhano, ba akaretsa morwae Isaak Witbooi.

Witbooi o tshotswe pele ga ngwaga wa 1830 kwa Pella, kwa bokone jwa Kapa kwa gompieno e leng bontlha jwa Aforika Borwa. O rutilwe ke morongwa wa Jeremane Johannes Olp a itse dipuo di le mmalwa, di akaretsa ya Ba Nama. E ne e le leloko la BaNama, ba itsege gape e le Khoekhoe.

Morafe wa Ikhowesin Nama le merafe e mengwe ya Nama ba ne ba lwantshana le merafe e mengwe ya BaHerero. Morago ga go batla go bolawa mo ntweng kgatlhanong le BaHerero, o ne a nna le tebelopele ya gore o tlhophilwe ke Modimo go etelela pele batho ba ga bone go ya bokone.

Witbooi o tsene sekolo kwa Rhenish le Wesleyan Methodist School kwa Namibia le kwa Wilberforce Institute kwa Aforika Borwa. Pele o ne a bereka e le morutabana ka ngwaga wa 1856 kwa Keetmanshoop, a ya kwa Maltahohe ka 1859 a boela kwa Gibeon ka 1865 e le kopo ya setshaba le kereke go agela mo metheong e e tlhamilweng ke rraagwe o a neng a setse a godile.

  1. "K.F.R. Budack (1972): Die traditionalle politische Struktur der Khoe-khoen in Südwestafrika. PhD thesis, Univ. of Pretoria, p.256